Bokhutlo jwa Seemo sa Bosetšhaba sa Matlhotlhapelo mo Aforika Borwa bo gaufi

Vukuzenzele Unnamed

Moporesidente Cyril Ramaphosa o ne fa gautshwane a bega mo Puong ya gagwe ya Maemo a Setšhaba (SoNA) ya 2022 gore puso e rulaganya go phimola Seemo sa Bosetšhaba sa Matlhotlhapelo jaaka naga e tsena mo legatong le lentšhwa mo tsamaisong ya leroborobo la bolwetse jwa mogare wa Corona (COVID-19).
“Maikaelelo a rona ke go fedisa Seemo sa Bosetšhaba sa Matlhotlhapelo fa fela re se na go konosetsa dikgato tse di ka fa tlase ga Molao wa Bosetšhaba wa Boitekanelo le melao e mengwe go  laola leroborobo,” Mopore sidente o ne a rialo.
Ka di 15 Mopitlwe 2020, Moporesidente Ramaphosa o ne a goeletsa Seemo sa Bosetšhaba sa Matlhotlhapelo go ya ka Molao wa Tsamaiso ya Matlhotlha pelo mme a itsise dikgato di le mmalwa tsa go laola leroborobo la COVID-19.
Moporesidente Ramaphosa o rile bontsi jwa dikiletso tse di kgoreletsang ditiro tsa ikonomi le tsa go ikentsha bodutu di setse di fedisitswe, mme seo ke ka ntlha ya letsholo la go tlhabela meento.
O ne a gakolola baagi gore meento ke tshireletso e e gaisang kgatlhanong le bolwetse, loso le COVID-19, e e setseng e tsere matshelo a a ka nnang  100 000 mono gae.
“Ke sa ntse ke re go ya ka nna, fa ke ne ke sa entiwa ka Sedimonthole fa ke ne ke tsenwa ke COVID-19, gongwe nkabo ke sa ema fa,” o ne a rialo.
Moporesidente o ne a dirisa nako eo go kopa MaAforika Borwa go bona moento o o bolokang matshelo le go tswelela go tlhokomela dikgato tsa motheo tsa boitekanelo le go nna ba iketse tlhoko.
“Re tla kgona go tswelela pele ka matshelo a rona, le fa mogare o sa ntse o na le rona,” o ne a rialo, a tla leletsa ka gore leroborobo le okeditse sekgala maga-reng ga ba ba nang le ditiro le ba ba se nang ditiro.
Letlole la Solidarity 
Moporesidente Ramaphosa o itsisitse gore Letlole la Solidarity le kokoantse R3.4 bilione go tswa mo maAforika Borweng a a fetang 300 000 le ditlamo, fa batho ba feta 400 le ditlamo tse 100 ba ne ba ithaopa go neela nako le ditirelo.
“Letlole le nnile le seabe sa botlhokwa mo go tshegetseng tsibogo ya lefapha la bosetšhaba la boitekanelo le go fokotsa mathata a thuso a a neng a lebane naga le batho ba rona.”O ne a leboga mongwe le mongwe yo o abetseng  letlole, go akarediwa bangwe ba Ditokololo tsa Palamente le maitshimololedi a mangwe a go tshegetsa ba ba amilweng ke leroborobo.
Moporesidente o ne gape a tlotlomatsa bontsi jwa badiri ba boitekanelo le ba bangwe ba ba di emeng kwa pele ba ba nang le seabe sa botlhokwa mo ntweng kgatlhanong le COVID-19.
“Setšhaba se tlhoka go romela malebo a a boitshegang go badiri ba boitekanelo ba ba ititeileng sehuba gammogo le badiri ba bangwe ba ba di emeng kwa pele ba ba beileng matshelo a bona mo matshosetsing go tlhokomela ba ba lwalang le ba ba mo matshosetsing mo pakeng eno,” o ne a rialo.  – SAnews.gov.za
