Source,utime,Text SABCDikgangTsaSetswana,1569174409,"20DIKGANG SABC e ganetse dipego tsa gore e sireletsa bangwe ba badiri ba yone gore ba se tseelwe dikgato tsa kgotlatshekelo.Komishine e e ka ga go tsweletsa le go sireletsa setso, e tlhalositse fa e tshositswe le go tshwenngwa ke mokgwa o basadi, ba ba nyetsweng ka mokgwa wa manyalo a a rulagantsweng a setso, ba sotliwang ka gone." SABCDikgangTsaSetswana,1569171095,"19DIKGANG Basetsana ba le dikete di le thataro kwa metseng e le some a mabedi le bone mono North West, ba imile gongwe ba setse ba belegile ba le dingwaga di simolola go lesome le bongwe.Presidente ya mokgatlho taolo wa lefatshe wa kgwele ya dinao FIFA, are mokgatlho wa gagwe o netefaleditswe ke Iran, gore basadi ba tla letlwa go tsena bogela metshameko ya kgwele ya dinao ya banna,go simolola ka motshameko o o latelang wa bodichabachaba." SABCDikgangTsaSetswana,1569168921,"Motho Wetsho Madume go tsa ura le ura tsa tshokologo eno o santse o di buisediwa ke Mpho Lepedi tsone re di simolola ka gore18DIKGANG ANC kwa Northern Cape e boetse e thulana le balekgotla ba yone, ba ba ntseng ba ikgatholosa tsamaiso ya lekoko.Batlhankedi ba setheo se ntlha mo lefatsheng sa ngwao boswa e leng iSimangaliso Wetland ba re go santse go tshwanetse ga dirwa go le gontsi go fokotsa seelo se se kwa godimo, sa go tsoma ditshukudu go se ka fa molaong mo Afrika Borwa." SABCDikgangTsaSetswana,1569148894,13h00 Mokhuduthamaga wa lefapha la dipalangwa kwa Limpopo Dickson Masemola o rometse molaetsa wa matshidiso go malapa a batho ba le lesome le bongwe ba ba tlhokafetseng mo kotsing ya dijanaga tse pedi kwa tseleng ya R37 kwa Ga Chuene gaufi le Polokwane. SABCDikgangTsaSetswana,1569142751,11h00 Mapodisi a boloditse dipatlisiso ka ga se se bakileng kotsi ya dijanaga tse pedi kwa tseleng ya R37 kwa Chueniespoort gaufi le Polokwane kwa Limpopo. Go tlhokafetse batho ba le lesome le bongwe ba tlhokafetse mo kotsing EO. SABCDikgangTsaSetswana,1569141369,11h00 Mokgatlho wa badiri DEMAWUSA o gatelela gore straeke sa Metrobus se tlile go tswelela beke eno. SABCDikgangTsaSetswana,1569139020,10h00 Go ikabela lefatshe go se mo molaong e santse e le tlhobaboroko kwa Kimberley kwa Northern Cape. SABCDikgangTsaSetswana,1569131413,"08h00 Balelapa la moithuti wa kwa Durban University Sandile Ndlovu yo a tlhabilweng mo tlhogong fa a ne a bala ka fa teng ga phapusi ya tlhatlhelelo kwa khempaseng, ba batla gore yunivesiti e rebole kgatiso ya tiragalo eo." SABCDikgangTsaSetswana,1569091636,"21DIKGANG DA kwa Johannesburg e latofaditse ANC ka go kgoreletsa tlamelo ya ditirelo kwa mmasepaleng oo.Afrika e a utlwalelwa ke ditlamorago tse di sa isegeng tsa phetogo ya klaemete.Ka go rialo ya ga Mpho Lepedi le Bahedile Selogilwe tema e wela fa, go fitlha re kopana kamoso ka ura ya borataro tshokologo a e nne boroko" SABCDikgangTsaSetswana,1569087817,20DIKGANG Dipresente di le 40 tsa maAfrika Borwa a a mo seemong sa go adima madi ba tshelela mo dikolotong.Saudi Arabia ya re Iran e rwele maikarabelo a ditlhaselo ka diMissile tse di tsweleditsweng kwa ditheong tsa oli tsa naga eo beke e e fetileng. SABCDikgangTsaSetswana,1569084995,"19DIKGANGLefapha la boitekanelo la re go na le tlhaelo ya melemo e e rileng ya malwetse a tlhaloganyo mo maokelong a botlhe. Sebako sa tlhaelo eno ke go tlhagisiwa ga melemo eno ka ntlha ya ditshupetso kwa ditheong tse di tlhagisang melemo eno.Kantoro ya mokomishinara wa dichaba kopano mo mererong ya batshabi e itsisitse fa e tlile go gagamatsa tsibogo ya yone le tiro ya yone mo Afrika Borwa, go netefatsa fa bafudugedi le batshabi ba sireletsegile mo nageng eno." SABCDikgangTsaSetswana,1569080778,"Motho Wetsho Madume go tsa tshokologo eno tsa ura le ura o di buisediwa ke Mpho Lepedi a patilwe ke Bahedile Selogilwe mo botlhagising mme tsone re di thankgolola ka gore18DIKGANG Lekoko la SACP le kgadile se go tweng ke go gapiwa ka dikgoka, ga moeteledipele wa mokgatlho wa dingaka tsa kwa Zimbabwe Peter Magombeyi.Balatedi ba Rugby kwa Pretoria ba ba neng ba bogetse motshameko wa sejana sa lefatshe magareng ga New Zealand le diSpringbok ba tlhagisitse maikutlo a a farologaneng go latela go latlhegelwa ga setlhopa seo sa bosechaba sa rugby." SABCDikgangTsaSetswana,1569059192,12h00 SABC ya re e batlisisa go sutlhisiwa ga tshedimosetso mo tirelong kgaso eno ya setshaba. Seno ke morago ga gore go sutlhisiwe memorantamo o motlatsa monnasetilo Mamodupi Mohlala a o kwadileng. Memorantamo oo o ikuela gore go tlhamiwe komishene e e tla batlisisang magatwe a le mmalwa a a amanang le merero ya badiri mo SABC. SABCDikgangTsaSetswana,1569037069,"06h00 Kantoro ya mopresidente wa pele Jacob Zuma ya re e tla tshwaela ka ga tshwetso ya mohumagadi wa gagwe Nompumelelo Ntuli Zuma yo a itsegeng ka MaNtuli, ya go ikgolaganya le kgotlatshekelo morago ga go ikgolaganya le babueledi ba ga Zuma. Tshwetso ya ga MaNtuli e tla morago ga gore bothati ba bosetshaba ba bosekisi NPA bo gane go mo sekisetsa magatwe a go jesa monna wa gagwe botlhole." SABCDikgangTsaSetswana,1569037031,06h00 Motlatsa tona ya lefapha la dimenerale le Energy Bavelile Hlongwa o tlile go bolokwa gompieno. Hlongwa le batho ba bangwe ba le babedi ba tlhokafetse ka nako e baneng ba leka go thusa batho ba ba neng ba menogile ka sejanaga kwa tsela fefong ya N1 gaufi le tselakgethiso ya Carousel kwa bokone ba Pretoria mo bokhutlong ba beke e e fetileng. SABCDikgangTsaSetswana,1568969493,"Mosadi wa dingwaga di le 24 yo a bonweng molato wa go bolaya bana ba gagwe ba le 4 o atlholetswe go nna botshelo ba gagwe botlhe kwa kgolegelong makgetlho a le 4 ke kgotlhatshekelo kgolo ya Middleburg e e tseneng kwa Mpumalanga le Kgotlhatshekelo ya mmagistrata wa Butterworth kwa Eastern Cape e atlhooletse monna wa dingwaga di le 28 go nna kwa kgolegelong dingwaga di le 19, tebang le petelelo kwa kgotlhatshekelo ya mmagistrata wa Butterworth kwa Eastern Cape. Tse le tsedingwe ka botlalo le Reoneetswe Mercedes Nkoane mo ureng ya bolesome le bongwe.iframe width560 height315 srchttpswww.youtube.comembedVgZq4DZ2jGQ frameborder0 allowaccelerometer autoplay encryptedmedia gyroscope pictureinpicture allowfullscreeniframe" SABCDikgangTsaSetswana,1568967209,"10 Dikgang Tsala ya DMK tema e felela fa, Itumelele letsatsi la ngwao beke e e tlang akere. Go fitlha re kopana gape Bothati ba bosetshaba ba bosekisi NPA bo sweditse go se sekise ope tebang le magatwe a go tshelela mopresidente wa pele Jacob Zuma botlhole. Go kaiwa mokaedi wa bosekisi ba bosetshaba wa nama o sa tshwere kwa Kwa Zulu Natal Advocate Elaine Zungu a kwaletse lephata la the Hawks lekwalo, leo mo go lone a reng ga go na bopaki go ka tswelela ka kgetseBa ditirelo tsa letseno mo Afrika Borwa SARS ba re ba santse ba kgaratlhela go boelwa ke diranta di le dimillione ya ditshenyegelo tsa semolao go tswa go mokomishenara wa pele tom Moyane. O sekegile ka Mopitlwe ngogola." SABCDikgangTsaSetswana,1568963968,09 Dikgang Ditshupetso tse di tletseng tiriso dikgoka di tsweletse kwa bogare ba toropo ya Roodepoort kwa bophirima ba Johannesburg. Bothati bo gakolola bakgweetsi go tila kgaolo eo.The National Freedom Party NFP ya re dipuo tsa bantsho mo Afrika Borwa di tswelela go ikgatholosiwa lefa gone molaotheo wa naga o rotloetsa tiriso e e lekanang go dipuo tsotlhe. SABCDikgangTsaSetswana,1568956566,08 Dikgang The National Freedom Party NFP ya re dipuo tsa bantsho mo Afrika Borwa di tswelela go ikgatholosiwa lefa gone molaotheo wa naga o rotloetsa tiriso e e lekanang ya dipuo tsotlhe.Lefapha la bojanala le tlhagisitse matshwenyego a lone ebang le seelo sa bosenyi se se oketsegang mo Afrika Borwa. SABCDikgangTsaSetswana,1568953462,07 Dikgang Moatlhodi Segopotje Mphahlele wa kgotlatshekelo kgolo e e tshwaretsweng kwa Middleburg Mpumalanga o tlile go rebola katlholo moso ono kgatlhanogn le Zinhle Maditla yo o latofadiwang ka go bolaya bana ba gagwe ba le 4 ka go ba tshelela botlhole.Go solofetswe katlholo gompieno kwa kgotlatshekelo ya badiri mo morerong wa setraele sa Johannesburg Metrobus. Metrobus e golagane le kgotlatshekelo go senka lekwalo la kgotlatshekelo go thibela setraeke. SABCDikgangTsaSetswana,1568951378,06 Dikgang Tirelo phitlho ya motlatsa tona ya diminerale le Energy Bavelile Hlongwa e tlile go tshwarelwa kwa Durban International Convention Centre kamoso.The Ndlovu Youth Choir e solofetswe go boela mono nage sigo jono morago ga go fofisa folaga ya Afrika Borwa kwa godimo kwa kgaisanong ya Americas Got Talent. Kwaere eo e sutlheletse kwa maemong a ntlha a le 5 kwa difaenaleng koo ba ntsheditsweng ntle gone. SABCDikgangTsaSetswana,1568948013,"05 Dikgang Tsala madume DMK le wena moso ono e mmogo Go dikgang tse di itumedisang go badirisi morago ga komiti ya banka ya Reserve e e ka ga matlole e swetse ka bongwefela jwa pelo go tsholo seelo seo e adimang dibanka tse dingwe madi ka sone Repo rate se sa fetolwa se le go 6 point 5 percent.Go begwa ngaka ya kwa Zimbabwe Peter Magombeyi, yoo go tweng o thopilwe ke badiri ba puso o golotswe. Se ke go ya ka mokaedi wa borwa ba Afrika wa mokgatlho o o elang tlhoko ditshwanelo tsa botho Dewa Mavhinga." SABCDikgangTsaSetswana,1568867766,"07 Dikgang Mmatlisisi mogolwane kwa lephateng la twantsho ya bosenyi la the Hawks Kobus Roelofs o tlile go tswelela ka bopaki ba gagwe kwa komisheneng e e tlhotlhomisang go tlhotlhelediwa ga ditshweetso tsa puso kwa Parktown Johannesburg, gompieno.Tona ya mapodisi Bheki Cele a re o tshwenngwa ke mokgwa o o oketsegang wa bana ba bonnye ba dingwaga di le 12 ba baka bosenyi jo bo masisi go tshwana le petelelo le polao, go le gale ke kgatlhanong le bana ba bangwe." SABCDikgangTsaSetswana,1568863772,"06 Dikgang Lefapha la thuto kwa Gauteng le simolotse go rebolela barutwana ba Grade 1 le 8 phatlha ya go tsena sekolo ngwaga o o tlang. Lefapha la re tsamaiso eno e tlile go tswelela go fitlha mo bokhutlong ba kgwedi e e tlang.Leeto la Ndlovu Youth Choir kwa kgaisanong ya Americas Got Talent le khutlhile, morago ga gore setlhopa seno se retelelwe ke go tlhagelela kwa maemong a kwa godimo a le 5 mo kgaisanong eno." SABCDikgangTsaSetswana,1568861499,05 DikgangTsala madume ke DMK le wena moso ono re mmogo Puso ya re e tlhamile se se bidiwang emergency plan e e tlile go diragadiwa mo dikgweding d ile 6 tse di tlang jaaka karolo ya go samagana le tiriso dikgoka kgatlhanong le basadi.Go santse go tlhokega diranta di le dibillione go fedisa mathata a Asbetos go ralala naga. Se se runtse kwa Waste management Khoro and Land Remediation Summit kwa Kimberley. SABCDikgangTsaSetswana,1568796242,"Kgotlhatshekelo ya molaotheo e atlhotse gore go otlhaya ngwana ka mokgwa wa go mo itaya ga go tsamaisane le molaotheo, le Infleishene ya badirisi mo no Afrika Borwa e oketsegile ka 4 point 3 percent ka Phatwe monongwaga, go tswa go di le 4 ka Phukwi.. Tse le tsedingwe ka botlalo le Roneetswe Mercedes Nkoane mo ureng ya bo lesome le bongwe mo Motsweding FM." SABCDikgangTsaSetswana,1568778386,"06 Dikgang Moitseanape wa dipolotiki Zamikhaya Maseti a re barongwa ba ba kgethegileng bao mopresidente Cyril Ramaphosa a ba rometseng go ralala kontinente, ga ba tshwanela go lopa maitshwarelo mme fela e nne kgalemo e e popota go mebuso e e farologaneng, go netefatsa fa baagi ba bone ba obamela melao fa ba le mo Afrika Borwa.Baemedi ba kgotla bosetshaba ya diprofense NCOP le maloko a palamente ba tlile go kopana mmogo gompieno go tsena kopano e e kgethegileng e e tshwaraganetsweng ya palamente e e kuilweng ke mopresidente Cyril Ramaphosa." SABCDikgangTsaSetswana,1568778144,"05 Dikgang Tsala madume ke DMK re mmogo moso ono Mokaedi wa bosetshaba wa bosekisi Advocate Shamilla Batohi a re o isitse Dokete ya Life Esidimeni go tsweletsa ditlhotlhomiso tsa semmuso kwa go moatlhodi wa kgotlatshekelo kgolo kwa Pretoria, morago ga go sekaseka dintlha tsotlhe, dipegelo le tshedimosetso e e leng teng.Mopresidente wa pele wa ANC Thabo Mbeki a re Zimbabwe e ne ya tshwanela ke go diegisa tsamaiso ya yone ya ntshwafatso ya mafatshe ka dingwaga tsa bo 1990 sebaka sa dingwaga di le 10 gore ANC e kgone go atlega mo ditherisanong le puso ya Apartheiti mo Afrika Borwa." SABCDikgangTsaSetswana,1568717288,"Setheo sa Nelson Mandela Foundation sa re se amogela katlholo ya gompieno ya kgotlhatshekelo mo kgetseng kgatlhanong le mokhuduthamaga mogolo wa AfriForum Ernst Roets, le SABC ya re e tshegeditse ditlhokwa tsotlhe tsa lefapha la bosetshaba la matlotlo tebang le go tlamelwa ka namolo ya diranta di le dibilione di le 3 tseo e di lopileng. Tse le tsedingwe ka botlalo le Reoneetswe Mercedes Nkoane mo ureng ya bongwe." SABCDikgangTsaSetswana,1568701541,"09 Dikgang Mokwaledi kakaretso wa SACP Blade Nzimande a re mopresidente Cyril Ramaphosa ga se ene fela yo o tshwanetseng go lopa maitshwarelo tebang le tiriso dikgoka e e ntseng e aparetse naga mo dibekeng tse di sa tswang go feta.Monna wa kwa Limpopo yo o latofadiwang ka go tlhaba banna ba le 2 ba ba senang magae kwa Pretoria go sale gale monongwaga, gompieno o tlile go kopa beili kwa kgotlatshekelo kgaolo ya Pretoria." SABCDikgangTsaSetswana,1568698856,08 Dikgang Botsamaisi ba Metrobus kwa Johannesburg bo sweditse go emisa ditirelo tsa tsone tsa dibese tsotlhe jaaka setraeke se tsena mo letsatsing labobedi. Metrobus ya re seno ke ka ntlha ya ditiro tsa matshosetsi.Bakgweetsi kwa Pretoria ba tsibosiwa go tila bogare ba toropo jaaka bakgweetsi ba ditaxi ba eleng maloko a SANTACO ba tlile go kgoreletsa pharakano ka mokoloko wa dijanaga go tloga ka ura ya 10 go fitlha ka ura ya bo 3 tshokologo. SABCDikgangTsaSetswana,1568695676,"07 Dikgang Katlholo mo kopong e e potlakileng ya go nyatsa molao wa kgotlatshekelo e e tlhatlhetsweng ke setheo sa Nelson Mandela kgatlhanong le motlhankela mogolo wa mokgatlho wa baagi wa AfriForum Ernst Roets, e solofetswe go rebolwa gompieno kwa kgotlatshekelo ya tekano e e tshwaretsweng kwa kgotlatshekelo kgolo kwa Johannesburg.Beke eno ke ya bosetshaba ya diWill kgotsa lenaneo la boswa, eo mo go yone mongwe le mongwe mo nageng a rotloediwang go senka kgakololo ya mahala ya semolao malebana le go kwala Will." SABCDikgangTsaSetswana,1568691917,06 Dikgang Mopresidente Cyril Ramaphosa o kuile kopano e e tshwaraganetsweng ya kokoano theo bosetshaba go buisanela mokgwa o montshwa wa go lwa kgatlhanong le tiriso diikgoka e e golaganeng le bong mo nageng.Setlamo sa Metrobus kwa Johannesburg se lopile maitshwarelo go badirisi ba sone ka ntlha ya kgoreletso ya ditirelo go latela setraeke sa badiri ba sone SABCDikgangTsaSetswana,1568690134,05 Dikgang Tsala madume DMK le wena moso ono re mmogo Puso ya Western Cape e amogetse katoloso ya go romelwa ga masole a Afrika Borwa kwa dikgaolong tse di aparetsweng ke boenyi kwa profenseng eo go fitlha ka Mopitlwe a le 31.Tirelo kgaso ya SABC e totobaditse gore ga e tle go gasa metshameko epe ya sejana sa lefatshe sa Rugby ya mongwaga. Thonamente eo e tlile go simolola ka labotlhano ka nako eo naga e e amogelang baeng ya Japan e tlabong e tshameka kgatlhanong le Russia. SABCDikgangTsaSetswana,1568690074,05 DikgangTsala madume DMK le wena moso ono re mmogo Puso ya Western Cape e amogetse katoloso ya go romelwa ga masole a Afrika Borwa kwa dikgaolong tse di aparetsweng ke boenyi kwa profenseng eo go fitlha ka Mopitlwe a le 31.Tirelo kgaso ya SABC e totobaditse gore ga e tle go gasa metshameko epe ya sejana sa lefatshe sa Rugby ya mongwaga. Thonamente eo e tlile go simolola ka labotlhano ka nako eo naga e e amogelang baeng ya Japan e tlabong e tshameka kgatlhanong le Russia. SABCDikgangTsaSetswana,1568615038,"09 Dikgang The South African National Taxi Council, ya re e amogela komishene ya ditlhotlhomiso e e thapilweng ke tonakgolo ya Gauteng David Makhura gi sekaseka tiriso dikgoka ya ditaxi kwa profensengMokgatlho wa badiri wa DEMAWUSA ga wa golaganya maloko a one le ditiro tsa matshosetsi kgatlhanong le badiri ba ba seng mo setraekeng ba Metrobus. Setlamo sa dibese tsa toropo ya Johannesburg sa re nngwe ya dibese tsa sone e thopilwe ka dikgoka moso ono." SABCDikgangTsaSetswana,1568613269,08 Dikgang Mookamedi wa pele wa lefapha la temothuo kwa Free State Peter Thabethe o boela kwa komisheneng ya ditlhotlhomiso tebang le go tlhotlhelediwa ga ditshweetso tsa puso kwa Parktown Johannesburg gompieno.Setlamo sa Metrobus kwa Johannesburg sa re nngwe ya dibese tsa sone e thopilwe ka dikgoka moso ono jaaka bakgweetsi bangwe ba le mo setraekeng. SABCDikgangTsaSetswana,1568613204,"07 Dikgang Kgotlatshekelo kgolo kwa Pretoria e solofetswe go rebola katlholo mo kgetseng e e itsegeng ka Dros Rape gompieno. Nicholas Ninow o ipone molato wa go betelela mosetsana yoo ka nako eo a neng a le dingwaga di le 7 kwa lefelong la dijo la Dros kwa Pretoria ka Lwetsi ngogola.Ditlhwatlhwa tsa olie di tlhatlogile go se nene ka nako eo mebaraka e bulwa, morago ga tlhaselo ya lamatlhatso kwa ditheong di le 2 tse dikgolo tsa tsa Olie kwa Saudi Arabea, go go bakileng kwelo tlase e se kana ka sepe ya ntsho dikuno tsa Olie." SABCDikgangTsaSetswana,1568605304,06 Dikgang Badirisi bangwe ba Metrobus ba tla tshwanela ke go senka mekgwa mengwe ya dipalangwa ka ntlha ya fa maloko a e leng a mokgatlho wa badiri wa DEMAWUSA a solofetswe go ngala tiro gompieno.Kokoano theo ya North West e thankgolotse lenaneo la dikgwedi di le 12 la dithuto leo le tlileng go lebisa kwa goreng basha ba dikhutsana ba ba senang ditiro ba le 50 go ralala profense ba katisetswe botsamaisi ba dipuso selegae. SABCDikgangTsaSetswana,1568601898,"05 Dikgang Tsala madume DMK le wena moso ono re mmogo Baagi ba ba nnang gaufi le Sedibeng Regional Sewer Scheme kwa Sebokeng kwa Vaal, moso ono ba tlile go kopana le motlatsa tona ya metsi le kgelelo ya leswe David Mahlobo go leka go rarabolola kgotlhang e e bakileng go sekegiwa ga tiro kwa planteng eo ya go phepafatsa metsi.Tona ya bosiamisi Ronald Lamola o ikuetse gore go sekasekwe peoleitlho ya ditirelo tsa kgopololo le tshweetso ya boto ya Parole go ntsha tshimega ya pele ya tenese Bob Hewit ka parole." SABCDikgangTsaSetswana,1568446829,"10 Dikgang Mopresidente Cyril Ramaphosa o kaile a tshositswe le go utlwisiwa botlhoko ke loso la ga motlatsa tona ya diminerale Bavelile Hlongwa. Hlongwa wa dingwaga di le 38 o tlhokafetse maabane bosigo mo tshugakanong ya sejanaga e e latotseng matshelo a batho ba bangwe ba le 4 mo tseleng ya N1 go tswa PolokwaneBaruakgomo kwa Botswana ba rotloeditswe gore ba romele ntle bokana ba dipersente di le 30 tsa palogotlhe ya motlhape wa bona. Lefapha la temothuo kwa Botswana, le ikaelela go thusa baruakgomo go tila kgonagalo ya go latlhegelwa ke dikgomo ka ntlha ya komelelo e e tseneletseng." SABCDikgangTsaSetswana,1568443924,09 Dikgang The University of Limpopo e rometse molaetsa wa matshidiso go latela loso la motlatsa tona ya diminerale Bavelile Hlongwa. Hlongwa o tlhokafetse mo tshugakanong ya sejanaga a le dingwaga d ile 38 maabane bosigo.Mopresidente wa pele Jacob Zuma o letse a etetse kwa legaeng la ga Mugabe go tshidisa ba lelapa la ga mopresidente wa pele Robert Mugabe. Zuma o gorogile ka nako ya tebelelo ya ga Robert Mugabe pele ga tirelo phitlho ya semmuso ya puso e e tlileng go tshwarelwa kwa setadiamong sa bosetshaba gompieno SABCDikgangTsaSetswana,1568443858,08 Dikgang Motlatsa tona ya diminerale Bavelile Hlongwa o tlhokafetse mo tshugakanong ya sejanaga a le dingwaga di le 38. Dintlha malebana le kotsi eo ga di a tlhapa ga jaana.Baeteledipele ba Afrika ba kokoane kwa moshate wa Zimbabwe Harare jaaka naga e baakanyetsa phitlho ya mopresidente wa pele Robert Mugabe. Baeteledipele ba le mmalwa ba ga jaana le ba pele go akaretsa le mopresidente Cyril Ramaphosa ba solotswe go tsena tirelo eo. SABCDikgangTsaSetswana,1568435084,"07 Dikgang Moatlhodi mogolo Mogoeng Mogoeng a re fa go sena bopaki ba magatwe a bonweenwee jo bo diriwang ke baatlhodi, o tshwanetse go amogela kemo ya badiri nae ya gore ga ba amege mo ditirong tsa bonweenwee.Kgotlatshekelo kgolo ya North West e kgaphetse thoko kopo e e potlakileng ya masepala wa selegae wa Jb Marks kwa Potchefstroom kgatlhanong le go tsengwa ga motsamaisi, mme masepala o tlile go duela ditshenyegelo." SABCDikgangTsaSetswana,1568435016,"06 Dikgang Tshimega ya Boxing le Karate e e bolailweng kwa East London Leighandre BabyLee Jegels o tlile go bolokwa kwa East London gompieno. O bolailwe ke mokapelo wa gagwe wa pele wa lepodisi, Bulelani Mnyaka a ne a lebile kwa ikatisong dibeke di le 2 tse di fetileng.Bodirelo ba bojanala kwa Gauteng bo utlwalelwa ke manokonoko a tiriso dikgoka ya seshweng le go utswetswa ga dikgwebo kwa profenseng." SABCDikgangTsaSetswana,1568430656,"05 Dikgang Tsala madume DMK le wena moso ono re mmogo Tona ya boitekanelo Zweli Mkhize o butse semmuso dikliniki di le 2 tsa NHI kwa metseng ya Zimbane Valley le Lotana kwa sedikeng sa OR Tambo kwa Eastern Cape. Dikliniki tsa Maxwele le Lotana di gareng ga dikliniki di le 8 tsa Inshorense ya bosetshaba ya boitekanelo tse di tlileng go bulwa kwa sedikeng seo, jaaka mopresidente Cyril Ramaphosa a tlile go bula e nngwe kwa Lusikisiki beke e e tlang.Thandi Mampane wa dingwaga di le 11 yo o fitlhetsweng a bolailwe kwa Limpopo, o tlile go bolokwa gompieno. Setopo sa gagwe se fitlhetswe kwa sekgweng kwa GaMarishane gaufi le Jane Furse ka labotlhano beke e e fetileng morago ga gore a nyelele sebaka sa letsatsi." SABCDikgangTsaSetswana,1568364064,"Presidente wa lliki ya basadi ya ANC Bathabile Dlamini o ikuetse gore ditlhopa tsa bakgaratlhi tse di dirang ditshupetso kgatlhanong le tiriso dikgoka ya bong kwa Sandton kwa JHB di itshokelane, le mokhomishinara wa bosetshaba wa mapodisi General Kehla Sitole o tlhagisitse botlhokwa ba gore malapa a rute bana dintlha tse di botlhokwa, tebang le go leka go fokotsa dipalopalo tsa dipolao tse di dirwang ke bana.. Tse le tsedingwe ka botlalo le Reoneetswe Mercedes Nkoane ka ura bolesome le bongwe mo Motsweding FM.iframe width560 height315 srchttpswww.youtube.comembedL4SgVPi6Iw frameborder0 allowaccelerometer autoplay encryptedmedia gyroscope pictureinpicture allowfullscreeniframe" SABCDikgangTsaSetswana,1568362395,"10 Dikgang Tsala tla re kopane gape mo nakong e e latelang, DMK a re tlhola sentle Batho ba bangwe gape ba tsweletse go goroga ka fa ntle ga Johannesburg Stock Exchange kwa Sandton gaufi le Johannesburg, koo bakgaratlhela ditshwanelo tsa baagi ba kokoaneng go tsena ditshupetso tsa ShutdownSandton.Go dirilwe dithulaganyo tsa go tila go ipoeletsa ga kgatakano ya maabane kwa setadiamong sa Rufaro kwa Zimbabwe kwa Harare koo mopresidente wa pele Robert Mugabe a tlhobogiwang gone." SABCDikgangTsaSetswana,1568355937,"09 Dikgang Liki ya bomme ya ANC e gateletse boikuelo jwa bona jwa gore puso e gweeletse maemo a tshoganyetso. Se se latela metseletsele ya dipolao kgatlhanong le basadi tseo di lebisitseng kwa goreng baagi ba le mmalwa ba ikuele gore go rebolwe dikatlholo tse di gagametseng go batlolamolao.Batho ba le dikete ba solofetswe go thologela ka bontsi gape gompieno, go ya go tlhoboga mopresidente wa pele wa Zimbabwe Robert Mugabe yo o tlhokafetseng ka labotlhano beke e e fetileng a le dingwaga di le 95." SABCDikgangTsaSetswana,1568353712,08 Dikgang Bakgaratlhi ba ba kgatlhanong le tiriso dikgoka e e golaganeng le bong ba re botshelo ga bo kake ba tswelela pele jaaka gale ntswa basadi le bana ba bolawa tsatsi le letsatsi. Bakgaratlhela ditshwanelo tsa baagi ba le makgolo ba dira ditshupetso ka fa ntle ga Johannesburg Stock Exchange kwa Sandton gaufi le Johannesburg.Mogaka wa di Springbok Chester Williams o tlile go fisiwa kwa moletlong wa poraefete morago ga tirelo phitlho ya gagwe ya semmuso kwa setadiamong sa rugby sa Newlands kwa Cape Town kamoso. SABCDikgangTsaSetswana,1568346866,"07 Dikgang Spikara sa kokoano theo bosetshaba Thandi Modise o boditse gore a bapalamente, segolo bogolo maloko a palamente a banna ba dirile go tlala seatla go kgala diphoso tse di diriwang ke banna ba bangwe mo setshabeng.Komishene e e tlhotlhomisang go tlhotlhelediwa ga ditshweetso tsa puso e tlile go reetsa bopaki go tswa go motlhankela khuduthamaga wa nama o sa tshwere wa South African Bureau of Standard SABS, Garth Strachan gompieno." SABCDikgangTsaSetswana,1568346687,06 Dikgang Lefapha la mapodisi a Johannesburg Metro a tsibosa bakgweetsi gore ba tile kgaolo ya Sandton kwa bokone ba toropo moso ono.Mosireletsi wa setshaba Busisiwe Mkhwebane a re o dumela gore o tlile go wetsa paka ya gagwe mo kantorong. SABCDikgangTsaSetswana,1568342669,"05 Dikgang Tsala madume DMK le wena moso ono, re mmogo Mekgatlho ya baagi e le 70 le bakgaratlhela ditshwanelo tsa baagi ba tshoseditse go dira gore kgaolo ya kgwebo ya Sandton, gaufi le Johannesburg e se tsamaege gompieno.MaNigeria a mangwe gape a feta 300 a solofetswe go busediwa gae gompieno. Setlhopa sa ntlha sa batho ba le 300 se ragogile ka laboraro go tswa kwa boemela fofane ba boditshabatshaba ba OR Tambo." SABCDikgangTsaSetswana,1568312289,"Dikgang21...Moeteledipele wa ACDP Kenneth Meshoe a re go tlhatlhoga ga bosinyi ba tiriso dikgoka jo bo begilweng mo dipalopalong tsa bosinyi mo ngwageng wa dichelete wa 201819, ke sesupo sa go palelwa ga tirelo ya sepodisi sa Afrika Borwa SAPS go lwantsha bosinyi ka tolamo...Komiti ya bodichabachaba ya Red Cross ya re baagi ba Nigeria ba ka nna dikete di le 22 ba ikwadise le bone jaaka ba ba timetseng morago ga ditlhaselo tsa dingwaga tsa mokgatlho wa batlhabani Boko Haram kwa nageng eo..." SABCDikgangTsaSetswana,1568310797,Dikgang20...Go tshwerwe batho ba le 6 malebana le go utswiwa ga dithoto kwa mabenkeleng a badichaba kwa Emalahleni kwa Mpumalanga. ..Tonakgolo ya Free State Sisi Ntombela o tsibositse gore puso ya porofense ya gaabo e ka se okaoke go samagana le batlhankedi ba ba amegang mo ditirong tsa tsotlo kgatlhanong le basadi le bana... SABCDikgangTsaSetswana,1568306846,Dikgang19...Bothati ba lephata la maitsholo ba dichelete FSCA bo manegile setlamo sa Steinhoff ka kotlhao ya diranta di le dimilione di le 53...Tiriso dikgoka ya mo malapeng le tiriso e botlhaswa ya nnotagi di supilwe fa e le tsone di tlhotlheletsang seelo se se kwa godimo sa ditiragalo tsa dipolao kwa motsesetoropong wa Nyanga kwa Cape Flats... SABCDikgangTsaSetswana,1568303113,"Dikgang18...Tona ya mapodisi Bheki Cele a re ba batla go tsepamisa mogopolo kwa porofenseng ya Western Cape, eo e nang le seelo se se kwa godimo sa dipolao...Puso e batla go fedisa go thapiwa ga badichaba kwa mafelong a borobasogo le mo madirelng a mangwe..." SABCDikgangTsaSetswana,1568299166,"Madume re mmogo Mojalefa Mathibela go fitlha ka tsa ura ya borobongwe. Reetsa...Dikgang17...Motlatsa mopresidente David Mabuza a re go tlhokega diranta di le one pointone billion go ka konesetsa projeke ya kgeleloleswe ya sedika sa Sedibeng kwa Sebokeng kwa Vaal, ka maitlhomo a go thibela go tswelela go dutlela ga kgeleloleswe kwa Vaal River..." SABCDikgangTsaSetswana,1568277436,"Tona ya lefapha la mapodisi Bheki Cele o buisana le babegadikgang ka ga maemo a bosinyi ba naga eno ya paka go simolola ka Moranang e rogwa ngogola, go fitla ka Mopitlwe e tlhola malatsi a le 31 monongwaga le badichaba ba feta 150 ba kwa Mozambique ba busediwa kwa nageng ya bona. Tse le tsedingwe ka botlalo le Reoneetswe Mercedes Nkoane mo ureng ya bolesome le bongwe.iframe width560 height315 srchttpswww.youtube.comembedikEYYWe9QOw frameborder0 allowaccelerometer autoplay encryptedmedia gyroscope pictureinpicture allowfullscreeniframe" SABCDikgangTsaSetswana,1568276433,"10 Dikgang Tsala ya DMK tema e felela fa. Nte re kopane gape kamoso, tlhola sentle Mapodisi a begile koketsego ya seelo sa bosenyi sa polao, dipetelelo, le dikgothoso ka dithunya mo nageng.Go runtse tlhakatlhakano jaaka kgogakgogano gareng ga lelapa la moswi mopresidente wa pele wa Zimbabwe Robert Mugabe ke puso ya naga di le mo pepeneneng. Bobedi ba thulana ka ntlha ya dithulaganyo tsa phitlho ya ga Mugabe." SABCDikgangTsaSetswana,1568269385,09 Dikgang The Institute for Security Studies e tsibositse gore dipalo palo tsa bosenyi tseo tona ya mapodisi Bheki Cele a tlileng go di rebola gompieno di ka nne tsa nna le koketsego ya palo ya polao le kgothoso.Gompieno go tshwaya dingwaga di le 42 fa e sale moeteledipele wa Black Consciousness Steve Bantu Biko a tlhokafetse kwa botshwarwa. SABCDikgangTsaSetswana,1568260178,07 Dikgang Tona ya mapodisi Bheki Cele gompieno o tlile go rebola dipalo palo tsa bosenyi tsa ngwaga. Cele o tlile go begela komiti ya palamente e e ka ga mapodisi malebana le dipalo tsa bosenyi tsa ngwaga wa 20182019.Motlhankela mogolo wa merero ya tsamaiso wa pele wa SABC Hlaudi Motsoeneng o solofetswe go konosetsa bopaki ba gagwe kwa komisheneng e e tlhotlhomisang go tlhotlhelediwa ga ditshweetso tsa puso kwa Parktown Johannesburg moso ono. SABCDikgangTsaSetswana,1568260027,06 Dikgang Mopresidente Cyril Ramaphosa o thapile moatlhodi Zukisa Laura Lumka Tshiqi le moatlhodi Stevan Arnold Majiedt go nna baatlhodi ba kgotlatshekelo ya molaotheo go tloga kgwedi e e tlang e rogwa.Baeng ba tlotlo ba feta dikete tse 2 ba solofetswe go ya phitlhong ya moswi mopresidente wa pele wa Zimbabwe Robert Mugabe bokhutlo jono jwa beke. SABCDikgangTsaSetswana,1568259847,"05 Dikgang Tsala madume DMK le wena moso ono re mmogo MaNigeria a le mmalwa a gorogile kwa Lagos ka sefofane go tswa mono Afrika Borwa go latela metseletsele ya tiriso dikgoka eo mo go yone baditshaba le dikgwebo tsa bona ba neng ba totilwe kwa Johannesburg le Pretoria.Setopo sa mopresidente wa pele wa Zimbabwe Robert Mugabe se tlile go ladiwa kwa setadiamong sa bosetshaba sa Rufaro kwa moshate Harare go bonwa ke setshaba, gompieno le kamoso." SABCDikgangTsaSetswana,1568226109,"Dikgang21...Tona ya mapodisi Bheki Cele o tsoga o rebola dipalopalo tsa bosinyi tsa ngwaga le ngwaga. Cele o tla begela komiti ya palamente e malebana le merero ya mapodisi ka ga dipalopalo tsa bosinyi tsa ngwaga wa dichelete wa 20182019...Setheo sa bosechaba sa tlhabololo ya basha NYDA sa re puso e tshwanetse go samagana le bonweenwee kwa dikgorong tsa melelwane ya naga, le kwa mafelong a mangwe a go tsena mo nageng go netefatsa fa mongwe le mongwe yo tsenang mo nageng a na le ditlankana..." SABCDikgangTsaSetswana,1568221901,Dikgang20...Badira dikopo ba mafatshe a ga jaana a leng mo taolong ya puso ba tlile go a busediwa ntle le tuelo...Spikara sa kokoano bosechaba Thandi Modise a re ba amogetse dikatlenegiso tsa gore mokwaledi wa palamente yo o sekegilweng Gengezi Mgidlana a belesediwe... SABCDikgangTsaSetswana,1568219943,"Dikgang19...Puso e supile lefatshe leo le tshwanetseng go phasaladiwa...Mmasepala wa Mangaung Metro wa re o ikuetse go lefapha la matlo, merero ya metsi le kgeleloleswe go tsereganya mo dithulanong tsa metsi gareng ga mmasepala le motlamedi wa ditirelo tsa metsi eleng setlamo sa Bloemwater..." SABCDikgangTsaSetswana,1568216198,Dikgang18...Mopresidente wa Zimbawe Emmerson Mnangagwa a re naga ya gaabo e mo kutlobotlhokong ka ga go tlhokafala ga mopresidente wa pele wa naga eo Robert Mugabe...Baagi ba ka nna 300 ba Nigeria ba bololetse kwa nageng ya bona go tswa kwa boemelafofane ba bodichabachaba ba OR Tambo kwa Jhb... SABCDikgangTsaSetswana,1568212529,Madume re mmogo Mojalefa Mathibela go fitlha ka tsa ura ya borobongwe. Reetsa...Dikgang17...Setopo sa mopresidente wa pele wa Zimbabwe Robert Mugabe se gorogile kwa moshate Harare. Mugabe wa dingwaga di le 95 o tlhokafaletse kwa bookelong ba kwa Singapore beke e fetileng ka Labotlhano... SABCDikgangTsaSetswana,1568196669,Game Mahikeng Mall observing a moment of silence against the abuse of women and children SABCDikgangTsaSetswana,1568194853,"Badichaba ba kwa Nigeria ba ba siyang tiriso dikgoka mo dikgaolong dingwe tsa Gauteng ba palame sefofane go boela gae. Sefofane se diegisitswe kwa boema fofane ba OR Tambo jaaka batlhankela ba leka go tlhomamisa ditlankana, le motlhankela mogolo wa pele wa tsamaiso mo SABC Hlaudi Motsoeneng o boleletse khomishene ya dipatlisiso tse di ka ga magatwe a tlhotlheletso ya ditshweetso tsa mafapha a puso kwa Parktown kwa JHB gore ga a ne a itshireletsa mme o tlile go bua nnete.. Tse le tsedingwe ka botlalo le Reoneetswe Mercedes Nkoane mo MotswedingFM.iframe width560 height315 srchttpswww.youtube.comembedO9EJ3G5QvHs frameborder0 allowaccelerometer autoplay encryptedmedia gyroscope pictureinpicture allowfullscreeniframe" SABCDikgangTsaSetswana,1568191597,"Sefofane seo se pegileng badichaba ba kwa Nigeria go ba busetsa kwa nageng ya bona se tlile go bolola kwa boemafofane ba OR Tambo mo nakong e khutshwane, le mosetsanyana yo a beteletsweng kwa ntlwaneng boithusetso ya lebenkele la dijo la Dros mo no Pretoria o tlile go rebola bopaki kwa kgotlhatshekelo kgolo ya Pretoria, ka thuso ya motsereganyi ka tiriso ya khamera.. Tse le tsedingwe mo ureng ya bolesome le bongwe le Mercedes.iframe width560 height315 srchttpswww.youtube.comembedKh9FArDDMo frameborder0 allowaccelerometer autoplay encryptedmedia gyroscope pictureinpicture allowfullscreeniframe" SABCDikgangTsaSetswana,1568188306,"10 Dikgang Tsala ya DMK tema e felela fa tlhola sentle, kamoso Bokaedi ba dipatlisiso tebang le tiro ya mapodisi IPID jaanong bo batlisisa go thuntsiwa ga mokgweetsi wa taxi kwa Pretoria, yoo loso la gagwe le fetlhileng dikhuduego kwa profenseng ya Gauteng. Go kaiwa Jabu Baloyi a bolailwe ka go thuntsiwa ke moditshaba yoo a neng a mo kgorogela ka ntlha ya go rekisa diritibatsi kwa renkeng ya ditaxi ya Bloed Street kwa bogare ba toropo ya Pretoria." SABCDikgangTsaSetswana,1568183075,09 Dikgang Motlatsa tona ya tshireletso ya setshaba Zizi Kodwa a re ba supile baeteledipele ba digongwana tsa go utswiwa le go fisiwa ga mabenkele a baditshaba go go tletseng tiriso dikgoka kwa Gauteng.Sefofane se se tletseng baagi ba Nigeria go ba busetsa gae se solofetswe go ragoga kwa boemela fofane ba boditshabatshaba ba OR Tambo moso ono. SABCDikgangTsaSetswana,1568180077,08 Dikgang Mosetsana wa dingwaga di le 7 yo o beteletsweng kwa ntlwaneng boithusetso kwa lefelong la dijo la Dros kwa Pretoria o tlile go rebola bopaki kwa kgotlatshekelo kgolo kwa PretoriaMoeteledipele wa EFF Julius Malema a re lekoko la gagwe le tlile go keteka botshelo ba ga moswi mopresidente wa pele wa Zimbabwe Robert Mugabe. SABCDikgangTsaSetswana,1568177608,"07 Dikgang Baagi ba Nigeria ba feta 600 ba solofetswe go busediwa kwa nageng ya bona moso ono morago ga gore ba kaye fa ba na le letshogo go latela ditlhaselo tsa seshweng tse di tletseng tiriso dikgoka kwa Gauteng.Motlhankela mogolo wa merero ya tsamaiso wa pele mo SABC Hlaudi Motsoeneng o tswelela ka bopaki ba gagwe kwa komisheneng e e ka ga go tlhotlhelediwa ga ditshweetso tsa puso kwa Parktown, Johannesburg gompieno." SABCDikgangTsaSetswana,1568171961,06 Dikgang SABC ya re e itlamile go netefatsa fa e rebolela setshaba dikgang le mananeo a a boleng mme e tla tsaya dikgato tse di maleba fa badiri ba ka fitlhelwa ba reteletswe ke go diragatsa tiro ya bona ka tshwanelo.Setopo sa ga mopresidente wa pele wa Zimbabwe Robert Mugabe se solofetswe go tsurama kwa Harare tshokologo eno. Baemedi ba puso ba tswa go tsaya setopo sa ga Mugabe kwa Singapore. SABCDikgangTsaSetswana,1568170294,"05 Dikgang Tsala madume ke DMK re mmogo moso ono SABC ya re e tlile go sala morago tsamaiso nngwe le nngwe ya kgalemo kgatlhanong le badiri ba le 3 ba leruri le yo o dirang nakwana morago ga gore go gasiwe puo e e fosagetseng ya mopresidente Cyril Ramaphosa le setshaba mo telebisheneng.United States e tlile go tshwaya ngwaga wa bo 18 wa segopotso sa ditlhaselo tsa kgwedi eno ka ngwaga wa 2011 tse di latotseng matshelo a batho ba ka nna dikete tse 3 kwa mafelong a le 3 a a akaretsang New York, Washington DC le Shankville, Pennysylvania." SABCDikgangTsaSetswana,1568139815,Dikgang21...Semesegolo sa lekoko la DA John Steenhuisen a re ke go tsaya letlhakore gore palamente ga ena thulaganyo ya go ntsha baokamedi ba ditheo tse di tshegetsang demokrasi tsa karolwana ya bo9 ya molaotheo...Mopresidente wa Amerika Donald Trump o rometse molaetsa ka Tweeter o lopang le go amogela go leboga tiro ga mogakolodi wa gagwe wa tshireletso ya bosechaba John Bolton... SABCDikgangTsaSetswana,1568137221,"Dikgang20...Tona ya ditlamo tsa puso Pravin Gordhan a re madi a boitshegang a latlhegetseng puso ka ntlha ya go tlhotlhelediwa ga ditshwetso tsa puso, a ka fitlhelelwa fa ditheo tsa molao di dira tiro ya tsone ka tolamo...Badiri ba lephata la tshireletso kwa palamenteng ba ba tsenang mo kokoano bosechaba ka nako ya go ntshiwa ga bapalamente ba tshwanetse go apara UNIFOMO..." SABCDikgangTsaSetswana,1568133188,Dikgang19...SABC ya re itlamile go netefatsa boleng ba dikgang le manaane go MaAfrika Borwa mme e tla tsaya dikgato kgatlhanong le badiri bao ba ka fitlhelwang ba palelwa ke go dira tiro ya bona...Tona ya bosiamisi Ronald Lamolaa a re go tshwanetse ga latelwa thulaganyo e maleba fa go rebolwa kgotsa go kganelwa ka beile ga mongwe le mongwe yo o kileng a bonwa molato wa bosinyi ba thobalano... SABCDikgangTsaSetswana,1568130485,"Dikgang18...Mokhuduthamaga mogolo wa pele wa merero ya tsamaiso wa SABC Hlaudi Motsoeneng o boleletse komishene e batlisisang magatwe a go tlhotlhelediwa ga ditshwetso tsa puso kwa Parktown kwa Jhb, gore e ne e le tiro ya gagwe ya go itshunya nko mo manaaneng a dithulaganyo a mogasi wa sechaba...Motlatsa semesegolo sa lekoko la ANC Doris Dlakude a re melao le thulaganyo ya go ntshiwa mo maemong ga mookamedi wa setheo se se tshegetsang demokrasi sa karolwana ya bo9 ya molaotheo, ga ya tshwanela go gobelele mme go dirwe go ya ka molaotheo..." SABCDikgangTsaSetswana,1568109022,"Seme segolo sa lekoko la DA John Steenhuisen o tlhalositse ditshwaelo tsa gore kokoano bosetshaba ga e na manaane a go tlosa baokamedi ba ditlamo tsa karolo ya borobongwe ya molaotheo kgotsa Capter 9 Institution, e le tseo di sa amogelesegeng, le setlamo sa motlakase Eskom sa re se retelelwa ke go duela sekoloto sa yona sa diranta di le dibilione di le 450, mme se tshwanelwa ke go adima madi tebang le go se duela. Tse le tsedingwe ka botlalo le Reoneetswe Mercedes Nkoane ka sethoboloko..iframe width560 height315 srchttpswww.youtube.comembedpgrAJEbIGk frameborder0 allowaccelerometer autoplay encryptedmedia gyroscope pictureinpicture allowfullscreeniframe" SABCDikgangTsaSetswana,1568104972,"Madume ga a fele... Badichaba ba ka nna 600 ba kwa Nigeria ba solofetswe go bolola kamoso. Lefapha ka merero ya selegae la re le dirisana le matlo boemedi a dinaga tse di farologaneng a mo no Afrika, ao baagi ba dinaga tsa bona ba batlang go busediwa kwa dinageng tsa bona, le mokaedi wa bosekisi ba bosetshaba Shamila Batohi o tlhalositse magatwe a gore o gareng ga bao ba amogetseng madi go tswa mo letsholong la go ngoka bopresidente ba ANC la ga Cyril Ramaphosa kgotsa CR17 Ca..." SABCDikgangTsaSetswana,1568101656,10h00 Tona ya lefapha la phemelo Nosiviwe Mapisa Nqakula o kgadile ka bogale boikuelo ba gore go busiwe katlholelo loso. A re ga go tlhokagale katlholelo loso go khutlisa tiriso dikgoka e e runtseng mo no Afrika Borwa kgatlhanong le basadi le bana. SABCDikgangTsaSetswana,1568094756,"08h00 Mokgatlho wa Afrika Borwa o o malebana le kgatelelo ya maikutlo SADAG, o tsibusitse batsadi go elatlhoko matshwao a go ipolaya mo baneng ba bona, mme ba senke thuso ka gangwe. Mokgatlho wa re go nale matshwao a le mantsi a batsadi ba ka a lemogang mo baneng, go tshwana le go bua ka ga loso, go kwala ka ga go tlhokafala, go dirisa mafaratlhatlha a ditlhaeletsano go batla go tsewa tsia ke ba bangwe." SABCDikgangTsaSetswana,1568094624,"08h00 Moemedi wa Nigeria mo no Afrika Borwa a re sefofane sa Air Peace se ithaopile go thusa go busetsa baditshaba bangwe kwa nageng ya bona, go latela ditiragalo tsa tiriso dikgoka mo no Afrika Borwa. Nigeria e itsisise gore e tlile go busetsa gae baagi ba naga eo ba le kgolo a marataro go tswa mo no Afrika Borwa, morago ga metseletsele ya ditlhaselo go baditshaba kwa Gauteng."