Letsholo la Operation Vulindlela le sutisa dikgoreletsi tsa kgolo mo tseleng

Vukuzenzele Unnamed

Ikonomi ya naga ya Aforika Borwa, fela jaaka diikonomi tsa dinaga tse dingwe, ga e kitla e kgona go dira, kgotsa gona go gola, fa e le gore ga go na diintaseteri tse dintsi tse di dirang ka botswapelo le tse di dirang tiro e e tswileng diatla mo nageng ya rona. Diintaseteri tse go buiwang ka tsona tseno – tse di tsenyeletsang tsa motlakase, metsi, dipalangwa le tsa mafaratlhatlha a ditlhaeletsano – di botlhokwa thata mo go direng gore re nne le ikonomi.
Matsapa a meago le mafaratlhatlha mo ditlamong tseno ke a  mangwe a matsapa a a nopotsweng jaaka a a kgoreletsang kgolo ya ikonomi ya naga ya Afo rika Borwa. Go se dire sentle ga ditlamo tseno mmogo le madi a a boitshegang a a felelang mo ditirelong tsa go tlhokomela ditirelo tseno ke tsona tse di kgoreletsang dikgwebo go dira dikgwebo ka fa nageng.
Go samagana le dikgwetlho tseno le go di fedisa, ka ngwaga wa 2020 re ne ra tlhoma letsholo la Operation Vulindlela le le simolotsweng ke Moporesitente le Lefapha la Matlotlo a Bosetšhaba maitlhomo e le go potlakisa diphetogo mo diintasetering tseno. Fa ka fa letlhakoreng le lengwe mafapha a a amegang mmogo le ditheo tse di amegang ba samagane le diphetogo tseno, Operation Vulindlela yona e tlhokomela le go nopola dikgwetlho tse di leng teng le tseo di kgore letsang tiro.
Mo go tlhokagalang, e naya mafapha ano tshegetso e a e tlhokang.
Dipegelo tsa kgweditharo  ya maabane di tlhalosa kgatelopele eo e dirilweng ke Operation Vulindlela  le mafapha a a rweleng maikarabelo a go tlisa diphetogo tseno.
Mo pusong ka bophara re tsepamisitse mogopolo mo go tliseng diphetogo tse di botlhokwa le tse di tla fetolang batsholateu; tse di tla fetolang ka fao ikonomi ya rona e dirang ka gone.
Fano re bua ka go fantisa marang a kgaso a a tlhokagalang thata mo dikgwebong tsa mafaratlhatlha a ditlhaeletsano, mme seno se weditswe mo kgweding ya Mopitlwe morago ga gore se diegisiwe sebaka se se fetang dingwaga di feta di le 10. Go fantisiwa ga marang ano a kgaso go tla dira gore dikgolagano tsa megala le inthanete di tokafale go gaisa mo malobeng mmogo le go fokotsa dituediso tsa go dirisa megala le inthanete.
Dikgato tsa go tlhomiwa ga Bothati jwa Maemelakepe a Bosetšhaba jwa Transnet mo ngwageng yo o fetileng le tsona di ne tsa diegisiwa ka sebaka sa dingwaga di feta di le 15. Kgato eno e ne e le matshwanedi gore e tsewe gonne e tla dira gore makala a poraefete a kgone go nna le seabe le go dira gore maemelakepe a naga ya rona a kgone go dira sentle.
Fa e sale seno se rerwa ka ngwaga wa 2014 jaanong ke lantlha re busetsa tirong se tlamo sa Blue Drop, sa Green Drop le sa No Drop tse di tla thusang go tlhokomela metsi le go phepafatsa boleng jwa metsi a a leswe. Re phasaladitse gape le Lenaane la Ditiro tse di Botlhokwa Thata tse re di Tlhokang ka fa Nageng tse mo go tsona Batswantle ba Letleletsweng  go ka Thapiwa mo go Tsona, le lona ke lantlha le phasaladiwa fa e sale ka ngwaga wa 2014.
Tseno ke dikao di se kae tsa matsapa a puso eno e nnileng le kgatelopele mo go ona ka go tsepamisa megopolo mo dikarolong di le mmalwa tse di botlhokwa tse di tlhokang go fetolwa.
Ka letsholo la Operation Vulindlela, re kgonne gape le go tsepamisa mogopolo mo dikgatong ka botlalo tsa go dira diphetogo, mme ra netefatsa le gore go nna le tsamaiso e e lolameng fa tiro e e diriwang e dirwa ke mafapha a le mantsinyana le ditheo di le dintsinyana.
Sekao se se totobetseng se re ka se kaelang ke sa lekala la motlakase, mme mo go lona go na le dikgato di le dintsinyana tse di botlhokwa, tse di tshwaraganeng tsa go tlisa diphetogo tse go samaganweng le tsona go fetola ditsela tseo motlakase o tlhagisiwang ka tsona le ka fao o dirisiwang ka gone.
Dipeelo tse dikgolo tse di fitlheletsweng di tsenyeletsa le tsa gore batlhagisi ba motlakase wa go fitlha dimekawate di le lekgolo ba se tlhole ba tlhoka dilaesense go dira jalo, mme seno se tla dira gore batlhagisi bano motlakase wa bona o nne e mengwe ya metlakase ya ka fa nageng le go dira gore ba kgone go o rekisetsa badirise ba motlakase.Re tsosoloditse Letsholo la Dithendara tsa Ditlamo tse di Ikemetseng tsa Tlhagiso ya Motlakase o o Ntšhwafaditsweng ka go bulela dithendara tse dintšhwa.
Diphetogo tse di dirilweng mo melawanataolong e e buang ka tlhagiso ya metlakase e mešwa di thusitse  dimasepala go kgona go ithekela motlakase ka bo ona fa e sale. Go fetolwa ga melao go tla dira gore re simolole go nna le ditlamo tse dintšhwa tsa motlakase tse di dirang tiro e e tswileng diatla, mme seno se tla enngwa nokeng le ke Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Melawanataolo ya Metlakase o o phasaladitsweng mmogo le tiro e go samaganweng nayo ya go kwalola sešwa Pholisi ya Ditlhwatlhwa tsa Metlakase.
Thulaganyo ya go kgaoganya setlamo sa Eskom e ntse e tla sentle, mme setlamo seno se kgonne go fitlhelela dipeelo tsa sona tse di neng di beetswe nako ya go diragadiwa ka Sedimonthole 2021 gore ka nako eo se bo se tlhomile Setlamo sa Tsamaiso ya Motlakase.
Monongwaga ka Sedimonthole re solofela gore re tla bo re weditse dithulaganyo tsa go kgaoganya lephata la Eskom la phetlho ya motlakase le la kabo ya motlakase gore ka bobedi le ona e nne ditlamo tse di ikemetseng.
Dipegelo tsa kgweditharo e nngwe le e nngwe di nopola dikgato di le dintsinyana tse di botlhokwa tse di fitlhele tsweng, mmogo le dikarolo tse di santseng di tlhoka tiro e ntsi gore di baakanngwe.
Mo lekaleng la metsi, letsholo la Operation Vuli ndlela le ntse le eme nokeng Lefapha la Metsi le Kgeleloleswe gore le tsenye tirisong leano la go fetola maemo gore le abelane ka dilaesense tsa go dirisa metse, mme go dirilwe dipeelo tsa gore mo dikopong tsotlhetsotlhe go tshwanetswe go fetisiwe dikopo di le 80% pele go ka konosela matsatsi a le 90.
Go samaganwe le tiro ya  go tlhoma Setheo sa Naga se se Disang Mafaratlhatlha a Metsi go netefatsa gore metswedi ya metsi ya naga e tlhokomelwa botoka.
Mo lekaleng la dinamelwa, tiro e e sa tsamaisiweng ka tshwanelo kwa maemelakepeng le kwa ditereneng e dirile gore re retelelwe ke go rekisa ditlhagisiwa tsa ka fa nageng kwa dinageng tsa kwa ntle. Go samaganwe le tiro ya go dirisana le makala a poraefete gore a beeletse mo mafaratlhatlheng a kwa maemakepeng mmogo le go tokafatsa botsamaisi jwa taolo ya mafelo a go folosa le go rwala dikhontheinara tsa merwalo kwa maemelakepeng a kwa Durban le a kwa Ngqura.
Sekwalwa sa Masupatsela se se buang ka Pholisi ya Diterene ya Naga, se se neseditsweng pula ke Kabinete mo kgweding ya Mopitlwe, se tlhagisa maano a go tsosolosa mafaratlhatlha a diterene mmogo le go kgontsha gore ditlamo tse di ikemetseng tsa diterene di neelwe tetla ya go dirisa diporo le maemelaterene a naga. Setlamo sa Diterene le Diporo sa Transnet se setse se simolotse go tsenya mo lenaneong la sona la tsamaiso ya diterene dinako tse diterene tsa ditlamo tse di ikemetseng di tla tsamayang ka tsona.
Go setse go thankgolotswe dithulaganyo tsa e-Visa mo dinageng di le 14, mme mo go tsona go tsenyelediwa le tse dingwe tsa dinaga tse di nang le bajanala ba bantsi ba ba ratang go jela naga ya rona nala. Go samaganwe gape le go sekaseka visa ya bao ba dirang ka fa nageng gore re kgone go ngokela batho ba ba nang le bokgoni jo bo tlhokagalang ka bontsi ka fa nageng ya rona.
Diphetogo tseno di kgonagetse gore di diragadiwe ka ntlha ya tirisanommogo e e tswileng diatla magareng ga maphata a puso mmogo le ka ntlha ya go nna le mogopolo o o tshwanang mo go direng diphetogo.
Re ikuela mo dikgwebong le mo babeeletsing go sola mosola diphetogo tseno tse go santsweng go samaganwe natso mme ba dire gore mai kano a bona le ditsholofetso tsa bona ba di diragatse mme ba tle ba tlhole ditiro le go dira dipeeletso.