Lwantsha bosenyi, e seng batswakwa

Vukuzenzele Unnamed

Dingwaga di le 25 tse di fetileng, Molaotheo wa rona o montšhwa wa temokerasi o ne wa tsena mo tirisong. Ka go amogela Molaotheo o, re netefaditse maitlamo a rona go setšhaba se se ikaegileng ka meono ya temokerasi, bosiamisi jwa loago le ditshwanelo tsa botho.  Re ne gape re ikgolola ka botlalo go tswa mo maitemogelong a rona a a fetileng. Seno e ne e le maitemogelo a tsamaiso ya loago e e neng e ikaegile ka bosemorafe, e e neng ya itshupa ka taolo ya motsamao wa batho, go beelana ditiro, mafelo a ditlhopha tse di rileng, le dipasa tse di neng di tshabiwa.
Fa borraarona ba ne ba thala Tšhata ya Kgololosego ka 1955, eo metheo ya yona e tsentsweng mo Molaotheong wa rona, le go itsise gore Aforika Borwa ke ya botlhe ba ba tshelang mo go yona, ba ne ba batla setšhaba se se gololosegileng go tswa go  ditlwaelo tsa bosemorafe, bomorafe, kgethololo go ya ka lotso le bong. Ke ka moo go utlwisang botlhoko thata go bona ka moo ditiragalo tsa sešweng tsa go nna kgatlhanong le batswakwa mo dikarolong tsa naga e le poeletso ya ditiragalo tse di fetileng tsa nako ya tlhaolele. Re bone baagi ba poraefete ba emisa batho mo mebileng le go ba pateletsa go tlhagisa makwaloitshupo go netefatsa maemo a bona a bofaladi. Re bone baeteledipele ba sepolotiki ba bangwe ba bolela dipuo tse di senang bopaki bope ka ga batswakwa le go dirisa botlhaswa dingongorego tsa batho go ingokela balatedi ba bangwe.
Re bone megwanto go ya kwa matlong a batho le mafelo a bona a phuruphudiwa go batliwa bopaki ba ditiro tsa bosenyi. Re bone batho ba tlhaselwa, ba utlwisiwa botlhoko le gona go bolawa gonne ba lebega kgotsa gonne ba bua ka  mokgwa o o rileng.
Eno ke tsela e bagateledi ba tlhaolele ba neng ba dira ka yona.
Ba boletse fa bangwe ba batho ba ka tshela fela mo mafelong a a rileng, ba dira dikgwebo tse di rileng kgotsa ba dira ditiro tse di rileng. Ka fa tlase ga puso ya tlhaolele, batho bantsho ba ne ba tsewa e le babelaelwa ka gore fela ba bantsho le go emisiwa ke mapodisi fa ba fitlhelwa mo mafelong ao a neng a bidiwa a basweu. Batho bantsho ba ne ba patelediwa go tlhagisa dipasa mme fa ba sa di tshola, ba ne ba isiwa kgolegelong.
Re ka se letle ditshiamololo tse di jalo go direga gape.
Ditiragalo tsa sešweng tsa kwa motsesetoropo wa Diepsloot kwa Gauteng ke tse di neng di utlwisa botlhoko. Mo sebakeng sa mafelo a beke e le nngwe, batho ba le supa ba ne ba bolawa, mme seo se ne sa baka ditshupetso.
Tatlhegelo ya botshelo e utlwisa botlhoko, fela jaaka go bolaiwa ga Moaforika yo o tswang kwa Zimbabwe ka diatla tsa ba go tweng ba sireletsa setšhaba.
Bosenyi ke bothata jo bo masisi mo  nageng eno. Bo ama baagi botlhe e bile batho ba lapile go tshela ba boifa dinokwane.  Go na le seo se builweng ke dingwe tsa ditlhopha tse di kgatlhanong le bofaladi le batho ba bangwe, batlolamolao ba bosenyi ke batho bantsho le basweu, banna le basadi, batswakwa le baagi.
Bosenyi, e seng batswakwa, ke sera sa rona botlhe mme re tshwanetse go dira mmogo go se fenya.  Re ka se fenye bosenyi ka tshusumetso, tirisodikgoka,  matshosetsi le go itseela molao mo matsogong ka go tlhasela batswakwa, bogolosegolo baditšhaba go tswa kwa dinageng tsa Aforika.  Re amogela gore baagi ba le bantsi ba na le ketsaetsego ka ntlha ya go retelelwa go go bonalang ga sepodisi go mekamekana le disenyi.
Gareng ga dikgato tse re di tsayang go thusa sepodisi ke go thapa mapodisi a tlaleletso a le 12 000.
Gape re tlhoma gape diforamo tsa sepodisi sa baagi go ralala naga. Diforamo tseno di tlisa dikemedi tsa baagi le mapodisi mmogo go tokafatsa pabalesego ya selegae le go rwesa sepodisi maikarabelo.
Le fa tota re oketsa ntwa ya rona kgatlhanong le bosenyi, ga go na lebaka le le utlwalang la batho ba ba itseelang molao ka bobona.  Ka nako e le nngwe, re lemoga gore go fuduga go go seng mo molaong go baka kotsi go pabalesego, tsepamo le tswelopele ya ikonomi ya Aforika Borwa.
Khudugo e e seng mo molaong e ama thebolo ya ditirelo le go baya mokgwe leo wa tlaleletso go ditirelo tsa botlhokwa tse di jaaka boitekanelo le thuto.  Jaaka naga e nngwe le e nngwe e e gololosegileng, re na le tshwanelo ya go tsenya tirisong dipholisi le dikgato tse di tla netefatsang boleng jwa melelwane ya rona, go sireletsa ditshwa nelo tsa Maaforikaborwa le go tlamela ka gore botlhe bao ba nnang mo teng ga melelwane ya rona ba na le tshwanelo ya semolao go nna fano.  Go laola dikhudugo ke maikarabelo a puso.
 Ga go moagi ope wa  poraefete yo o ka tsayang karolo ya bothati jwa bofaladi kgotsa jo bo diragatsang molao ka go pateletsa batswakwa go tlhagisa boitshupo.
Ka fa tlase ga Karolo 41 ya Molao wa Bofaladi, ke fela leloko la sepodisi kgotsa motlhankedi wa bofaladi yo o ka kopang mongwe go itshupa jaaka moagi, monni wa leruri kgotsa motswakwa.
Fa batlhankedi bano ba dumela, ka lebaka le le utlwalang, gore motho o mo nageng e se ka fa molaong, a ka tshwarwa fa go santse go dirwa dipatlisiso ka ga maemo a gagwe. Ka go dira jalo, bothati jwa molao bo tshwanetse go tlotla ditshwanelo le seriti sa motho yoo.
Go tsenngwa tirisong ga molao wa khudugo ke ntlha e e kwa godimo ya puso.
Re dira go netefatsa gore digongwana tse di dirang boferefere jwa bofaladi ba dirisana le batlhankedi ba ba senang nnete ba a sekisiwa.
Jaaka dikgwebo tse dingwe, dikgwebo tsa batswakwa di tshwanetse go obamela melao e e maleba, go akaretsa melao ya boitekanelo le pabalesego, di nne le diphemiti le dilaesense tse di batlegang, le go duela makgetho a a maleba.
Re temokerasi e e theilweng ka taolo ya molao.
Ditiro tse di tlhokang molao tse di lebisitsweng kwa baaging ba dinaga di sele, go sa kgathalesege gore ba na le makwalo a kwadiso kgotsa ga ba na makwalo a kwadiso, ga di kitla di letlelelwa.  Gompieno, re ka tswa re lwa le baagi go tswa kwa Zimbabwe, Mozambique, Nigeria kgotsa Pakistan.
Kamoso, re ka lwa serona. A re samaganeng le go fenya bosenyi, go sa kgathalesege gore ke mang yo o bo dirang.
