Naga ya rona e santse e le mo kutlobotlhokong ya setlhogo se se diragetseng kwa ntlong ya notagi ya Enyobeni moo bašwa ba le bantsi ba latlhegetsweng ke matshelo a bona

Vukuzenzele Unnamed

Mo dibekeng di le mmalwa tse di fetileng mo matsheng a Latshipi, malapa a baagi ba kwa lekeišeneng la Scenery Park gaufi le East London, ba amogetse dikgang tse di busula tse motsadi yo mongwe le yo mongwe a rapelang gore le ka la motlholo di se fitlhe mo 'tsebeng ya gagwe.
Dikgang di ne di re ditopo tsa bana ba le 21 di lalane kwa ntlong ya notagi ya mo motseng wa bona. Yo monnye mo go bona botlhe e ne e le ngwana wa dingwaga di le 13.
Dipatlisiso tsa mapodisi mo ntlheng eno di ntse di tsamaya ka thelelo. Go tswa mo dipatlisisong tseno, Masepala wa Teropokgolo ya Buffalo City o tla atlhaatlha dintlha tsa gore ntlo eno ya notagi e robile melao ya masepala kgotsa jang.
Re akgola puso ya porofense ya Kapa Botlhaba jaaka e ne ya ema nokeng malapa a a wetsweng ke leru leno, re akgola gape le setlamo sa go boloka batho ba ba tlhokafetseng sa AVBOB jaaka se dirile maikano a gore se tla thusa malapa a a wetsweng ke leru leno ka ditirelo tsa poloko.
Le fa ditheo tse di matshwanedi tsa molao di samagane le go batlisisa gore go ka tswa go diragetse eng gore kwa bofelong ba ba latlhegetsweng ba nne le phimolakeledi, re le baagi ba naga eno re tshwanetse go nna fatshe re lebelaneng ka fo matlhong re buisane ka kgang eno. Re tshwanetse go atlhaatlha kgang eno ya go itshiela ga bana ba dingwaga tsa bona di sa ba letleng go bo ba nwa notagi.
Mo inthaneteng ditshwantsho le dibidio tse di fofa fofang mo mafaratlhatlheng a ditlhaeletsano tsa moletlonyana oo o o bediwang ‘mokete wa go itumelela go wetsa ditlhatlhobo’ kwa lefelong leo mo bosigong ba teng go bonagala fela bana ba ba santseng ba nkga mekgato ba huparetse mabotlolo a notagi.
Bontsi jwa bona mo ditshwantshong tseno bo bonagala e santse e le maseanyana.
Bašwa ba le bantsinyana kwa Scenery Park ba boleletse boradikgang gore bona ba bone papatso mo mafaratlhatlheng a ditlhaeletsano, mo go neng go twe mo bosigong joo ba ba tla tlang kwa moletlong oo ba tla neelwa notagi mahala.
Bašwa ba ba itshielang gore ba ikutlwe ba tshwana le ditsala tsa bona go tlhatloga ga palo ya bona ke bothata jo bogolo mo nageng ya rona eo bontsi jwa baagi ba yona, go ya ka Mokgatlho wa Lefatshe wa Merero ya Boitekanelo, o o reng bontsi jwa baagi ba ka fa nageng ba ba itshielang ba setse ba wetse ka tlhogo ka fa nkgong.
Fa bašwa ba itshiela seno se dira gore ba se itlhaloganye sentle, ba tshabe sekolo, ba gobale kwa bojalweng, ba nagane gore ba ka ipolaya le go leka go ipolaya, mmogo le go ipaya mo kotsing.
Re tshwanetse go ema ka lefoko le le lengwe mo go lwantshaneng le sera seno se se ripitlang bašwa ba naga ya rona jaaka se ba fokoletsa matsatsi a bona a botshelo, le go ba dira gore ba gosomela ka tlhogo ka fa nkgong.
Re le malapa go raya gore re tla tshwanela ke go nna fatshe re bue puo pha ka matsapa a notagi mmogo le go baya melao ya lelapa e e sa tshwanelwang go tlolwa.
Bana ba ba nang le dingwaga tse di ka fa tlase ga di le 18 molao ga o ba letlelele go itshiela.
Jaaka bagodi re tshwanetse go kgaotsa go roma bana gore ba ye go re rekela notagi kgotsa gona go dumela gore bašwa bano ba re neeletse gore re ba rekele notagi.
Ga se lantlha re kopana le matsapa ano a a tshwanang le seo se diragetseng kwa Scenery Park.
Matsapa ano a a diragetseng kwa ntlong ya notagi ya Enyobeni a diragetse gape le kwa lefelong la go nwela bojalwa la Throb kwa Durban ka ngwaga wa 2000, seno se diragetse gape le kwa ntlong ya notagi ya Osi kwa Khayelitsha ka ngwaga wa 2015, mo mafelo ano le ona a neng a rekisetsa bana ba bannye notagi.
Setlwaedi seno sa gore mafelo a a rekisang notagi a tlole molao a sa iphetlhe le go iphitlha ke sesupo sa gore ditheo tsa molao tsa rona di retelelwa ke go dira tiro ya tsona ka manontlhotlho.
Go ya ka Molao wa Naga wa Notagi, beng ba mafelo a a rekisang notagi a a neilweng dilaesense tsa go e rekisa ga ba tshwanela go rekisetsa ope fela yo a nang le dingwaga tse di ka fa tlase ga di le 18 notagi. Molao o ba gapeletsa gore ba tshwanetse go tsaya dikgato tse di utlwagalang go netefatsa gore mongwe le mongwe yo ba mo rekisetsang notagi o na le dingwaga tse di tshwanetseng.
Re ikuela mo baaging go thusana le ditheo tsa molao go netefatsa gore dintlo tsa notagi, mafelo a go rekisetsa bojalwa, mafelo a go tlhaba kgobe ka mmutla mmogo le mafelo a bojalwa bo rekwang mo go ona ao a tlolang molao letsogo la molao le tobana le bona.
Re ikuela mo mapodising go samagana ka tshwanelo le melao e e thibelang gore notagi e se rekisiwe gaufi le sekolo mmogo le go tlhoma leitlho mafelo a a rekisang notagi go netefatsa gore a se e rekisetse bana ba bannye.
Ntlha e nngwe e e botlhokwa ke gore ditiragalo tsa go itshiela ga bašwa ke ditiragalo tsa go ikentsha bodutu go nne mo metseng ga go na mafelo a mantsi a a bolokesegileng a bana ba dingwaga tse di matshwanedi ba ka ikentshang bodutu mo go ona.
Baagi ba kwa Scenery Park ba tlhalositse gore mo motseng wa bona ga go na mafelo a metshameko, a go tlhatlhelelwa ka kitso e e rileng kgotsa a mangwe fela a go ruta bašwa dilo tse dintšhwa, mme seno ke sona se se dirang gore ba etele dintlo tsa notagi.
Baagi ba tlhalositse gore matlhotlhapelo ano a tlhodilwe ke go tlhoka mabala a metshameko, mafelo a go buisetsa dibuka kgotsa mafelo a bašwa ba ka ikentshang bodutu mo go ona kwa Scenery Park.
Re le puso ya naga, ya porofense le ya kgaolo re tshwanetse go tsibogela boikuelo jwa baagi bano mmogo le jwa baagi ba bangwe kwa dikgaolong tse dingwe ka go aga mafelo a le mantsi a go ikentsha bodutu, mafelo a go ba tlhatlhelela mmogo le go tlhoma diporojeke tse di tla tswelang mosola bašwa mo metseng e e tlhokang dilo tseno mo porofenseng eo.
Badirisanimmogo mo mererong ya loago ba ba jaaka bagwebi le bona ba tshwanetse go nna le seabe ka go ema nokeng dikgato tseno ka matlole.
Re le baagi re tshwanetse go dirisana mmogo le Diforamo tse di Dirisanang le Sepodisi mo Mererong ya Pabalesego mo Metseng ya rona, re dirisane le mekgatlho ya baagi mmogo le makgotlataolo a dikolo mme re nne le seabe se segolo mo matshelong a bana ba rona le mo go netefatseng gore ba babalesegile e bile ba tlhokomelegile.
Jaaka seane sa bogolotala mo dipuong tsa bathobantsho se tlhalosa se re “ngwana ke sejo, o a tlhakanelwa”.
Tla re direng re le seoposengwe mme re sireletse bokamoso jwa bana ba rona ka go dira gore ba se wele ka tlhogo mo nkgong le mo diritibatsing.
Tla re direng re le seoposengwe mme re direng bonnete jwa gore batho ba ba tibisitseng madi ba sena taba le matshelo a bana ba rona ga ba rekise mo re nnang gone.
Tla re nneng sekai se se itumedisang ka fao re dirisang notagi.
Tla re tlhokomeleng bana ba rona, e seng fela bao re ba belegeng, mmogo le ba baagisani ba rona.