Netefatsa gore bana ba babalesegile fa ba dirisa inthanete

Vukuzenzele Unnamed

Jaaka mo lefatsheng dilo di le dintsi di tswelela go diriwa ka inthanete, go botlhokwa gore bana le bona ba sole tšhono eo mosola mme ba dire seno ba ntse ba itlhokometse.
Setheo sa Puso sa Tlhaeletsano le Tshedimosetso (GCIS) mmogo le Digify Africa sešweng ba ne ba tsenetse kopano ka inthanete le Media Monitoring Africa (MMA) mmogo le Boto ya Ditshwantsho tsa Difilimi le tsa Makwalokgatiso (FPB) maitlhomo e le go ruta bana, barutabana, batsadi le baagi ka go nna le maikarabelo fa ba le mo inthaneteng.
Phakamile Khumalo, yo e leng Molaodi wa Matsholo a Tlhabololo ya Bokgoni mo Mererong ya Bobega kgang mo Baaging kwa setlamong sa MMA, o tlhalositse gore bana ba le supa mo go ba le 10 ba ba  neng ba araba dipotso mo Letsholong la Aforika Borwa la go Dira Dipatlisiso ka Tiriso ya Inthanete mo Baneng ba arabile gore gantsi ba dirisa inthanete batsadi ba sa itse. Ke bana ba le bane fela mo  go ba le 10 ba ba tlhalositseng gore ba na le kitsonyana e e rileng ka ga tshedimosetso ya go babalesega fa ba dirisa inthanete.
Seno se re bontsha gore bana ba santse ba tlhoka didirisiwa le go katisiwa gore fa ba dirisa inthanete ba bo ba babalesegile.
Mmaletjema Poto, Motlhankedi wa Lephata la Phemelo ya Bana mo setheong sa FPB a re batsadi ba tshwanetse go lemosiwa gore mo inthaneteng ke dikotsi tsa mofuta mang tse bana ba bona ba kopanang le tsona, go buiwan le ka tsona ditshwantsho tsa maponapona tsa bana kgotsa tsa bana ba ba dirisiwang mo ditiragalong tsa thobalano, mmogo le ditiragalo tse di dirwang ke batho ba bagolo ba ba rutang bana ditiro tsa thobalano.
Bana ba ka iphitlhele e se ka maikaelelo ba wetse mo seraing sa batho ba bagolo ba ba rutang bana ditiro tsa thobalano ka ntlha ya go tsena mo webesaeteng e e sa tsenweng ke batho. Batho bano ba ba dirang melato eno ba ka ba aketsa go fitlha ba ba tshepa mme e nne gone ba feditse ka ngwana mme ba simolole go mo ruta ditiro tseno tse di tswi leng mo tseleng.
“Ngwana yono gantsi o jewa ke ditlhong, mme  ka jalo o palelwa ke go bua ka se se mo diragale lang, mme ke sona selo seno se se dirang gore go nne boima le go feta gore ba tlogele ditiro tseno tse ba di dirisiwang,” Poto o tlhalositse jalo.
O kgalemile gape le gore batho ba tlogele go romelana dibidio kgotsa ditshwantsho tse di leng mo inthaneteng tsa maponapona tse di bontshang bana.
“E setse e le setlwaedi jaanong gore batho ba romelana tshedimosetso ka mafaratlhatlha a ditlhaeletsano. Ka jalo, go romelana tshedimosetso ya mothale ono e tla nna bopaki jwa gore o bogisa bana. Go nna le tshedimosetso ya mothale ono kgotsa gona go e romela batho ba  bangwe ke tlolo ya molao,” Poto o tlaleleditse jalo.
Thuso e teng
Go na le didirisiwa di le dintsinyana tse di farologa neng tse di ka thusang gore fa bana ba dirisa inthanete ba bo ba babalesegile.
MMA e na le Web Rangers, seno ke sedirisiwa sa khomphiutha sa go ruta batho le go tlhabolola bokgoni jwa barutwana, baithuti le batsadi. Mo webesaeteng ya www.webrangers.co.za go na le dibidio tse di ba rutang ka go tlhokomela ditiragalo tsa go kgotlhwa ka monwana mo leitlhong mo inthaneteng, tsa go romelwa melaetsa ya go ba raela mo thobalanong le tsa go ba ruta tsa thobalano mo inthaneteng.
Ka webesaete ya bona ya Hashplay (https://hashplay.co.za) MMA e thusa gape le bana, mme mo go yona go na le serala sa mafaratlhatlha a ditlhaeletsano mme mo go sona bana ba ka kgona go bua le modiredi wa webesaete eno ka mathata a ba iphitlhelang ba le ka fa gare ga ona  mo mafaratlhatlheng a ditlhaeletsano.
Digify Africa e na le Kitso WhatsApp bot e ba sa tlhokeng go e duelela go e dirisa mme yona e thusa bana go nna le bokgoni jwa go dirisa dikhomphiutha.
Etela webesaete ya bona ya https://digifyafrica.com/learners-responsiblecitizens.
O ka begela ba FPB ka ditiragalo tsa mo inthaneteng tse di mabapi le bana ba ba dirisiwang mo ditiragalong tsa thobalano kgotsa tsa tirisodikgoka mo baneng ka go romela imeile mo go hotline@fpb.org.za kgotsa ka go letsetsa 012 003 1400.
O ka bega seno o le tlhokaina.