Baoki ba ntlha ba diphologolo mo Aforika Borwa ba a aloga

Allison Cooper

Go nna mongwe wa dialogane tsa ntlha mo nageng tsa baoki ba diphologolo ke phitlhelelo e kgolo go moagi wa Randburg, Phumelela Mthimkhulu, yo a nang le dingwaga di le 21, yo a saleng a nna le lerato la diphologolo go tloga a santse a le monnye.
Mthimkhulu o sa tswa go aloga kwa Yunibesithing ya Pretoria (UP), e leng yona setheo se le esi mo nageng sa katiso ya kalafi ya diphologolo mo nageng ya Aforika Borwa, ka gerata ya Bachelor of Veterinary Nursing .
“Ga ke dumele se matlho a se mpontshang. Go itse gore ke karolo ya setlhopha sa ntlha se se dirileng gerata e, e leng sengwe se se tsereng dingwaga se rulaganngwa, e tota e le tlotlo e kgolo thata mo go nna.
“Ke itumelela ditšhono le dikgoro tse di tla re bulegelang jaaka baoki go tsweletsa dithuto tsa rona le go nna baitseanape mo teng  ga porofešene e ya rona, e leng sengwe se se neng se se bonolo mo nakong e e fetileng,” a rialo.
Tamarin Fisher, Mopore sitente wa Mokgatlo wa Aforika wa Baoki ba Diphologolo, a re se ke phitlhelelo e kgolo tota mo hisetoring ya porofešene e ya dingwaga tse 42.
“Gerata e ntšhwa e ya dingwaga tse tharo e tla neela baoki ba ba alogileng tšhono ya go ikwadisetsa dithuto tsa morago ga gerata, e leng se se ka bakang go rebolwa ga digerata tsa honours, masters le PhD.” Dingaka tsa diphologolo di alafa dikgobalo le malwetse a diphologolo fela jaaka ngaka e tlamela batho ka kalafi ya boitekanelo. Baoki ba diphologolo ba botlhokwa mo ditlhopheng tsa tiro tsa dingaka tsa diphologolo, ga rialo Mthimkhulu.  “Dingwe tsa dinonofo tse mooki a tshwanetseng go nna natso ke tlhokomelo ya molwetse, puisano le modirisi, go thusa dingaka tsa diphologolo ka ditiro, le sengwe le sengwe fela se se ka thusang gore bookelo ba dipholo-golo bo dire ka nonofo.
“Ke nngwe ya diporofešene tse di kgotsofatsang go gaisa.
Fa o batla go nna mooki wa diphologolo, se letle poifo kgotsa go tlhoka kitso go go kgoreletsa mo go lekeng le go e itumelela gonne e tlile go fetola botshelo jwa gago go nna bo bo botoka,” ga rialo Mthimkhulu.
Dibasari tse di leng teng go ema nokeng dikgato tsa go thiba phatlha ya bokgoni jono jo bo tlhaelang Ka ntlha ya tlhaelo ya bokgoni mo lekaleng le, go nnile bonolo gore Mthimkhulu a bone tiro.
“Ke nnile lesego ka go bona tiro kwa Bookelong ba Diphologolo ba Fourways mo ngwageng wa me wa bofelo. Ke simolotse go dira koo kgwedi morago ga go konosetsa ditlhatlhobo tsa me tsa makgaolakgang mme ke ntse ke itumelela motsotso mongwe le mongwe wa tiro e,” a rialo.
Bothati ba Thuto le Katiso ba Lekala la Boitekanelo le Katlaatlelo (HWSETA) bo ineela go samagana le tlhaelo e e kwa godimo ya dinonofo mo lekaleng la kalafi ya diphologolo go netefatsa gore go nna le diphetogo.
Go sa le gale, bo thankgolotse Letsholo la Kaedi ya Dithutego tsa Saense ya Kalafi ya Diphologolo ka semphato le Lefapha la Thuto e Kgolwane le Katiso, mme bo tla etela dikolo tsa kwa metsemagaeng go rotloetsa baithuti go tsaya ditirelo tsa kalafi ya diphologolo jaaka nngwe ya ditiro tsa borutegi.
E begile gape le dibasari di le 60 go samagana le tlhokego e e kwa godimo ya dingaka tsa diphologolo le bathusi ba dingaka tsa diphologolo kwa metsemagaeng a Aforika Borwa.
“Dibasari tse di lebisitswe bogolo go baithuti ba kwa metsemagaeng ka ntlha ya fa ba ka tsaya kitso e mme ba e dirise kwa magaeng a bona,” ga rialo Ngaka Nomfundo Mnisi, Monnasetilo wa HWSETA.
Motlatsatona wa Thuto e Kgolwane, Saense le Boitlhamelo, Buti Manamela, o amogetse dibasari tse.
Lefapha la Kalafi ya Diphologolo la UP le tla thusa HWSETA ka matsholo a yona a papatso, matlole a dibasari le a go thapa.
“Re tla thusa HWSETA gape ka go tsamaisa dibasari, tse di neng di neetswe baithuti ba ngwaga wa ntlha ba disaense tsa kalafi ya diphologolo go tswa mo  ditlhopheng tse di tlhaotsweng,” ga rialo Chris van Blerk, Tlhogo ya Ditlhaeletsano le Bobegakgang kwa Lefapheng la Saense ya Diphologolo kwa UP.
O rile baithuti ba ba ratang go ka gata mo dikgatong tsa ga Mthimkhulu le go  ikwadisetsa gerata ya ntlha kwa UP ba tlhoka go bo ba konoseditse Setifikeiti sa Bosetšhaba sa Materiki (NSC), kgotsa thutego e e lekanang naso, le go kgotsofatsa ditlhokego tse di maleba.
“Mo ntlheng ya gerata ya Booki ba Diphologolo, ba tlhoka bonnye Maduo a Kamogelo a le 28 gammogo le NSC ka Seesimane Puo ya Gae kgotsa Seesimane Puo ya Ntlha ya Tlaleletso, dipalotharabololo, le bonetetshi kgotsa saense ya thutabotshelo,” Go bona tshedimosetso ka botlalo ka ga lekala le, bašwa ba ka ikgolaganya le ditirelo tsa poraefete tsa kalafi ya diphologolo kgotsa go buisana le dingaka tsa diphologolo tsa tirelosetšhaba ya pateletso (CCS) ba e leng karolo ya Lefapha la Temothuo, Thulaganyo ya Lefatshe le Tlhabololo ya Metsemagae (DALRRD) go ralala naga.
“Maitlhomo a lenaneo la CCS ke go tlamela ka ditirelo tse di fitlhelelegang e bile di le tlhwatlwatlase tsa kalafi ya diphologolo kwa mafelong a a tlhaelang ditirelo le a a nang le ditirelo tse di bokoa tsa  thuso mo nageng ya Aforika Borwa. Ka jalo, dingaka tsa diphologolo mo lenaneong le ka gale ke bona ba ba nang le tshedimosetso e e botlhokwa mo ntlheng eno,” ga rialo Van Blerk.
