Maphata a setšhaba le a poraefete a botlhokwa mo kgolong ya ikonomi

Vukuzenzele Unnamed

Jaaka re dira go godisa ikonomi ya rona le go tlhama ditiro, go na le dikganetsano malebana le seabe sa mmuso le kgwebo mo go lateleng diphitlhelelo tseno.
Batho bangwe ba tshitshintse gore re tshwa netse go tlhopha magareng ga mmuso o o tlhabololang o o nang le seabe sa botlhokwa mo diphetogong tsa ikonomi le tsa loago, ka fa letsogong le lengwe, le lephata la poraefete le le atlegileng le le golang le le tsamaisang kgolo le ditiro ka fa go le lengwe.
Nnete ke gore re tlhoka maphata oo mabedi. Re tlhoka mmuso o o bokgoni jwa go tlhabolola le lephata la poraefete le le obegang.
Re tlhoka gore maphata oo mabedi a dire mmogo mme a tshegetsane.
Mogopolo ono ga o montšhwa. Dingwaga tse 30 tse di fetileng, ka 1992, Mokgatlho wa African National Congress o ne wa amogela lekwalo la setlhogo sa ‘Ready to Govern’. Lekwalo le ne le tlhagisa dikaedi tsa pholisi tsa Aforika Borwa mme, mo dingwagasomeng di ka nna tharo, le tlhotlhe leditse ntlha ya pholisi mo ditsamaisong tse di tlhomaganeng tsa temokerasi.
Lekwalo la ‘Ready to Govern’ le ne le solofetse gore go tla nna le mmuso wa temokerasi o o nang le maikarabelo a go ‘gokaganya, go rulaganya le go kaela go tlhabololwa ga ikonomi go go lebisang kwa mokgweng o o tsweletsegang wa kgolo’ ka tirisanommogo le mekgatlho ya badiri, kgwebo le makala a mangwe a loago.
Le ne le bua ka tlhokego ya pholisi ya ikonomi e e dirang gore ikonomi e nne ya temokerasi mme e tlhame ditšhono tse di mosola tsa ditiro ka megolo e e ka tshedisang maAforika Borwa otlhe.
Gape lekwalo le lebeletse ‘lephata la poraefete le le tlhaga, le le dirisang dikgono le kitso ya maAforika Borwa otlhe le go rotloediwa ditiragatso tsa kgwebo tse di tshwaelang mo go tlhamiweng ga ditiro tse di bonalang.’Mo Puong ya fa gautshwane ya Maemo a Setšhaba, ke tlhalositse ka moo puso, dikgwebo le badiri ba tshwanetseng go dirisana ka gona, lephata lengwe le lengwe le dirisa bokgoni jwa lona jo bo kgethegileng, go tlhama ditiro.
E nngwe ya ditheo tse di botlhokwa go gaisa tsa kgolo ya ikonomi le ditiro ke dikgwebo tsa puso (diSOE). Di tlhagisa motlakase, di tsamaisa maemelakepe, di aga ditsela le go tlamela ka metsi a a leng botlhokwa mo go godiseng ikonomi.
Fa e sale go nna le temokerasi, Di-SOE tseno di atoloseditse phitlhelelo ya ditirelo tsa motheo kwa bahumaneging. Ke ka moo karolo ya botlhokwa ya lenaneo la rona e leng go maatlafatsa dikgwebo tsa puso, go di busetsa mo maemong a a itekanetseng a ditšhelete, go tokafatsa tiragatso ya tsona le go di kgontsha go nna le seabe se se bonalang mo ikonoming.
Fela go ya ka seabe se se neng se lebeletswe mo  ‘Ready to Govern’, mmuso o laola kgolo le diphetogo ka dilaodi di tshwana le pholisi ya kgaisano, ditlamelo tsa maatlafatso e e atolositsweng ya ikonomi ya bantsho, le go golaganya go abiwa ga dilaesense mo tirelong ya botlhe le maitlamo a maatlafaatso.
Gape puso e na le seabe ka tlhamalalo sa go tlhamiwa ga ditiro kwa ntle ga batho ba ba thapilweng mo tirelong ya setšhaba. Lenaneo le le Atolositsweng la Ditiro tsa Setšhaba, le e sa leng le ntse le le gona go tloga ka 2003, le tlametse dimilione tsa batho ka ditšhono tsa tiro.
Mo bogautshwaneng, go tsibogela ditlamorago tsa leroborobo la COVID-19 mo ikonoming, puso eno e okametse katoloso e e botlhokwa tota ya go thapiwa mo lephateng la setšhaba mo hisetoring ya naga ya rona.
Letsholo la Maditshegetso a go Tlhola Ditiro la Moporesitente le tshegeditse ditšhono di feta 850 000 mo dikgweding tse 16 fela. Mo  godimo ga go tlamela ka ditiro tsa setšhaba, re tla mela bašwa ba ba sa direng ka tshegetso go ba baakanyetsa tiro, go ba dira gore ba kgone go thapega le go ba gokaganya le ditšhono.
Go na le ditsela tse dingwe tse puso e tshwaelang ka tsona ka tlhamalalo mo go tlhameng ditiro, go akarediwa ka dipeeletso tse dikgolo mo mafaratlhatlheng, go tlhamiwa ga dikgaolo tse di kgethegileng tsa ikonomi le ka tshegetso ya madirelo a a dirisang badiri ba bantsi.
Monongwaga go tla totiwa dikgwebopotlana, tse di magareng le tse dinnye, dikoporasi le lephata le e seng la semmuso.
Ka thadisosešwa ya sekema sa netefaletso ya kadimo se re se itsisitseng mo dikgweding tsa ntlha tsa leroborobo la COVID19, re dira gore tšhelete ya ‘go boela’ e fitlhelesege botoka mo dikgwebong tse dipotlana.
Re atolosa ketleetso ya lekgetho la go Thapa mme re lebelela diphetogo tse  dingwe tse di farologaneng go dira gore go nne bonolo go re dikgwebopotlana di thape batho ba le bantsi.
Jaaka go kailwe mo Puong ya Maemo a Setšhaba, tseno di gareng ga dikgato tse re di tsayang jaaka puso “go tlhama seemo se se kgontshang lephata la poraefete – le legolo le le lepotlana – go tlhagelela, go gola, go fitlhelela mebaraka e mentšhwa, go tlhama ditlhagiswa tse dintšhwa, le go thapa badiri ba bantsi.”Lephata la poraefete le Thapa dikotara tse tharo tsa badiri ba Aforika Borwa mme le dirisa go feta peditharong ya ditshenyegelo tsa dipeeletso le dipatlisiso le tlhabololo.
Naga ya rona e tlhoka lephata la poraefete le le atlegileng le le le beeletsang mo bokgoning jwa tlhagiso go tsamaya mmogo le mmuso o o bokgoni le o o tlhabololang.
Fa ditiro tsa lephata la poraefete di atologa, ditsela tse batho ba itshedisang ka tsona tse dintsi di enngwa nokeng. Dithoto le ditirelo di tlamelwa ka seelo se segolwane mme mmuso wa temokerasi o kgona go kokoanya lekgetho le le oketsegileng go dira ditlhabololo tsa loago.
Lekwalo la ‘Ready to Govern’ la re seabe sa mmuso “se tshwanetse go tsamaisana le seo se tlhokegang mo ikonoming ya naga ka tsela e e tsamayang e fetoga”, e ka nna ka go oketsa seabe se puso e nang le sona kgotsa go fokotsa seabe sa yona mo dintlheng tse di botlhokwa.
Ga re kitla re fitlhelela ikonomi e e jalo kwa ntle ga mmuso o o maatla le bokgoni, o o tlhabololang, le lephata la poraefete le le akaretsang e bile le gola ka bonako. Ga re a tshwanela go tlhopha le le lengwe. Re a tlhoka otlhe.
