Go itharabologelwa le go itlhotlhora mo ditshenyegelong tsa merwalela 

Vukuzenzele Unnamed

E setse e ka nna dikgwedi tse pedi fa e sale merwalela e megolo e tlhasela dikarolo tsa KwaZulu-Natal, Kapa Botlhaba le Bokone Bophirima, le go gogola le matshelo a batho a a seng kana ka sepe mmogo le go senya dithoto le mafaratlhatlha.
Go sale gale, ke ne ka etela eThekwini kwa KwaZuluNatal go kopana le beng ba dikgwebo mo toropokgolong e le go ba neela tshegetso ya rona mo go busetseng ditiro mannong.
Fa mafelo ano a ne a welwa ke matlhotlhapelo a, go ne go na le pelaelo ya gore a bothati bo na le bokgoni kgotsa bo tla tsibogela ka tshwanelo le ka nonofo maemo a a utlwisang botlhoko ano a batho ba ba latlhegetsweng ke dithoto tsotlhe tsa bona.
Morago ga go etela toropokgolo eno lekgetlo la bobedi go latela gore le aparelwe ke merwalela, ke iponetse ka ame a mabedi gore pelaelo eno e ne e le e e fosagetseng. Kwa KwaZuluNatal, fela jaaka kwa Kapa Botlhaba le Bokone Bophirima, bannaleseabe botlhe ba ntse ba semeletse go busetsa maemo mannong go tswa mo ditiragalong tse di botlhoko tse.
Tikwatikwe ya Bosetšhaba ya Taolo ya Matlhotlhapelo e ntse e golaganya maphata otlhe a puso mo maitekong a yona a go thusa baagi ka ditirelo tsa ona tsa botho go malapa a mantsi a a amegileng. Go ntse go  itumedisa go bona ba lekala le e seng la puso, kgwebo le mekgatlo ya namolo e dira mmogo le puso go tlamela ka thuso ya namolo e tota e tlhokegang thata.
Bannaleseabe botlhe ba tlametse ka dijo, diaparo, dikobo, dipakana tsa seriti le diaparo tsa sekolo go malapa a a amegileng go fitlhelela ditlhokego tsa bona tsa motheo. Ditirelo tsa mafelobonno ga jaana di reboletswe batho ba feta  7 000 mo didikeng tse nne tse di amegileng go gaisa kwa KwaZulu-Natal. Go setse go simolotswe ka tiro ya go agela malapa a a amegileng mafelobonno a nakwana mo dikarolwaneng tsa lefatshe la puso tse di supilweng kwa KwaZulu-Natal tse di siametseng khudugelo.
Lefapha la Merero ya Selegae, la Boitekanelo le la Thuso ya Baagi a ntse a thusa baagi ba ba amegileng go fitlhelela ditirelo tsa botlhokwa. Sekao, go na le dikantoro tse di tsamayang mo motseng tse di thusang ba ba latlhegetsweng ke ditokomane tsa botlhokwa mo merwaleleng gore ba kgone go rebolelwa dikarata tsa boitshupo tse dišwa le makwalo a matsalo. Ditirelo tse di tsamayang motse ka motsana tsa boitekanelo, go akaretsa le tsa go tlhabela meento ya COVID-19, di tlamelwa batho ba ba nnang mo mafelong a a iseng mo go ona ditirelo tseno di nne le meago mo go tsona. Go na le maano a a dirwang go duela megolo ya go thusa batho ba ba amegileng.
Go rekiwa diphaposi tsa nakwana gore thuto e se tswelele go kgoreletsega sebaka se se fetang tekano kwa dikolong tse di amilweng ke merwalela.
Tiro e a tswelela go baakanya ditiro tse di senyegileng tsa go tlhotlhwa ga metsi a a dirisitsweng, diteišene tse di pompang metsi le mafaratlhatlha.
Ditsela tse di senyegileng di a baakanngwa. Go logilwe maano a go aga maborogo a mašwa a le 18 jaaka karolo ya lenaneo la Maborogo a Metsemagae a Welisizwe.
Go nnile gape le tswelopele e e bonalang mo go baakanyeng mafaratlhatlha a botlhokwa a a tshegetsang Boemakepe ba Durban.
Ka ntlha ya botlhokwa ba boemakepe bo mo ikonoming ya bosetšhaba le ya kontinente, pharakano ya boemakepe e buseditswe mannong, ditiragalo tsa ditheminale di dira ka botlalo mme tiro ya go baakanya mafaratlhatlha a diporo a a senyegileng e tswelela pele.
Go dirwa gape le ditsela tse dingwe tsa go tlamela ka tshegetso ya matlole go dikgwebo tse dikgolo le tse dinnye tse di leng ka fa tlase ga kgatelelo. Se se tlhokega ka bonako go netefatsa gore dikgwebo di tswelela  go dira le gore ditiro di tla tswelela go bolokiwa.
Mo dinakong tse di farologaneng tsa hisetori ya temokerasi ya rona, re ne ra lebagana le ditiragalo le maemo a a neng a leka tsepamo ya batho ba rona le nonofo ya ditheo tsa rona.
Re bone tirisano le tshegetso e e tseneletseng go baagi ba ba amegileng ba diporofense tsa KwaZuluNatal, Kapa Botlhaba le Bokone Bophirima. Dipuso tsa mmasepala le porofense di ntse di dirisana mmogo le mafapha a bosetšhaba le ditheo go kgontsha batho go aga sešwa matshelo a bona le go busetsa ikonomi ya mafelo ano mannong.
Ba ntse ba dirisana le bannaleseabe botlhe mo mafelong otlhe a go netefatsa gore re momaganya maiteko a rona a poelomannong le gore re rulaganya le go aga sešwa ka tsela e e tla emelelanang le ditiragalo tse di masisi tsa mothale o mo isagong.
Boitshoko ba baagi ba ba amegileng, boineelo ba bona ba go tswelela le bokgoni ba bona ba go dira mmogo mo dinakong tse tsa tshisibalo e nnile thotloetso e kgolo. Re akgola botlhe ba ba nnileng karolo ya maiteko a go thusa batho mo diporofenseng tse di amegileng.
Jaaka puso, re dirisa tsotlhe tse re nang natso le go dirisa maiteko otlhe go netefatsa gore, jaaka re aga sešwa, ga go ope yo o tlogelwang kwa morago.
