Go thusa KZN le Kapa  Botlhaba mo go gogo lweng ke Merwalela

Allison Cooper

Puso e tlile go thusa baagi ba kwa KwaZulu-Natal le Kapa Botlhaba ka go aga sešwa matshelo le matlo a bona morago ga merwalela e e sa tswang go feta le go tlogela dintsho le tshenyo mo  diporofenseng tsoopedi.
Moporesidente Cyril Ramaphosa o rile Lefapha la Matlotlo a Bosetšhaba le tla dira gore go nne le madi  a a tla dirisediwang dikgato tsa namolo go thusa bao ba amilweng ke merwalela.
“Tona ya Matlotlo o boletse gore go na le diranta di le  bilione o le mongwe tse di  ka dirisiwang ka gangwe,” ga rialo Moporesidente.
Moporesidente Ramaphosa gape o tla ya go Palamente go kopa didiriswa tsa tlaleletso.
Puso e dira mmogo le Letlole la Tshwaraganelo, lekala la poraefete le mekgatlho e e seng ya puso le e e ikaegileng ka baagi go thusa batswasetlhabelo.
Letlole la Tshwaraganelo le tla tlhoma akhaonto ya banka eo e tla dirisiwang ke baneedi ba Aforika Borwa le ba boditšhaba go thusa mo dikgatong tsa namolo go matlhotlhapelo a merwalela.
Puso gape e tla tlamela ka diboutšhara go thusa malapa go aga sešwa dikarolo tse di senyegileng tsa matlo, go bua jalo Moporesidente.
“Tekolo e e feletseng ya ditshenyegelo tsa ditšhelete tse di bakilweng ke merwalela eno e santse e tla dirwa, fela go a bonala gore e tla fitlha go dibilione tsa diranta go aga sešwa mafaratlhatlha le tatlhegelo ya tlhagiso.” O tlaleleditse ka gore madi a a beetsweng thoko a batswasetlhabelo ba merwalela a tshwanetse go fitlha go bao ba a tlhokang go gaisa.
“Go tla nna botlhokwa, jaaka re simolola tiro eno, gore didiriswa tsotlhe tse re di kgobokanyang di diresediwa maikaelelo ao di kgobokantsweng ka ntlha ya ona le go fitlhelela baamogedi ba ba umakilweng.
Ga go ne go nna le phatlha ya bonweenweee, tsamaiso e e botlhaswa kgotsa bobodu ba mofuta ope.
Dikgato tse tharo tsa tsibogelo
Moporesidente Ramaphosa o rile puso e tla tsibogela matlhotlhapelo ka dikgato di le tharo.
E tla tsepamisa mogopolo go namolo ya ka bonako ya batho, e netefatsa gore mongwe le mongwe yo o amegileng o babalesegile le go nna le ditlhoko tsa motheo.
“Sa bobedi, re tla tsepamisa mogopolo mo go tlhomamiseng le mo go busetseng seemo mannong, go naya batho bao ba latlhegetsweng ke magae matlo le go busetsa tlamelo ya ditirelo,” a rialo.
Sa boraro, re tla tsepamisa mogopolo go kagosešwa,” a rialo.
Kgato ya kagosešwa le go aga e tla akaretsa kago ya matlo mo mafelong a a siametseng go aga.
Lefapha la Mafelobonno a Batho le setse le simolotse ka tshekatsheko ya ditshenyegelo go matlo go ralala porofense.
“Tiro ya ka bonako ke go batlela batho bao ba tlogedisitsweng magae a bona ke merwalela manno mme dipaakanyo tsa go tlamela ka diyuniti tsa nakwano tsa bonno di setse di tsweletse,” ga rialo Moporesidente Ramaphosa.
Lefapha la Ditiro tsa Setšhaba le Mafaratlhatlha le batlana le lefatshe la puso leo le leng maleba go ka dirisediwa khudugelo.
Tshenyo e e tseneletseng  
Dipula di bakile tshenyo e e tseneletseng go matlo;  dikgwebo; ditsela le maborogo; metsi, motlakase, mafaratlhatlha a seporo le a tlhaeletsano. Dikolo, mafelo a boitekanelo, diteišene tsa mapodisa le dikgotlatshekelo tsa bommagiseteraa le tsona di amegile, gammogo le ditlamelo tsa lookwane le dijo.
“Go lekanyeditswe gore go amegile barutwana ba feta 270 000, mme dikolo di feta 600 di senyegile, di le 16 tsa tsona ga di kgone go fitlhelelwa ka ntlha ya go senyega ga ditsela le maborogo a a lebisang koo.
“Mafelo a boitekanelo a botlhe a le 66 a amegile, le fa tota go nnile le kgoreletso e e kwa tlase ya ditirelo tsa boitekanelo go bontsi ba didika tse di amegileng,” go rialo Moporesidente.
Tiro e kgolo e setse e tsweletse go busetsa ditirelo tsa motheo mo dikgaolong tse di farologaneng tsa KZN.
Batho ba feta 400 ba latlhegetswe ke matshelo a bona kwa KZN mme bontsi jwa batho ba santse ba latlhegile.
Go begilwe loso lwa motho a le mongwe kwa Kapa Botlhaba.
Matlo a feta 4 000 a senyegile mme a le 8 300 ga a senyega gotlhelele, mme seo se tlogela batho ba le 40 000 ba sena matlo.
Moporesidente o rile Tirelo tsa Sepodisi sa Afo rika Borwa (SAPS) le Sesole sa Tshireletso sa Aforika Borwa (SANDF) ba ntse ba eteletse pele dikgato tsa patlo le phaloso.
Seno se akaretsa go romelwa ga badiri ba SAPS, ditlhopha tsa bathumi le mekorwana e e farologaneng, dihelikoptara le difofane tse dinnye go ya go bontsi ba dikgaolo tse di amegileng.
“Sefofane go tswa kwa SANDF se ntse se dirisediwa go falosa le go isa ditlamelo tsa namolo tse di jaaka dijo, metsi, ditente le dikobo go batho ba ba kwa mafelong a a sa kgoneng go fitlhelelwa. “Ke neile SANDF tetla ya go tlisa badiri ba bangwe, bodutelo ba metsi le ditlamelo tsa phepafatso le ditlhopha tsa baenjeneri go thusa ka go busetsa tirelo ya motlakase le metsi,” Moporesidente a rialo.
Mafapha a puso kwa maemong a bosetšhaba le a porofense; bommasepala; mekgatlo e e seng ya puso le dikgwebo di ntse di neelana ka didiriswa tsa motheo tsa namolo tse di jaaka dijo, dikobo, dimaterase, diaparo, melemo  ya malwetsi a a sa foleng, dilwana tsa go tlhapa le didiriswa tsa go apaya.
Go sa le gale Kabinete e ne ya goeletsa Maemo a Naga a Matlhotlhapelo go tsibogela merwalela.
Moporesidente o tlhalositse merwalela jaaka matlhotlhapelo a a tlhokang “dikgato tsa namolo tse di tseneletseng e bile  di le bonako.”“Matshelo, boitekanelo le kemopholo ya diketekete tsa batho di santse di le mo kotsing. Merwalela e bakile  tshenyo e e kwa godimo go ikonomi le loago,” a rialo.
Boemelakepe jwa Durban, jo bo leng botlhokwa go ikonomi ya Aforika Borwa e bile e le bongwe jwa maemelakepe a magolo e bile bo tlhanasela go gaisa mo kontinenteng, bo amegile thata.  Botlhokwa jwa Boemelakepe ba Durban le mafaratlhatlha a a amanang nabo tebang le tiragatso e e nonofileng ya ikonomi ya naga go kaya gore matlhotlhapelo ano a na le ditlamorago tse seabe sa tsona se seng kwa KZN fela,’ ga rialo Moporesidente.
Go setse go dirilwe tswelopele mo ditiragatsong tsa go busetsa ditiro kwa Boe melakepe jwa Durban. Go bulwa ditsela tse dingwe gore dillori di kgone go fitlhelela boemelakepe le go phepafatsa matlakala mo boemelakepeng.
