Phepo ya dijo kwa dikolong e netefatsa gore ga go ngwana ope yo a bolawang ke tlala

Vukuzenzele Unnamed

Ke bana ba feta dimilione di le robongwe ba ba fepiwang kwa dikolong ka ntlha ya Letsholo la Puso ya Naga la Go Fepa Bana kwa Dikolong (NSNP), le  le seleng le tsenngwa tirisong ka ngwaga wa 1994.
Maitlhomo a letsholo leno ke go tokafatsa matshelo a bana gore ba kgone go tlhwaya tsebe kwa sekolong, ka go dira gore ba se tshwarwe ke malwetse a a tlholwang ke phepo e e sa itekanelang le tlala le go dira gore ba rate sekolo, segolo jang mo dikolong tse di leng kwa metseng e e dikobodikhutshwane.
“Letsholo leno le botlhokwa thata mo go diragatseng ditshwanelo tsa bana tse di tshegediwang ke Molaotheo tse di reng ba na le ditshwanelo tsa go fepiwa ka dijo tse di nang le dikotla le  go tsena sekolo,”  go tlhalosa Motlatsatona wa Lefapha la Thuto ya Motheo (DBE) Ngaka Reginah Mhaule.
Ka ntlha ya NSNP, bana ba bantsi jaanong ga ba sa latelwa kwa sekolong e bile ga ba sa tshaba le sekolo, e bile gape go utlwelela le go ithuta ga bona go tokafetse.
Go ya ka DBE, barutwana ba rutiwa ka dijo tse di nang le dikotla tse di siametseng mebele ya bona le mekgwa ya go itlhokomela.
Dikolo di rotloediwa gape le gore di itirele ditshi ngwana tsa dijo gore di tle di fepe barutwana ka dijo tse NSNP e di fepang. Barutwana, barutabana le batsadi ba rutiwa go ijalela dijo ka bobona.
Dikabo tsa NSNP
Thabang Primary School kwa Bethlehem, kwa porofe nseng ya Foreistata, ke se  sengwe sa dikolo tse di thusiwang ke NSNP.
Sekolo seno mo malobeng se fentse Kabo ya NSNP ya go nna Sekolo se se Gaisang. Kabo eno e neelwa dikolo tse di dirang bontle fa go tla mo letsholong la go fepa bana ba sekolo ka go lebelela bophepa le pabalelo ya dijo, dijo tse di nang le dikotla, ditshingwana tsa dijo le go nna le thuto e e ka ga dijo tse di nang le dikotla.
“Ke itumetse mo go maswe gore sekolo sa rona se fentse kabo eno,” ga rialo Seyanokeng Sejake, yo a nang le  sebaka sa dingwaga di le 24 e le Mogokgo wa sekolo sa Thabang Primary School.
Sekolo sa Thabang Primary School ga se a bolo go diragatsa letsholo la bona la go fepa barutwana go tloga ka ngwaga wa 1994. Gompieno sekolo seno se netefatsa gore mo  letsatsing le lengwe le le lengwe barutwana ba sona ba le 1 065 ba fepiwa ka dijo tsa tshokololo tse di humileng ka dikotla tse se di rekang mo dikgwebong tsa mo motseng.
Dijo tseno di apewa ke baagi ba ba sa direng mo mo tseng, ba ba thapilweng ke Lekgotlataolong la Sekolo (SGB).
“Batlhankedi ba rona ba ba ithaopileng go apaya dijo  (di-VFH) ke bona ba ba apayang dijo tseno tse Lefapha la Thuto le re rekelang tsona jaaka le tsenyetsa sekolo madi  a go di reka,” ga rialo Sejake.
Yo mongwe le yo mongwe wa di-VFH go na le ka fao ba tsopolelwang madinyana  a se kalo go leboga matsapa  a bona a go apeela barutwana dijo.
Sekolo sa Thabang Primary School se gapile maemo a a kwa setlhoeng kwa dikabong ka ntlha ya go  tshwara ka natla ga batsamaisi ba SGB mmogo le ka ntlha ya go nna le Komiti ya NSNP e e Dirang Tiro ya yona, ga rialo Sejake.
“Ga go sana morutwana yo a latelwang. Ntle le fa e le gore go na le lebaka le le utlwagalang, ga go sa na barutwana ba ba tshabang sekolo e bile ga re sa na le barutwana ba ba tlogelang sekolo.  Go tlhwaya tsebe ga baithuti ba rona mmogo le go dira bontle mo dithutong tsa bona tsotlhe go tlhatlogetse kwa godimo,” o tlaleleditse ka go rialo.
Ka ntlha ya fa phenyo ya kabo eno e tsamaya gape le go agelwa phaposi ya boapeelo ya maganagobonwa e ba tla e agelwang ke ba setheo sa setlamo sa Tiger Brands Foundation, jaanong letsholo la sekolo la phepo ya barutwana le tla ntsha ga tshwene go dira tiro e e botoka go gaisa ya mo malobeng.
Sekolo se dira gape le bonnete jwa gore dijo ga di tlhaele ka go di tlhokomela ka matsetseleko, gore letsholo  leno le se iphitlhele le sena dijo tse di ka apeewang.
“Go naya motlhala, re na le tshingwana ya dijo mo merogo e e tswang teng re e dirisang go tlaleletsa tse re di neelwang ke NSNP,” Sejake o tlhalositse jalo.
Bafenyi ba dikabo
Mo Maemong a Dikolo tse di Gaisitseng tse Dingwe Tsotlhe, sekolo sa Grootdrink Intermediate kwa Masepaleng wa Tikologo wa Mgcawu kwa porofenseng ya Kapa Bokone, se gapile maemo a bobedi; mme sekolo sa Aaron Gqedu Primary School, kwa Masepaleng wa Nelson Mandela Bay kwa porofe nseng ya Kapa Botlhaba se  gapile maemo a boraro.
Lefapha la Thuto ya Motheo le tla neela dikolo tseno didirisiwa tsa mo phapo sing ya boapeelo.
Kabo ya Maemo a Ditikogolo tse di Gaisitseng tse Dingwe Tsotlhe e fentswe ke Umzinyathi (KwaZuluNatal). Tikologo ya ZF Mgcawu (Kapa Bokone) e gapile maemo a bobedi mme Metro North (Kapa Bophi rima) yona e gapile maemo a boraro. Tikologo e nngwe le e nngwe e fentse dithoto tsa kantoro le didirisiwa tsa dikhomphiutha.
Ka ngwaga wa 2020/21, letsholo la NSNP le fepile barutwana mo dikolong di le 21 189 ka dijo.