Ditlhwatlhwa tse di tlhatlogetseng kwa godimo tsa go reka dilo tse re iphedisang ka tsona ditlhoka gore re di tseele dikgato re le seoposengwe



Mo dikgweding di le mmalwa tse di fetileng boleng jwa matshelo a maAforika Borwa bo wetse kwa tlase ka ntlha ya ditlhwatlhwa tse di tlhatlogetseng kwa godimo thata tsa go reka dilo tse ba iphedisang ka tsona.
Jaanong go boima go duelela dijo le dilwana dingwe tse di botlhokwa, go duelela ditirelo tse di botlhokwa mmogo le go duelela mareu mo dipalangweng tseo di dirisiwang ke setšhaba kgotsa go tshela mafura mo dipalangweng tsa bona. Le fa tota go tlhatloga ga ditlhwatlhwa tseno go ama matshelo a batho botlhe, malapa a a iponelang letseno le le sa reng sepe ona a goga boima go gaisa a mangwe. ----- Lenane la Ditlhwatlhwa tse Bareki ba Rekang ka Tsona la Kgwedi ya Moranang 2022 le le phasaladitsweng sešweng jaana ke Lefapha la Dipalopalo la Aforika Borwa (Stats SA) le bontsha sentle gore ga go gokalo go go dirilweng go thusa maAforika Borwa a a gogang boima go gaisa. Ditlhwatlhwa tsa dijo di oketsegile ka dipalo tse di kwa godimodimo ka diperesente di le 6.2. Ditlhwatlhwa tse dintsi tsa dijo tse di tlhokagalang go gaisa di feta tsa mo ngwageng yo o fetileng ka palo e e boitshegang, mo re bonang didirisiwa tse di dirisiwang thata tse di jaaka mafura ditlhwatlhwa tsa teng di tlhatlogileng thata.
Tlhwatlhwa ya leokwane, eo e nang le seabe se segolo mo ditlhwatlhweng tsa dilo tse dingwe tsotlhe, e tlhatlogile ka bogolo jwa makgetlo a le mararo mo dikgweding di le 12 go fitlha ka kgwedi ya Mopitlwe 2022.
Leru leno ga le a wela fela naga ya Aforika Borwa.
Lenaneo la Dipatlisiso ka go Botsolotsa Baagi Dipotso la Kopano ya Foramo ya Merero ya Ikonomi ya Lefatshe le le phasaladitsweng sešweng jaana le bontsha gore kotara ya palo yotlhe ya baagi mo lefatsheng lotlhe, mmogo le kwa dinageng tse di sa tlhokeng, ba goga boima ka ntlha ya ditlhwatlhwa tse di tlhatlogetseng kwa godimo.
Go tlhatloga ga ditlhwatlhwa tseno, segolo jang go tlhatloga ga leokwane, ke ditlamorago tsa ditiragalo tse re ka se kgoneng go di laola. Ntwa e e runtseng magareng ga naga ya Russia le Ukraine e nnile le seabe se segolo se se sa itumediseng mo ditlhwatlhweng tsa leokwane le tsa dijo. Dinaga tseno ka bobedi di na le seabe se segolo thata mo go tlameleng dinaga tsa boditšhabatšhaba ka manyora, mabele le dithapo tse go gonyololwang mafura a go apaya mo go tsona mmogo le go dirisediwa ditiro tse dingwe tse dintsi.
Tse dingwe tsa ditiragalo tse re ka se kgoneng go di laola tse di dirileng gore ditlhwatlhwa di tlhatloge ke kotulo e e kwa tlase e re nnileng le yona ka ntlha ya go senngwa ga dijalo ke phetogo ya maemo a loapi, go tshwana le merwalela e e gogotseng dijalo le komelelo e e nnileng teng.
Le fa bontsi jwa ditiragalo tseno re ka se kgone go di laola, puso e leka ka natla go dira gore ga jaanong le mo isagong maAforika Borwa a se imelwe ke koketsego ya ditlhwatlhwa.
E nngwe ya dintlha tse di re tswelang mosola re le naga ke Banka e Kgoloe e e nang le maatla e e ikemetseng ya naga e e kgonneng go dira gore phetogo ya ditlhwatlhwa e se tswe mo taolong, gore e se fete eo dinaga tse dingwe di le dintsi mo lefatsheng di itemogelang yona.
Mo malobeng re itsisitse setšhaba gore dituelelo tsa leokwane di tla tswelela go nna di sa tlhatloge ka sebaka se sengwe gape sa dikgwedi di le pedi go fitlha ka kgwedi ya Phatwe, mme seno se tla dira gore malapa a le mantsi a se goge boima go feta tekano. Dikgato tseno di thusitse maAforika Borwa gore a se rwale joko e e boima eno fa e sale Moranang a roga. Ka ntlha ya fa dituelelo tsa leokwane di tsamaya le dituelelo tse dingwe tse madi a teng a tsenang mo sekgwameng sa puso, mme madi ao a dirisediwa go diragatsa matsholo a a botlho kwa a puso, go ka se kgonagale gore dikgato tseno go itshegediwe ka tsona go ya go ile.
Le fa go le jalo, go na le dikgato dingwe tse re ka di tsayang.
Gore re kgone go mekamekana le seno gompieno le mo nakong e e tlang, go botlhokwa gore re tlhabolole dikgato tsa rona tsa go netefatsa gore ga re tlhaele dijo. Lekala le re nang le lona la temothuo le na le maatla e bile le tswelela go gola le go tlhola ditiro.
Mo go oketseng ditlhagisiwa tse re di kotulang le mo go gagamatseng dikgato tsa go dira gore re se tlhaelwe ke dijo, re samagana le go dira dipeeletso tse di seng kana ka sepe mo go direng gore re kgone go nna le bokgoni jo bo lekaneng ka fa nageng, mo go emeng nokeng ka go tshwana balemirui ba bagwebi le ba ba sa kotuleng ditlhagisiwa tse dintsi ka fa nageng mmogo le mo go thuseng batho ba bangwe ba bantsi go itemela dijo ka bobona.
Ka go sola mosola Letsholo la Maditshegetso a go Tlhola Ditiro la Moporesitente, balemirui bao ba tshotseng dipolasa tse dinnye ba feta ba le 65 000 ba neilwe diboutšhara tsa go ba thusa, mme go samaganwe le tiro ya gore go fitlhelelwe go ba le 250 000. Puso e samagane gape le tiro ya go ema nokeng balemirui ba ba itemelang dijo tse ba iphedisang ka tsona ka go ba rekela manyora le didirisiwa tsa go lema gore ba kgone go itirela dijo, mmogo le go thusa batho go ijalela mo ditshingwaneng tsa bona. Kwa diporofenseng di tshwana le ya Bokone Bophirima, balemirui bao ba tshotseng dipolasa tse dinnye ba neelwa sata le dikgogo ke puso e e dirisanang mmogo le dikholeje tsa moo tsa dithuto tsa temothup gore ba kgone go itshimololela.
Ka go Diragatsa ka Bonako Maano a go Neelana ka 'Naga mmogo le go neelana ka 'naga ya puso gore e dirisediwe merero ya temothuo, re ema nokeng balemirui ba bangwe ba bantsi bao ba tshotseng dipolasa tse dinnye gore ba kgone gore ka tsona ba godise dikgwebo tsa bona le go dira gore di kgone go atlega mme e nne balemirui ba bagwebi. Re samagane gape le go nna le tirisanommogo magareng ga puso le maphata a poraefete gore re kgone go oketsa palo ya balemirui ba bathobantsho mo dikgwebong tsa temo ka go diragatsa matsholo a tshwana le Badirisanimmogo mo Ditharabololong tsa Temothuo le Kabo ya Dinaga mmogo le a Setheo sa Merero ya Tlhabololo ya Temothuo.
Mo go gagamatseng dikgato tsa pabalesego ya ditshedi le tsa go tlhokomela malwetse a diphologolo a a jaaka jwa tlhako le molomo, re gagamatsa dikgato tsa go letlelela diphologolo go isiwa kwa le kwa mmogo le tsa tlhagiso ya meento ya diphologolo.
Mo godimo ga go ema nokeng tlhagiso ya dijo ka fa nageng, dikgato tse di jaaka tsa go oketsa megolo ya puso ya go thusa baagi mmogo le tsa go dira gore ditlhwatlhwa tsa didirisiwa tse di botlhokwa di se namelele di mosola mo go thibeleng gore batho ba ba humanegileng ba se gobelelwe ke ditlhwatlhwa tse di tsweletseng go tlhatlogela kwa godimo. Ka go tlamela malapa a a humanegileng ka ditirelo tse di botlhokwa tse ba sa di dueleleng, re kgona go dira bonnete jwa gore ga go na lelapa le le kgaolelwang ditirelo tse di botlhokwa tseno.
Gore re tshwamole mo diatleng tsa paka e e bokete eno, rotlhe re le setšhaba re tshwanetse go nna le seabe.
Seabe se re tla nnang le sona ke gore, puso e tla tswelela go ela maemo tlhoko mmogo le go dira sengwe le sengwe se se mo matleng a yona go sireletsa maAforika Borwa gore a se iphitlhele a tshelela mo ditlhwatlhweng tse di tlhatlogang ka tsela e e seng mo taolong mo ba ka iphitlhelang ba palelwa ke go reka dilwana tse ba iphedisang ka tsona.
Koporasi ya Aforika Borwa e tshwanetse go dira bonnete jwa gore bareki ga ba iphitlhele ba duelela ditlhwatlhwa tsa dijo ka madi a a fetang boleng jwa tsona.
Re itumedisiwa ke seo batlhagisi ba dijo le barekisi ba tsona ba se umakileng fa ba re ba samagane le dikgato tse di tla dirang gore bareki ba kgone go ka reka dilwana tse dintsinyana ka madi a bona.
Mo kgweding ya Mopitlwe monongwaga Khomišene e e Okameng Merero ya Dikgaisano tsa Dikgwebo e phasaladitse melawana e e tshwanetsweng go latelwa mo mererong ya go dira dipatlisiso mo mebarakeng ya dijo tse di foreše gore baagi ba ntshe se se mo mafatlheng a bona ka ga yona. Go nopotswe gore ditlhwatlhwa tsa dijo tse di foreše di tlhatlogile ka ditlhwatlhwa tse di kwa godimo go gaisa tseo di beetsweng tsa infoleišene, mme seno se tlisa tlhokego ya tekatekano e e seng kana ka sepe mo bathong ba ba humanegileng. Mo dikgatong tseno go tla lebelelwa gore a go na le ditiragalo tse di seng tsa boammaruri mo lephateng la dikgwebo tse di dirang gore dijo di tlhatlosiwe ka ditlhwatlhwa tse di kwa godimo.
Fela jaaka re dirile mo nakong ya leroborobo la COVID-19, re tla dirisa pholisi ya rona ya dikgaisano tsa dikgwebo go thibela gore bareki ba se reke dilwana ka ditlhwatlhwa tse di kwa godimo tse di okediwang ka tsela e e seng mo molaong mmogo le go thibela ditiragalo tsa go gaisana tse di seng mo molaong wa dikgwebo.
Dikgato tse re tsweletseng ka tsona tsa go fetola batsholateu mo mererong ya ikonomi di tla kgona go ema nokeng dikgato tseno.
Maitlhomo a diphetogo tseno mo lephateng la motlakase, la dipalangwa le la mafaratlhatlha a ditlhaeletsano ke go fokotsa ditlhwatlhwa tsa motlakase, tsa dituelelo tsa dijanaga tse di rwalang dithoto mmogo le go fokotsa ditlhwatlhwa tsa data mo pakeng e telele e e tlang ka go oketsa dikgaisano le ditirelo tse di manontlhotlho. Mo nakong e e tlang ditirelo tseno ga re a tshwanela go di duelela ka dituelelo tse di kwa godimo thata jaaka go le ga jaana.
Ntle le ditlhwatlhwa tsa leokwane le maemo a phetogo ya loapi, e leng dilo tse re senang maatla a le kalo go ka mekamekana le tsona, re le puso, dikgwebo, mekgatlho ya badiri le ya baagi gona le dilo dingwe tse re ka di dirang go thusa baagi ba naga ya Aforika Borwa mo nakong e e bokete eno mo matshelong a bona.
