Madi a a oketsegileng a lekgetho a tla kgona go ema nokeng dikgato tsa go tsosolosa le go godisa ikonomi

Vukuzenzele Unnamed

Mo malobeng Setheo sa Tirelo ya Lekgetho la Aforika Borwa (SARS) se itsisitse setšhaba ka dikgato tsa sona tsa ntlha tsa gore se kgo nne go bokeletsa madi a lekgetho a a fetang diranta di le ditrilione di le 1.5 fa e sale go tloga ka Moranang 2021 go fitlha ka Mopitlwe 2022.
Seno se raya gore pokeletso ya lekgetho ya monongwaga e oketsegile ka 25% fa e bapisiwa le ya mo ngwageng yo o fetileng, mme  gape go raya gore mo ngwa geng yo o fetileng wa pele ga go ka simolola lerobo robo la COVID-19 e oketsegile ka 15%.
Fa e sale setheo seno se simololwa mo dingwa geng di le 25 tse di fetileng, mo go yona paka yona eo SARS e ne gape ya duelela madi a le mantsinyana e le go busetsa bontlhabongwe jwa dituelelo tsa lekgetho go batho ba ba gogetsweng lekgetho le le kwa godimo.
Setheo se se itseng tiro ya sona sa pokeletso ya dituelelo tsa lekgetho se  botlhokwa thata mo go ageng puso e e nang le  bokgoni.
Pokeletso ya lekgetho ke yona e e dirang gore naga ya rona e nne le tlhabologo.
Madi a a bokelediwang ke SARS ke ona a a dirisiwang go duelela kabo ya ditirelo le ya kago ya mafaratlhatlha.
Ka lekgetho la bokanaka diranta di le ditrilione di le 17.8 le SARS e kgonneng go le bokeletsa fa e sale e nna teng go tloga ka ngwaga wa 1997, re kgonne go aga a mangwe gape a mafa ratlhatlha a a thusang setšhaba a a jaaka ditleliniki, dikolo le dipetlele, re kgonne go tlhabolola ditsela le go aga ditsela tse dintšhwa, mmogo le go  ema nokeng baagi ba ba humanegileng ka go ba neela megolo ya go thusa baagi le ka go ba tswa thusa ka ditsela tse dingwe.
Fa dithulaganyo tsa go bokeletsa lekgetho mmogo le melao e e di tshege tsang ka bobedi di dira sentle, di sa kopakopanye tlhogo e bile di sa tseye  letlhakore, di nna le mosola o mogolo go nne di raya gore batho ka bontsi ba obamele melao ya lekgetho.
E nngwe ya dintlha tse di botlhokwa tse ke neng ke batla gore di rarabololwe fa ke ne ke tlhophiwa go nna Moporesitente ka ngwaga wa 2018 e ne e le go tsosolosa tiro e e phutlhameng le seriti sa SARS.
Fela jaaka tse dingwe di le dintsinyana tsa ditheo tse di botlhokwa, SARS le yona e ne ya sotliwa ke ditiragalo tse di sa itumediseng tse di ka ga go goga puso ka nko, mme le mo go yona boradipolotiki ba ne ba itshunya dinko mo mererong e e sa ba lebanang ya setheo seno, tsamaiso e e sa lolamang mmogo le mabaka a mangwe a a kgorele tsang tiro ya yona. Seno se ne sa dira gore baduelale kgetho ba se nyeme fela mooko, mme gape se ne sa dira gore ba latlhegelwe ke tshepo mo kgwebong ya setheo seno.
Mo ngwageng wa 2018 ke ne ka thapa Khomišene ya Dipatlisiso ka ga Merero ya Tsamaiso le Taolo ya Lekgetho ya SARS e monnasetulo wa yona e neng e le Moatlhodi wa Kgotlatshekelo ya Molaotheo yo a rotseng marapo e bong Robert Nugent. Mo go ona ngwaga oo kwa bo-khutlhong khomišene eo e ne ya rebola pegelo ya yona ya bofelo.
Go setse go fetile dingwaga di le nne, mme jaanong mo ditshitshinyong tsotlhe di le 16 tse di rebotsweng mo  pegelong eo mmogo le ditshitshinyo tse dingwe gape tse di potlana di le 27 tse di ka ga go tsosolosa tiro ya setheo seno, SARS e setse e le gaufi le go tsenya tirisong ditshitshinyo tsotlhe.
SARS e tlhagisitse leano le le tsepamisitseng mogopolo mo go tliseng diphetogo gore e kgone go itlhoma kwa pele fa go tla mo go tlameleng ka tiro e e manontlhotlho le e e tswileng diatla. E  na le letsholo le le tseetsweng matsapa go tlhotlheletsa tlotlo le kobamelo ya lekgetho.
Ditlhwatlhwa tsa dithoto tse di kwa godimo ga jaaka, tse di dirang gore poke letso ya madi a lekgetho la megolo ya ditlamo e oketsege, di nnile le mosola thata  mo go direng gore pokeletso ya lekgetho ya sešweng jaana e ragele kwa godimo. Se sengwe se se nnileng le mosola ke dikgato tse SARS e di tse reng go dira gore didirisiwa tsa bona tsa thekenoloji mmogo le mafaratlhatlha a mangwe ka bobedi di ba tswele mosola, go ntšhafatsa maphata a dithoto, go thapa batlhankedi ba ba itseng tiro ya bona le go lwantshana le setlwaedi sa batho sa go se duelele lekgetho le ditiro tsa bogodu.
E nngwe ya ditshitshinyo tse di dirilweng ke Khomišene ya ga Moatlhodi Nuget ke ya gore SARS e tshwanetse go tlhoma lekala le le tla tlhomang leitlho le go dira dipatlisiso mabapi le dikgwebo tse di sa tsamaisiweng ka molao.
Lekala leno la Merero ya Ikonomi e e sa Tsamaisiweng ka Molao le le neng la busediwa mo tirong ka ngwaga wa 2018 le atlegile mo dikgetseng di le dintsinyana mo go lwa ntshaneng le dikgwebo tse di sa tsamaisiweng ka molao mo ikonoming, mmogo le mo go samaganeng le bao ba sa lateleng melao e e mabapi le tsamaiso ya dithoto.
Pokeletso ya lekgetho mo ditlamong tse di kwadisitsweng mo Sera leng sa Setšhaba sa go Gweba ka Dišere sa Joha nesburg (JSE), mo ditla mong tsa boditšhabatšhaba mmogo le mo bathong ba ba nang le letlole le le boitshegang la megolo jaa nong e okanngwe ke Lekala la Dikgwebo tse Dikgolo la setheo seno, le le thankgolotsweng go tsena  mo tirisong ka ngwaga wa 2020.
Ka ntlha ya go fetola maemo a yona SARS e kgonne go tokafatsa ka fao batho ba obamelang melao ya go duelela lekgetho, ka fao ditlamo di duelelang lekgetho le ka fao batho ba ba nang le ditiro ba duelelang lekgetho ka gone.
SARS e bontsha lerole bao ba ntseng ba tshabela go duelela lekgatho, bao ba ntseng ba ikhumisa ka bogodu, le bao ba amegang mo ditiragalong tsa bonweenwee. Go a itsege gore balekgetho ba bangwe ba ba mosola thata fa go tla mo go lwantshaneng le bonweenwee.
Fa go belaelwang gore ka fao motho a tshelang ka teng ga go tsamaisane le ka fao a  amogelang ka teng, SARS e dirile dipatlisiso. Mo ngwageng yo o fetileng, SARS e  garetse dipatlisiso tsa mothale ono tse di thusitseng gore e kgone go bokeletsa madi a mangwe gape a le kanaka  R474 milione.
Fa re gatela pele ka dikgato tsa go matlafatsa bokgoni jwa puso le go tsosolosa ditheo tse di neng tsa fedisiwa bogale jwa tsona ka dikgato tsa go goga puso ka nko, re ka ithuta go le gontsi mo go seo SARS e se fitlheletseng mo pakeng e khutshwanyana.
Fa ditheo tsa puso di tsamaisiwa ka tshwanelo le ka matsetseleko, fa di bontsha gore di a tshepagala e bile ga di a sekamela ka fa letlhakoreng le le rileng fa di dira tiro ya tsona, seno se dira gore batho ba bantsi ba simolole go tshepa puso. Bagwebi le babeeletsi le bona ba simolola go nna le tshepo, mme seno se dira gore dipeeletso di oketsege le ikonomi e gole.
Baeteledipele ba SARS mmogo le badiredi ba yona ba tshwanetswe go akgolwa ka tiro e ba e dirileng. Re tshwanetse go leboga le baduelalekgetho ba Aforika Borwa ba ba latelang molao wa tuelo ya lekgetho. Fa ba ne ba sena tirisanommogo madi a lekgetho a a bokeleditsweng a ne a ka bo a sa kgonagala go bokelediwa.
SARS e kgonne go oketsa palo ya baduelalekgetho ka go kwadisa ba bangwe gape ba bantšhwa ba le 1.8 milione mo ngwageng yo o fetileng, e  leng e nngwe ya tiro e e tswi leng diatla e e dirilweng.
Re tla kgona go tsosolosa Aforika Borwa fa re tswelela go sikara maikarabelo ano rotlhe, le fa re gagamatsa tiro e re tshwanetseng go e dira ka go netefatsa gore madi a lekgetho leno a dirisiwa ka botlhale le ka fao a tla re tswelang mosola ka gona.
