Go se dirise ka tshwanelo madi a puso a go thusa go godisa bana ke tlolo ya molao

More Matshediso 

Fa e le gore go sengwe se o se itseng ka motho yo a godisang ngwana gore ga a dirise ka tshwanelo madi a puso a go thusa go godisa bana, ke maikarabelo a gago go begela ba Setheo sa Tlhokomelo ya Baagi sa Aforika Borwa (SASSA).
Go ya ka sebueledi sa SASSA Paseka Letsatsi, madi a puso a go thusa go godisa bana puso e a duelela mo seatleng sa bagodisi ba bana, mme ona ga se a bona ke a bana. Mo kgweding e nngwe le e nngwe ngwana yo mongwe le yo mongwe o neelwa R480.
Mo go thuseng ka madi bana ba ba tswang kwa malapeng a a humanegileng puso e ne ya tlhama thuso ya madi a puso a go thusa go godisa bana.
“Go diriwa dipatlisiso ka gang fela fa ditiragalo tseno tsa go se dirise ka tshwanelo madi ano di sena go begiwa. Fa dipatlisiso tseno di ka utulola gore ke boammaruri gore madi a no ga a tswele ngwana yoo mosola, SASSA e ka tsaya tshwe- tso ya gore go tsenngwe motho yo mongwe yo a tla amogelang le go laola madi ano mo legatong la ngwana yono,” Letsatsi o tlhalositse jalo.
O tlaleleditse ka gore go botlho- kwa gore mogodisi wa ngwana, yo kgodiso ya ngwana e tobaneng le ena poo mo phatlheng, e nne ene yo a kwadisiwang jaaka mogodisi wa ngwana.
“Fa ngwana a tswa mo matsogong a motho yo a neng a mo godisa a isiwa kwa go yo mongwe gore a yo golela koo, madi a puso a go thusa go godisa bana le ona a tshwa- netse go mo latela. Yo a neng a mo godisa o tshwanetse go leba kwa dikantorong tsa SASSA go ya go ba itsise gore ngwana ga a sa le mo matsogong a gagwe ka jalo ba se tlhole ba duelela madi ao mo seatleng sa gagwe, mme motho yo montšhwa yo a mo godisang o tshwanetse go leba kwa dika- ntorong tseno go dira kopo ya gore a kwadisiwe gore a amogele madi ao,” Letsatsi o tlaleleditse jalo.
Letsatsi a re fa go na le batho ba ba ntseng ba tsweletse go amogela megolo eno mme bana ba se tlhole ba le mo matso- gong a bona, batho bano ba tla tshwanela ke go busa madi ao otlhe ao ba a amogetseng go se mo molaong. Batho bano ba ka isiwa le kwa kgotlatshekelo fa bopaki bo ka supa gore ba dirile jalo ba itsi sentle e bile ba tlho- tlheleditswe ke maikemisetso a go utswa madi a puso.
Ditlamorago tseno di ka aparela gape le batho ba ba golelang batho ba ba golang madi a go ba tlhokomela fa e le gore ba a dirisa ka tsela e e sa tshwanelang - e leng madi a ba a neelwang ke SASSA gore ka madi ao ba kgone go tlhokomela bana ba ba tshelang ka bogolofadi jo bogolo jo bo gapeletsang gore ba direlwe ditiro tsa letsatsi le letsatsi, ba ba golelang batho ba ba tshelang ka bogolofadi le ba ba golelang batho ba bagolo ba ba tsofetseng.
“Fa e le gore madi ano a dirisediwa go reka notagi, diritibatsi kgotsa gona go tshameka ka ona mme a sa dirisediwe go tlhokomela mong wa ona, dikgato tsa go buletsa ditiragalo tseno go tshwana le fa dikarolong tse go boletsweng ka tsona fa godimo di tshwanetswe go tsewa,” Letsatsi o tlhalositse jalo.
Ke mang yo a ka dirang kopo? 
Motho yo mongwe le yo mongwe yo e leng moagi wa naga ya Aforika Borwa, yo e ka tswang e le moagi yo e seng moAforika Borwa mme a neilwe tetla ya go nnela ruri mo nageng kgotsa e le mofaladi yo ditokomane tsa gagwe di leng mo molaong, go sa kgathalesege gore ngwana yoo ke wa gagwe wa madi kgotsa ga se wa madi, o letleletswe go ka dira kopo ya go neelwa madi a puso a go thusa go godisa bana, mme gore seno se kgonagale motho yoo o tshwanetse go latela dintlha tse di tlhagisi-tsweng fa tlase:
• Ngwana yo a godisiwang mmogo le motho yo a mo godisang bobedi bo tshwane- tse bo bo bo nna mo nageng ya Aforika Borwa letsatsi le le- ngwe le le lengwe.
• Mo lelapa leo le tlhokome- lwang ke motho yo e sa- ntseng e le ngwana, motho yoo o tshwanetse a bo a na le dingwaga di le 16 go ya kwa godimo.
• Ngwana yoo ene o tshwane- tse a bo a na le dingwaga di le 18 kgotsa tsa kwa tlase.
• Motho yo mogolo ono o tsenang mo diatleng tsa ga- gwe e tshwanetse ya bo e le ene yo a tobaneng poo le kgodiso ya ngwana yoo e bile bobedi bo tshwanetse bo bo bo nna mo ntlong e le esi.
• Motho yo go tla duelelwang mogolo mo diatleng tsa ga- gwe o tshwanetse go ikobela dikgato tsa go tlhatlhoba gore o na le ditsela tsa go itirela le- tseno kgotsa jang.
Fa e le gore motho yo a godi- sang ngwana yoo ga a na mothusi (ka ntlha ya gore ga a ise a ke a ipone a nyetse kgotsa a nyadisitswe, ka ntlha ya gore o kgaogane le motho yo a neng a mo nyetse kgotsa a mo nyadisitswe kgotsa ka ntlha ya gore mothusi wa gagwe o thutse botala ka tlhogo), mogolo wa gagwe o tshwanetse wa bo o sa fete R4 800 ka kgwedi.
Fa e le gore motho yo a godisang ngwana yoo o nyetse kgotsa o nyadisitswe, megolo ya bona ka bobedi fa e kopanngwa ga e a tshwa nela go feta R9 600 ka kgwedi.
Mogolo wa mookapelo wa gago ga go kitlwa go itlhokomoloswa ona - go sa kgathalesege gore banyalani ba nyalane ka lenyalo la go tlhakanela kgotsa la go se tlhakanele dithoto, ba nyalane ka lenyalo la setso sa Seaforika kgotsa sa se-Asia, ba nyalane ka lenyalo la sekgoa kgotsa go sa kgathalesege le gore batho ba ba dirang kopo eno ngwana ke wa bona wa madi kgotsa ga se wa madi.
Fa o tlhoka go buletsa tiriso e e sa tshwanelang ya madi a puso a go thusa baagi, letsetsa SASSA mo mogaleng o o sa duelelweng wa 0800 60 10 11.
“Go diriwa dipatlisiso ka gang fela fa ditiragalo tseno tsa go se dirise ka tshwanelo madi ano di sena go begiwa. Fa dipatlisiso tseno di ka utulola gore ke boammaruri gore madi a no ga a tswele ngwana yoo mosola, SASSA e ka tsaya tshwetso ya gore go tsenngwe motho yo mongwe yo a tla amogelang le go laola madi ano mo legatong la ngwana yono.”
