Itlhokomele kgatlhanong le COVID-19 pele re tsena mo marigeng 

Allison Cooper

Jaaka dipalo tsa maAforika Borwa a a tshwerweng ke COVID-19 di tsweletse go tlhatloga pele ga nako e go neng go lebeletswe gore di tla tlhatloga ka yona mo lekhubung la botlhano mmogo le go aparelwa ke maruru a mariga, puso e santse e ikuela mo baaging go tlhabela moento gore ba sireletsege mo bolwetseng jono mmogo le go ya go tsaya meento ya go tsosolosa e e tlhabilweng mo nakong e e fetileng.
Go ya ka Tona ya Boite kanelo Ngaka Joe Phaahla, ka la bo 25 Moranang naga ya Aforika Borwa e rekotile dipalo tse dintšhwa tsa balwetse ba COVID-19 tse di oketsegileng ka 137%, fa di bapisiwa le mo matsatsing a le supa a a fetileng, mme se se gakaditseng tlhatlogo eno ke ditshwaetso tse dintsi mo porofenseng ya Gauteng, KwaZulu-Natal  le ya Kapa Bophirima.
“COVID-19 e santse e ganelela mme ka jalo ga re kitla re gatoga dikgato tsotlhe tsotlhe tsa go thibela gore e se fetele batho,” garialo Tona Phaahla.
“Re ikuela mo bathong botlhe ba ba iseng ba tlhabele moento go tlhabela moento. Palo yotlhe ya bagodi ba ba tlhabetseng bonnye jwa moento o le mongwe e santse e ganelela ka fa tlase ga halofo ya palo yotlhe ya bagodi ka fa nageng mme seno ga se se se itumedisang leeseng. Re ikuela mo bašweng go tla go tlhabela meento ya bona. Tshire letso ya tlhago ya masole a mmele e felelwa ke bogale fa nako e ntse e tsamaya, mme e bile gape ka ntlha ya gore ga e tshwane le ya fa o tlhabetse moento, yona ga go koo o ka yang go e kopa teng. Re ikuela mo go botlhe ba ga jaanong nako e ba letlang gore ba ka tlhabela moento wa go tsosolosa e ba e tlhabetseng mo nakong e e fetileng  go dirisa tšhono eno pele mariga a gakala,” o tlaleleditse jalo.
Lefapha la Boitekanelo la porofense ya Kapa Bophirima le re go ya ka tshedimosetso e ntsi e e leng teng ka fa nageng le kwa dinageng tsa boditšhaba e bontsha gore moento o mosola thata mo go itlhokomeleng mo bolwetseng jwa COVID19. Tshedimosetso eno e bontsha thata gape le gore batho ba masole a bona a mmele a nang le matsapa moento o mosola thata mo go bona.  COVID-19 e santse e tla nna le rona sebakanyana.
Gore re e fenye, re tshwa netse go e ntsha ka mmidi ka go netefatsa gore bontsi ba batho bo tlhabela moento le go tswelela go ya go tlhabela meento ya tsosoloso, lefapha leno le tlhalositse jalo.
Lekhubu la botlhano
Le fa gone dipalo tsa batho ba ba tshwarwang  ke COVID-19 di tlhatloga mme go solofelwa gore e tla re mo nakong e e sa fediseng pelo ra tsena mo lekhubung la botlhano, ga go ise go kgwanthisisewe gore lekhubu leno e tla nna le le bogale go le kanakang.
“Se re santseng re sena bonnete jwa sona ke gore borasaense ba naga ya rona ba re bolelela gore lekhubu le le leng mo tseleng le tla le gapa mogare o o sa tshwaneng le e e tlwaelegileng o o bediwang Pi, mme ona ga go itsiwe gore o ka fetela batho ka bontsi go le kae kgotsa jang le gore o ka fetela le bao masole a bona a mmele a sireletsegileng kgotsa jang. Fela ga jaanong se re se itseng ke gore megare e e tletseng ke e e thuthusitsweng ke Omicron mme yona ke wa B.4 le wa B.5,” garialo Phaahla.
Go thibela ditshwaetso
O ka nna le seabe mo go thibeleng ditshwaetso tsa COVID-19 ka go netefatsa gore: • O tlhabela meento yotlhe ya COVID-19 (mmogo le ya go tsosolosa e o e tlhabetseng mo nakong e e fetileng).
• Ka fa gare ga meago go elela mowa o o phepa.
• O apara maseke fa o le fa gare ga batho ka fa teng ga meago mmogo le mo go tletseng matšhwititšhwiti a batho.
• O tlhabela moento wa bolwetse jwa mokgotlhwane.
• O tlhaloganya sentle se o tshwanetseng go se dira fa o na le matshwao a a tshwanang le a bolwetse jwa mokgotlhwane.
• O tlhapa diatla tsa gago le go di tsikitletsa ka sebolayamegare.