Matlafatso ya bathobantsho mo mererong ya ikonomi e tshwanetswe go diragadiwa gore kgolo e nne teng

Vukuzenzele Unnamed

Mo kgweding ya Moranang monongwaga kwa porofenseng ya Kapa Botlhaba go konoseditswe konteraka ya thendara e kgolo e e iseng e ke e bonwe e e diragatsang Matlafatso ya Bathobantsho ka Bophara mo Mererong ya Ikonomi e leng seo se tokafatsang seabe sa basadi ba bathobantsho ba ba nang le dikgwebo mo lephateng la motlakase.
Lefelo la Bodutelo jwa Leokwane ka Mmetela la Setlamo sa BP Sou  thern Africa la kwa East London le rekiseditswe setlamo se se ikeme  tseng sa dikhemikhale le maokwane sa Wasaa. Wasaa e rekile didirisiwa tsotlhe tsa lefelo leno tse di kgonang go rwalwa mmogo le go reka tetla ya go nna beng ba dišere tse di ka dirang 20% tsa dipeipi tse di tswang ko leokwane le gogwang teng le tse di tshololang leokwane koo le tshololwang teng.
Jaaka pegelo ya ngwaga wa 2020 e e phasaladitsweng ke Khomišene ya Matlafatso ya Bathobantsho ka Bophara mo Mererong ya Ikonomi e bontsha gore makala a mantsi a a tshwereng ikonomi ga a diragatse dipeelo tse di leng teng tsa go dira basadi ba bathobantsho beng ba ditlamo, kgato eno ya go rekisetsa setlamo sa basadi ba bathobantsho lefelo la bodutelo jwa leokwane ke e nngwe ya dikgato tse dikgolo tsa tlhabololo tse di dirilweng fa e sale.
E na le seabe mo matsapeng a re a dirang a go baakanya maemo a baagi a go se lekane re se meno le go netefatsa gore baagi ba e leng bona ba bantsi ka fa nageng ba nna le seabe se se bonagalang mo ikonoming ya rona.
Mo malobanyaneng ke itsisitse baagi gore go tlhomilwe Lekgotla le le ntšhwa la Dikeletso la Merero ya Matlafatso ya Bathobantsho ka Bophara mo Mererong ya Ikonomi, mme lona le diriwa ke puso, di kgwebo, mekgatlho ya badiri mmogo le bannaleseabe ba bangwe.
Le tlhomilwe ka maitlhomo a go dira gore go kgonagale go fetola batsholateu mo ikonoming.
Lekgotla leno go simolotswe go buiwa ka lona lantlha mo pegelong ya ngwaga wa 2001 e e kwadilweng ke Khomišene ya BEE.
Pegelo eno e kwadilwe morago ga gore go diriwe dipatlisiso tse di tse neletseng ka sebopego sa ikonomi ya naga ya Aforika Borwa, mme dipatlisiso tseno di ne di tlhokega gore go kgonagale gore re kgone go fetola batsholateu mo ikonoming, gore re kgone go oketsa boitshi mololedikgwebo ba bathobantsho, gore re kgone go oketsa dipalo tsa bathobantsho mo diphatlhatirong tsa bolaodi jwa dikgwebo mmogo le mo go direng gore e nne beng ba dikgwebo, go akaretsa le go dira gore basadi ba bathobantsho ba tsenelele mo ikonoming e kgolo.
Mo ngwageng yo o tlang Molao wa Matlafatso ya Bathobantsho ka Bophara mo Mererong ya Ikonomi (B-BBEE), o o tlhodileng lekgotla la ona, o tla bo o fetsa dingwaga di le masomeamabedi o neseditswe pula go nna molao.
Maikemisetso a rona a go gagamatsa le go tseneletsa dikgato tsa go matlafatsa baagi mo mere rong ya ikonomi ga se a a tsewang ke phefo. Ke ka ntlha ya seno dikga to tsa matlafatso ya bathobantsho mo mererong ya ikonomi e leng dikgato tse di botlhokwa thata tse di tlhokegang mo go ageng sešwa le mo go tsosoloseng ikonomi ya rona go latela gore e repitliwe ke leroborobo la COVID-19.
Ntlha eno ke e nngwe ya tse ke di totobaditseng fa ke ne ke bua le Mokgatlho wa Bagwebi ba Bathobantsho kwa tshimologong ya kgwedi e e fetileng, fa re ne re buisana ka seo se tla diragalang ka B-BBEE ka fa nageng, tema e e setseng e ntshitswe mmogo le seo re tshwanetseng go se dira re le seoposengwe go ka ntsha tema le go feta mo go eo re setseng re e ntshitse.
Le fa go nnile le tema e kgolo e e dirilweng mo dingwageng di le masomeamabedi a a fetileng, go na le dikarolo dingwe tse di re buse ditseng morago. Re boetse morago thata fa go tla mo go oketseng palo ya batlhankedi ba balaodi, fa go tla mo go oketseng tlhatlhelelo ka bo kgoni, fa go tla mo go tlhabololeng dikgwebo tse dikgolo mmogo le fa go tla mo go oketseng ditšhono  mo dithendareng gore re kgone go di neela basadi ba bathobantsho mmogo le bašwa.
Puso ya tlhaolele e dirile ka bomo fa e aga ikonomi ya maaka e e neng e unngwela basweu. Baagi ba e leng bona ba bantsi mo nageng ya Afo rika Borwa ba ne ba kgaramelediwa kgakala le ditšhono tse dikgolo tse di botlhokwa mo ikonoming, mo baitlhamedikgwebo ba bathobantsho ba neng ba sa letlelelwa go ka nna le dikgwebo felo gongwe ntle fela le kwa diintasetering tse dinnye tsa kwa makeišeneng.
Fa puso ya tlhaolele e ne e phu tlhama, beng ba dikgwebo tse di leng mo lenaaneng la go gwebisana la JSE tseo e leng tsa bathobantsho ba ne ba le bontsinyanafela jwa ka fa tlase ga phesente e le nngwe.
Palo eno le jaanong morago ga dingwaga di le 28 ga e ise e fetoge go le kalo.
Le fa go le jalo, go na le ma tsholo a a botlhokwa a lekala la poraefete mmogo le dikgato tse di sekametseng ka fa letlhakoreng la bathobantsho tse di tserweng ke puso go thusa gore bathobantsho ba bantsi ba nne le seabe mo ikonoming.
Go simolola ka ngwaga wa 2017 go fitlha ka wa 2020, go rometswe dikopo tsa matlafatso ya bathobantsho di ka nna 500 kwa Khomišeneng ya B-BBEE gore di kwadisiwe. Mo maphateng a a botlhokwa a a jaaka a go aga, a dintlo, a tlhokomelo ya didirisiwa tsa tshedimosetso le tsa thekenoloji, a bojanala le a dipalangwa, teng dipeelo tsa go dira gore batho bantsho e nne bona beng ka bontsi di diragaditswe go feta le ka fao go neng go lebeletswe.
Go fetola batsholateu mo ikonoming mmogo le go godisa ikonomi ke monwana le lenala. E nngwe e ka se kgonege go nna teng ntle le e nngwe.
Ka go dira gore pulo ya difeme e tsamaelane le ya go fetola batshola teu, re tla bo re godisa thulaganyo e e dirang gore kgolo ya ikonomi e nne e e ikaegileng ka batho botlhe e e dirang gore batho ba kgaogane ditšhono go na le go dira gore ditšhono di bokane fela mo  letlhakoreng le le lengwe.
Lefapha la Kgwebisano, Inta seteri le Dikgaisano tsa Dikgwebo (dtic) le samagane le ntlha eno ka matsholo a a farologaneng. Ona ke la go ema nokeng dikgwebo mo makeišeneng, matsholo a tlha  tlhelelo ka kitso e e tsamaisanang le ya dikgwebo tse di gwebisa nang le tsa dinaga tsa kwa ntle a a diragadiwang ke Koporasi ya Tlhabololo ya Diintaseteri (IDC) a a tlhatlhelelang beng ba di kgwebo tseno ba e leng bathobantsho, basadi le bašwa, mmogo le ka go oketsa madi a a beelwang kwa thoko go dirisiwa mo mererong ya Dikgwebopotlana, tse Dikgolwana le tse Dikgolo (di-SMME) mo Mafe long a a Itlhophileng a Ikonomi (SEZ) a Tshwane.
Ka maano a dikonokono a makala a a maleba re kgona go diragatsa ditharabololo tse di tsamaisanang le seemo sa ka fa nageng tse di unngwelang dikgwebo tsa bathobantsho. Go naya motlhala, go tswile dikonteraka di le 10 go neelwa bathuthusi ba dikgogo tse mo go tsona go beeleditsweng madi a le kanaka R336 milione mme seno ke karolo ya Leano la konokono la dikgogo. Puso e thankgolotse gape le mokgatlho wa batlhankedi ba bathobantsho ba ba gwebisanang le dinaga tsa kwa ntle mme ona o tla golaganya beng ba ditlamo tsa bathobantsho tsa dijo, tsa didirisiwa tsa boenjenere, tsa diphatse tsa dijanaga, tsa melemo ya bo  mmabontle le tsa makala a mangwe a ikonomi.
Jaaka e le karolo ya letsholo la rona la go tlisa beng ba difeme ba bantšhwa ba bathobantsho, mo ngwageng yo o fetileng puso e neseditse pula matlole a le kanaka dibilione tsa diranta di le 2.5 e leng a tshegetso e ntšhwa go tshegetsa beng ba difeme ba bathobantsho ba le 180 ka go ba adima madithuso mo go IDC le mo Setheong sa Naga sa Matlole a Matlafatso (NEF) mmogo le go ba naya matlole a go ba thusa go tswa mo Setheong sa Merokotso sa dtic. IDC, NEF le ditheo tse dingwe di ikanne gore mo dingwageng tse tharo tse re di lebileng di tla tlamela beng ba difeme tsa bathobantsho ka dibilione tsa diranta di le 21. Dibilione tse dingwe gape di le 25 di beetswe kwa thoko go dirisediwa go ema nokeng bathobantsho, basadi, bašwa le ditlamo tse di laolwang ke badiredi ba tsona.
Go mo pepeneneng gore ke dilo tse dintsi tse di santseng di tlhoka go ka diriwa go samagana le dikgwetlho tse dikgwebo tsa bathobantsho di santseng di kopana le tsona. Tsona ke dikgwe  tlho tsa go iponela matlole a go  simolola kgwebo le a go e godisa mmogo le bokgoni jwa di-SMME jwa go ipatlela dimaraka tse di ka di rekisetsang ditlhagisiwa tsa tsona.
Dikgwebo tsa basadi ba bathobantsho segolobogolo di tsamaya di kgopiwa ke dikgwetlho fa go tla mo go direng gore di kgone go tsaya ditiro tse dikgolo tse di ka ba matlafatsang.
Go fedisa tshotlego ka dikgato tsa go matlafatsa bathobantsho mo mererong ya ikonomi ga se fela selo se se botlhokwa mo maitsholong a rona; gape ke selo se se tla tswelang dikgwebo mosola.
Go tswelela go se neele batho ba bantsho ditšhono mo maemong a a botlhokwa a ikonomi ba e leng bona batho ba bantsi ka fa nageng ke sona selo se se dirang gore ikonomi e se gole, mme seno kwa bofelong se imetsa dikgwebo tsotlhe. Go oketsa dipalo tsa batho ba ba itshimololelang dikgwebo ka fa nageng go botlhokwa mo go direng gore kgolo e nne teng.
Rotlhe re na le maikarabelo a re tshwanetseng go a tshwaraganela a go dira matsapa gore B-BBEE e kgone go tsenelela gonne mosola wa yona ke go fedisa go se lekane re se meno. Ikonomi e e sa boneng baagi ba yona ka leitlho le le lengwe e dira gore baagi ba yona ba se lekalekane, mme fa baagi ba sa lekalekane ga go a ke ga nna le kgolo e e atlegang.
Fa balaodi ba dikgwebo le beng ba dikgwebo bontsi e le basweu fela kgotsa e le banna fela, seno ga se fela gore ke phoso, seno gape ke selo se se tla dirang gore 'kgwebo tseo di se nnele ruri.
Kana dilo tse ba di rekisang mmogo le ditirelo tse ba di rekisang di rekiwa ke baagi ba ba farologa neng ba Aforika Borwa. Ka jalo seno se tshwanetse go ipontsha mo bathong ba ba thapilweng le mo ba ba thapilweng mo maemong a bolaodi jwa dikgwebo tseno, mo bathong bao e leng beng ba tsona le mo dikgwebong tseo dikgwebo tseno di di neelang dithendara.
Matlafatso ya Bathobantsho ka Bophara mo Mererong ya Ikonomi e tla atlega fa fela botlhe ba ba amegang ba dirisana mmogo le go nna le maikemisetso a a tshwanang a go fetola batsholateu.
Go tlhomiwa ga Lekgotla le lentšhwa la B-BBEE go tla re thusa go oketsa mo dikgato tsa rona di feletseng teng tsa matlafatso ya bathobantsho ka bophara mo mererong ya ikonomi. Ke ikuela mo dikgwebong, mo mekgatlhong ya badiri, mmogo le mo diinta setering go dirisana sentle mmogo le lekgotla leno jaaka le tla bo le tshwaragana le namane e tona eno ya tiro.
