Ditirelo tsa bongaka tse di leng mo molaong tse di babalesegileng tsa go tsholola mpa ga di duelelwe

Allison Cooper

Ga go na mabaka a a utlwagalang fa basadi ba ba ithweleng ba dirisa ditleliniki tse di seng mo molaong le tse di sa babalesegang fa ba batla go tsholola mpa.
Seno ke go ya ka Motlatsatona wa Boitekanelo Ngaka Sibongiseni Dhlomo, yo a tlhalosang gore molao o letlelela basadi botlhe go tsholola mpa kwa tleliniking kgotsa kwa sepetleleng sa puso fa ba batla go dira jalo fa mpa ya bona e se na sebaka sa go feta dibeke di le 12, ntle le go duelela tirelo eno.
“Re le baeteledipele mo pusong go re utlwisa botlhoko jwa ntho go bona baagi ba naga ya rona ba furalela ditirelo tse di babalesegileng tse ba sa di dueleleng mme ba ya go duelela motho yo mongwe go tsenya matshelo a bona mo kotsing ka madi a bofelo a ba senang ona mme ba dira seno ka ntlha ya mabaka a a itsiweng ke bona a a ba gapeletsang go dira jalo. Botlhe re dira diphoso ka jalo, ga go na mabaka a a utlwagalang a a ka dirang gore mosadi a gapeletsege go tsholola mpa e a neng a sa e batle ka go leba kwa bathong ba molao o sa ba neelang matla a go dira jalo le ba ba tla bayang matshelo a bona mo kotsing. Go tsholola mpa ka go dirisa ditsela tse di seng mo molaong go ka se go tswele mosola,” ga rialo Ngaka Dhlomo.
Lefapha la Boitekanelo le na le mafelo a le 346 a lona a a thusang ka ditirelo tse di babalesegileng tsa go tsholola mpa, o tlaleleditse ka go rialo.
Mafelo ano a fitlhelwa kwa Kapa Botlhaba (mme koo go na le mafelo a le 46), Foreistata (mme koo go na le mafelo a le 16), Gauteng (mme koo go na le mafelo a le 25), KwaZulu-Nata (mme koo go na le mafelo a le 56), Limpopo (mme koo go na le mafelo  a le 54), Mpumalanga (mme koo go na le mafelo a le 27), Kapa Bokone (mme koo go na le mafelo a le 06), Bokone Bophirima (mme koo go na le mafelo a le 26) mmogo le kwa Kapa Bophirima (mme koo go na le mafelo a le 90).
Mathata a a tlhodiwang ke go tsholola mpa ka ditsela tse di seng mo molaong
Mokaedi yo a Tshwereng Marapo wa Bookelo jwa Basadi le Batsadi ba Masea kwa Lefapheng la Boitekanelo la KwaZulu-Natal, Phalanndwa Muthuphei, a re basadi ba ka wela mo mathateng a a seng kana ka sepe fa ba tsholola mpa ka ditsela tse di seng mo molaong“Mathata a ntlha a motho a ka itemogelang ona ka pele ke a go dutla madi a mantsi, go kgakgamololwa ga molomo wa popelo, go gobadiwa ga serwe sa bomme le mpa, go kgotlhelega ga mpa go go ka bakang malwetse mmogo le go dira botlhole mo mading.
“Mo tsamaong ya nako basadi ba ka simolola go itemogela mathata a a tsamaisanang le go tlhoka  peo, mathata a peo e e thuthugang ka fa ntle ga popelo, mathata a mpa e e itshololang kgotsa a go belega nako e ise e fitlhe mmogo le go ka thula botala ka tlhogo,” garialo Muthuphei.
“Basadi ba ka nna gape le mathata a go fuduwa  ke maikutlo a a tlhodilweng ke go tsholola mpa ka ditsela tse di seng mo molaong mme ona ke a go gopola setlhogo se a fetileng mo go sona, go gatelelwa ke maikutlo mmogo le go se tlhole a kgona go tsalana sentle le batho ba bangwe.
“Go tsholola mpa ka tsela e e go bayang mo kotsing e ka tlisa mathata a ditšhelete mo basading, mo baneng, mo malapeng le mo baaging,” o tlaleleditse ka go rialo.
Ditsela tsa go tsholola mpa tse di leng mo molaong tse batho ba ka itlhophelang tsona
Muthuphei a re basadi ba ba batlang go tsholola mpa go na le ditsela tsa go tsholola mpa tse di leng mo molaong tse ba ka itlhophelang tsona kwa ditleleniking le kwa dipetleleng tsa puso.  “Ba tla itlhophela mokgwa o ba batlang gore o dirisiwe, mme ditlhopho tsotlhe tse ba itlhophetseng tsona di tshwanetswe go diriwa ke ngaka kgotsa mooki yo a tswang sekolong yo gape a nang le maitemogelo,” o tlaleleditse ka go rialo.
Ba tla itlhophela gore ba batla go tsholola mpa ka go neelwa melemo ya go tsholola mpa kgotsa ka go diriwa karo, mme fano go tla ya ka gore mpa eno e setse e na le sebaka se se kanakang.
Tsela ya go tsholola mpa ka go neelwa melemo ya go tsholola mpa ke e e diriwang ka gore motho yo a leng mo mmeleng a neelwe dipilisi tse pedi tsa go tsholola mpa, mme yona e dirisiwa mo bathong ba ba ithweleng ba ba nang le sebaka se se sa feteng dibeke di le robongwe ba ithwele.
“Mpa ya moimana yono go latela gore a nosiwe dipilisi tseno e tla tshologa a le kwa gae e seng a le kwa sepetlele kgotsa kwa tleliniking,” ga rialo Muthuphei.
Go tsholola mpa ka karo gona go diriwa ke mooki yo a leng mo molaong (mme ene o letleletswe go ka thusa basadi ba mpa ya bona e nang le sebaka se se sa feteng dibeke di le 12) kgotsa ngaka (mme ene o letleletswe go ka thusa basadi ba mpa ya bona e nang le sebaka sa dibeke di le 12 go fitlha go di le 20).
Go ya ka Molao wa Ditsela tsa go Tsholola Mpa tse Batho ba ka Itlhophelang Tsona wa bo 92 wa ngwaga wa 1996 (Molao wa bo 92 wa 1996), batho ba ka tsholola mpa fa ba na le sebaka sa go tloga mo dibekeng di le 13 go fitlha mo go di le 20 mme seno se tla diriwa fa ngaka, morago ga go tšhotlha kgang eno le mosadi yo a ithweleng, a dumela gore:
• Fa mpa eno e tlogelwa go gola e tla ntsha mosadi yono kotsi mo mmeleng kgotsa mo  tlhaloganyong.
• Go na le kotsi e kgolo thata ya gore leseanyana leno le tla nna le mathata mo mmeleng kgotsa mo tlhaloganyong.
• Gore mosadi yono a ithwale ke ka ntlha ya go betelelwa kgotsa go robalwa ke yo mongwe yo a amanang le ene ka madi.
• Fa mpa eno e tlogelwa go gola e tla tsenya ka tlhogo mosadi yono mo mathateng go tsenyeletsa le a ditšhelete.
Go tsholola mpa go ka diriwa gape le fa e le gore sebaka se motho a nang le sona a ithwele se feta dibeke di le 20, mme seno se tla diriwa fa ngaka, morago ga gore a tšhotlhe kgang eno le mooki yo a leng mo molaong yo a tlhokomelang baimana, a bone gore fa mpa eno e ka tlogelwa go gola e tla baya botshelo jwa mosadi yoo mo kotsing, ya dira gore leseanyana le mosadi yo a ithweleng ka lona le gole ka tsela e e sa tshwanelang kgotsa go le baya mo kotsing ya go ka gobala.
Go ya ka molao ono basadi botlhe, le fa e le gore ke ba bannye ba ba nang le dingwaga tse di ka fa tlase ga di le 18, ba letleletswe go ka tsholola mpa. Ga ba tlhoke tetla ya motsadi kgotsa ya motho o a ba godisang. Go ya ka Lefapha la Boitekanelo la porofense ya Kapa Bophirima, fa e le gore o monnye o tla elediwa gore o bolelele motho yo mogolo yo o mo tshepang le go felegediwa ke mongwe fa o tla kokelong. Mme le fa go le jalo, ga o gapelediwe go dira seo.