Eya go tsaya karata ya laesense ya gago ya go kgweetsa

Vukuzenzele Unnamed

Bakgweetsi ba ba dirileng dikopo tsa karata ya laensense ya go kgweetsa kgotsa phemiti e ntšhwa ya go kgweetsa ya porofešenale (PrDP) kgotsa e o e ntšhwafaditseng magareng ga Diphalane le Sedimonthole ngogola go ikuelwa mo go bona gore ba tle go di tsaya.
Go ya ka Koporasi ya Taolo ya Pharakano ya Tsela (RTMC), mo dilae senseng tsotlhe tsa go kgweetsa tse di kopilweng di le 32 748 tse di tlhagisitsweng mo pakeng eno, go setse go tserwe di le 42%.
Tona ya Dipalangwa, Fikile Mbalula, o butse ditikwatikwe tsa dilaesense tsa RTMC kwa Midrand le Eco Park ngogola, go samagana le tshalelomorago ya  dilaesense tsa go kgweetsa tse di feletsweng ke nako ka ntlha ya COVID-19.
Akhaonto ya Dikarata tsa Laesense ya go Kgweetsa, e e gatisang dilaesense, e semeletse go itlhaganedisa tlhagiso mme e tswelela go nna mo dinakong go ka fedisa tshalelomorago e mo mafelong a Seetebosigo.
RTMC ya re batho ba ka tlhola seemo sa kopo ya bona pele ba ya kwa tikwatikweng ya diteko go ya go e tsaya.
Se se ka dirwa ka SMS kgotsa mo webosaeteng.
Tshedimosetso mabapi le laesense ya gago ya go kgweetsa ka go romela SMS 
Go tlhola gore laesense ya gago ya go kgweetsa e  tsamaya kae, modirakopo a ka romela nomoro ya ID ya gagwe ka SMS go 33214.
O tla amogela nngwe ya di-SMS tse di latelang:
• Application received: The application was received, but has not yet been proces sed.
• Production queue: The card is still being processed and manufactured.
• Produced and ready for collection: The card will be ready for collection in 21 days. However, due to the high number of cards being processed, the RTMC advises you to wait 35 days before going to collect.
• Problem card: There is a problem with the production of your card. Please return to the testing centre.
Go tlhola gore kopo ya gago ya PrPD e tsamaya  kae, romela nomoro ya ID ya gago mo go 44220.
Tshedimosetso mabapi le laesense ya gago ya go kgweetsa ka go dirisa mafaratlhatlha a inthanete 
O ka dirisa gape le mafaratlhatlha a inthanete go tlhola gore kopo ya gago ya laesense ya go kgweetsa e tsamaya kae ntle le go duelela tirelo eno.
• Etela online.natis.gov.za.
• Dira porofaele mme o tsene mo go yona.
• Mo webesaeteng eno kgotla mo go bontshang gore o ka tlhola kopo ya gago mo teng.
Ba dilaesense tsa bona di feletsweng ke nako magareng ga Mopitlwe 2020 le 31 Phatwe 2021, mme ba fetilwe ke letlha la go dintšhwafatsa ka la bo  5 Motsheganong 2022, ba rotloediwa go dira kopo ya laesense ya nakwana fa ba dira kopo ya go ntšhwafatsa go netefatsa gore ba tswelela go ikobela melao.
Le fa ditikwatikwe tsa RTMC di bulwa Mosupo logo go fitlha ka Latshipi go tloga ka ura ya bosupa mo mosong go fitlha ka ura ya borobongwe bosigo, baagi ba rotloediwa go dirisa Labotlhano le matsatsi a mo bofelong jwa beke ka ntlha ya fa mela e le mekhutshwane mo matsatsing ao.