Bolwetse jwa Monkeypox ka fa nageng ya Aforika Borwa 

Vukuzenzele Unnamed

Tona ya Boitekanelo Ngaka Joe Phaahla fa a ne a buisana le bobegakgang malobanyana kwa Pretoria, Gauteng, o tlhalositse gore ke nnete gore Bolwetse jwa Monkeypox bo teng ka fa nageng ya Aforika Borwa.
O tlhalositse gore o amogetse pegelo e e tswang kwa Setheong sa Naga sa Ditirelo tsa Dilaboratori tsa Boitekanelo (NHLS) e e totobatsang gore go dirilwe diteko kwa laboratoring mme go na le bopaki jwa gore bolwetse jono bo teng ka fa nageng ya Aforika Borwa.
Mogare ono o setse o le teng kwa porofenseng ya Gauteng le ya Kapa Bophirima.
Bolwetse jwa Monkeypox gantsi ga bo bogale go le kalo mme bo iponagatsa ka go ropoga diso mo mmeleng. Go le gantsi ga bo ke bo gakala go le kalo mme kgonagalo ya go ka dira gore batho ba thule botala ka tlhogo ke phe -sente e le nngwenyana fela.
Kwa tshimologong ya di ngwaga tsa bo ma-2000 mogare ono o ne o begiwa ka bontsi kwa dinageng tsa Aforika tse di jaaka Nigeria, Democratic Republic of the Congo, Central African Republic le Ghana.
Bolwetse jono ga jaanong bo gaketse kwa Europe moo UK e di gogang kwa pele ka batho ba ba nang le bona ba le 700, mme Spain gone ke batho ba feta ba le 500, mme go latele Germany, Portugal le France.
Tona o rile Setheo sa Naga sa Malwetse a a Fetelanang (NICD) se samagane le go ruta batlhankedi ba maokelo ka bolwetse jono mo intha neteng gore ba kgone go bo bona ka bonako mme go tle go diriwe diteko tsa laboratori tse di tshwanetseng.
“Bolwetse jono bo fetelana ka go kgomana, mme seno se raya gore fa o le mo phaposing e le nngwe le motho yo a nang le bona bo ka se go fetele,” Tona o tlhalositse jalo.
Tona Phaahla o theositse matshwafo a baagi ka go ba itsise gore Bolwetse jwa Monkeypox ga se mogare o e leng la ntlha o nna teng mme borasaense ba na le kitso e e tseneletseng ka bona.
Monnasetulo wa Komiti e e Eletsang Ditona mo Mererong ya COVID-19 yo gape e leng Tokololo ya Khuduthamaga kwa go NHLS, Moporofesara Koleka Mlisana, o tlhalositse gore Bolwetse jwa Monkeypox bo tletse thata mo dikgaolong tse di leng kwa gare le tse di leng kwa bokone jwa Aforika mme bona ga bo bogale go le kalo.
Go re bolwetse bo tletse mo kgaolong e e rileng go raya gore gantsi batho ba bo ba tshwarang ke batho ba ba nnang mo kgaolong e e rileng.
O tlhalositse gore Bolwetse jwa Monkeypox bo batlile go tshwana le jwa sekonko nyane.
“Bolwetse jwa Monkeypox bo setse bo na le meento le melemo e batho ba ka e dirisang. Bolwetse jono bo iponagatsa ka matshwao a a tshwanang le a mokgo tlhwane le a malwetse a matshwafo a a tshwaetsegileng. Se se botlhokwa ke gore motho yo a nang le ma tshwao a bona o bonagala ka bonako e bile se se botlhokwa go gaisa ke gore bolwetse jono ga bo fetelane moroba, ga bo tshwane le megare ya malwetse a a fetelanang ka go hema, bo fetelana ka go kgomana. Bolwetse jono bo tla go fetela fa fela e le gore o kile wa atlana le motho yo a nang le bona,” o tlhalositse jalo.
Bolwetse jwa matshwafo a a tshwaetsegileng ke bolwetse jo bo bogale thata jwa malwetse a matshwafo a a rurugileng.
Moporofesara Mlisana a re dikgato tsa go gata motlhala batho bao ba kopaneng le bao ba tshwaetsegileng di botlhokwa thata mo ntlheng eno mme ka jalo Lefapha la Boitekanelo le tla tswelela go latela dikgato tseno.
O ne a netefaletsa MaAforika Borwa gore Laboratori e na le mafaratlhatlha otlhe a a tlhokagalang go ka tlhokomela maemo gore re kgone go ka nopola bolwetse jo bongwe le jo bongwe jo bo tlhagelelang.
–SAnews.gov.za