SoNA ya ngwaga wa 2022 e tokafatsa matshelo a batho le ditsela tse ba iphedisang ka tsona 

Vukuzenzele Unnamed

Puso e itlamile go baya batho pele, mme e ineetse malatsi a le 100 go konosetsa thulaganyo ya go akaretsa maphata otlhe a baagi go godisa ikonomi ya Aforika Borwa, go tlhama ditiro le go fenya tlala.
Seno se gateletswe ke Moporesidente Cyril Rama phosa mo Puong ya gagwe ya Maemo a Setšhaba ya ngwaga wa 2022.
“Tiro eno e tla agelela mo motheong wa Thulaganyo ya Tsosoloso le Pusetso ya Ikonomi, e e ntseng e le lenaneo la rona rotlhe la go aga ikonomi sešwa,” o ne a rialo.
Fa a ne a bua le setšhaba, Moporesidente o rile dilo tse di botlhokwa mo pusong ke go fenya leroborobo la Bo lwetse jwa Mogare wa Corona (COVID-19), go aga mafaratlhatlha, go oketsa dilo tse di tlhagisiwang ka fa nageng, go tlhama ditiro le go samagana le bothata jwa motlakase.
“Fa go na le sengwe se re dumelanang ka sona, ke gore  seemo sa ga jaana – sa lehuma le le tseneletseng, botlhokatiro le go tlhoka tekatekano – ga se amogelesege e bile se ka se ke sa nnela ruri.” 
Go tlhama ditiro
Ngogola mo kgweding ya boraro seelo sa botlhokatiro se fitlheletse rekoto e e kwa godimodimo jaaka re ne re na le batho ba ka dira 34.9% ba ba senang ditiro, mme seno ke ka ntlha ya masetlapelo a ditšhelete a a bakilweng ke COVID-19.
“Rotlhe re itse gore puso ga e tlhame ditiro. Dikgwebo ke tsona di tlhamang ditiro.  Tiro ya botlhokwa ya puso ke go tlhama seemo se se tla kgontshang lephata la poraefete – le legolo le le le potlana – go tlhagelela, go gola, go fitlhelela mebaraka e mentšhwa, go tlhama ditlhagiswa tse dintšhwa, le go thapa badiri ba bantsinyana,” o ne a rialo.
Batho ba ba thapilweng ba ka nna 80% ba dira mo lephateng la poraefete.
Moporesidente o rile puso e tla itsise sekema se sentšhwa se se emang nokeng ba ba adimang madi go thusa go busetsa sekeng dikgwebo tse dipotlana. Letsholo la Maditshegetso a go Tlhola Ditiro la Mopore sitente, le le setseng le dirile ditšhono tsa ditiro di feta di le 850 000, le tla maatlafadiwa.
Bontsi jwa batho ba le ba tswetseng mosola e ne e le bašwa; mme ba ba fetang 60% e ne e le basadi.
Letsholo leno gape le tla kgontsha Lefapha la Merero ya Selegae go thapa bašwa ba ba sa direng ba le 10 000 go tla go tsena mo ditirong tsa go tsenya direkoto tsa lefapha tse di leng mo dipampiring mo dikhomphiutareng, mme Le tlole la go Tlholela Baagi Ditiro le tla dira ditšhono tse dingwe gape di le 50 000.
Lefapha la Thuto e Kgolwane le Katiso le tla tsenya mo tirong dialogane di le  10 000 tse di sa direng tsa thuto ya setegeniki le ya tiro ya diatla go tloga ka Moranang 2022.
Webesaete ya  SAYouth.mobi e e thusang bašwa ba ba batlang tiro go fitlhelela ditšho  no le tshegetso jaanong e na le bašwa ba ba kwadisitsweng ba feta 2.3 milione. Mo go  bona, ba feta 600 000 ba setse ba filwe ditiro.
“Tirelo ya Bosetšhaba ya Bašwa e e ntšhwafaditsweng e tla ngoka setlhopha sa ntlha sa bašwa ba le 50 000 mo ngwageng o o tlang wa 2023, e tlhame ditšhono tsa gore bašwa ba nne le seabe mo ditokologong tsa bone, e ba tlhatlhelele ka bokgoni le go godisa kgonagalo ya gore ba thapiwe.” 
Megolo ya go thusa baagi ya SRD e okelediwa nako
Megolo ya go Thusa Baagi ba ba sa Direng ba ba Wetsweng ke Leru (SRD) la COVID-19, e e thusitseng batho ba ba sa direng ba feta dimilione di le 10, e okeleditswe nako ka ngwaga o mongwe go fitlha kwa bokhutlong jwa Mopitlwe 2023.
Go tlaleletsa foo, mo pakeng e e telele puso le balekane ba yona ba tla lebelela ditsela tsa go tswelela go tshegetsa batho ba ba leng mo mathateng a ditšhelete ka go ba thusa ka ntle le go imetsa naga.
Pusetso ya mafatshe
Puso e tswelela pele ka go fetola tsela ya go nna le lefatshe la temothuo mme e solofela gore Molaotlhomo wa Pusetsolefatshe o tla fetisiwa monongwaga.
Go tlhamiwa ga Setheo sa Tlhabololo ya Temothuo le Phetolo ya go nna Beng ba Lefatshe go tla konosediwa monongwaga.
“Lefapha la Ditiro tsa Setšhaba le Mafaratlhatlha le tla garela dithulaganyo tsa go neela Setheong sa Kago ya Matlo diheketara di le 14 000 tsa lefatshe la mmuso,” go buile jalo Moporesidente.
O tlaleleditse ka gore go na le lefatshe le le lekaneng le le ka lemegang go tshegetsa dimilione tsa balemirui ba ba potlana ba ba tsweletseng pele mo go rueng dikoko, leruo, maungo le merogo.
Ga jaana, balemirui ba feta 100 000 ba setse ba  amogetse dibaotšha tsa go atolosa tlhagiso ya bona mme lenaneo le tla atolosiwa go fitlhelela balemirui ba bangwe.
Bobodu le bosenyi
Go tloga ka go tlhoma Khomišene ya Dipatlisiso tsa Mefetsho ya go Goga Puso ka Nko, gore e batlisise dikonteraka tsa dithendara tsa go reka didirisiwa le ditirelo tsa COVID-19, Moporesidente Ramaphosa ga a etsaetsege fa go tla mo go fediseng bobodu.
“Ga go ape a maiteko a rona a go tsosolosa ikonomi ya rona a a tla atlegang fa re sa samagane le tlhagala ya bobodu gore go fele,” Moporesidente o ne a rialo.
O tla re pele ga Seetebosigo monongwaga a garela a tlhagisa thulaganyo ya dikgato tse di tla tsewang go samagana le ditharabololo tseo di tshitshintsweng ke Khomišene eno.
O tlhalositse gape gore ditheo tse di farologaneng  tsa puso di dira mmogo go supa badiramelato, go ba otlhaya, le go busetsa tšhelete e e utswilweng ya Puso.
Go tla matlafadiwa pabalesego le tshireletso ka go thapa batlhankedi ba sepodisi ba le 12 000 le go busediwa tirisong gape ga diforamo tsa baagi tse di dirisanang le sepodisi.
Go lwantsha GBV 
Gape puso e tla tswelela go maatlafatsa ntwa kgatlhanong le Tirisodikgoka e e Ikaegileng ka Bong le Polao ya Basadi (GBVF) monongwaga, ka tsenyotirisong  ya Thulaganyo ya Bosetšhaba ya Togamaano ya GBVF.
Go setse go na le melao e mentšhwa e meraro e e se tseng e dira go maatlafatsa tsamaiso ya tshiamiso ya bosenyi le go tshegetsa bafalodi. “Tsenyotirisong ya molao ono e tla thusa thata go netefatsa gore dikgetse di sekisiwa ka katlego, gore bafalodi ba a sirelediwa le  gore go nna le dithibelo tse di dirang sentle.” Mongwe wa melao e Moporesidente Ramaphosa a neng a bua ka ona ke Molao o o Baakantsweng wa Bosenyi le Merero e e Amanang le bona o o sireletsang ba ba mo matshosetsing kgatlhanong le go nna batswasetlhabelo gabedi. Molao ono o letla dikgotlatshekelo go thapa batsenagare ba e leng gore motho yo o ka fa tlase ga dingwaga tsa semolao, motho yo o nang le bogole le mogodi a ka tlhatlhobiwa go dirisiwa bona mo tsamaisong.
Moporesidente gape o ne a bua ka Molao o montšhwa o o Baakantsweng wa Molao wa Bosenyi (Ditlolomolao tsa Thobalano le Merero e e Amanang le tsona) o o thibelang go dirisiwa ka thobalano le go baakanyetsa batho ba ba nang le bogole jwa tlhaloganyo thobalano.
Molao ono gape o kaya gore ditlolomolao tsa thoba -lano kgatlhanong le batho ba ba nang le bogole jwa tlhaloganyo di tshwanetse go kwalwa mo Rejisetareng ya Bosetšhaba ya Batlolamolao ba Thobalano.
Molao o o Baakantsweng wa Tirisodikgoka ya mo Malapeng o ela tlhoko marara mangwe a a mo dikamanong tse di nang le tirisodikgoka mo malapeng.
Molao o baakanya tirego ya go bona taelo ya tshireletso, mme o atolositse mabaka a go ka dirwang kopo ya taelo ya tshireletso ka fa tlase ga ona.  
Moporesidente Ramapho sa o rile Molao ono gape o sireletsa bagodi kgatlhanong le mefuta yotlhe ya tirisodikgoka ya mo malapeng, mme gape o letla bangongoregi go dira kopo ya ditaelo tsa tshireletso mo inthaneteng, mme seo se ba bolokela nako le ditshenyegelo tsa madi a go tsaya maeto go ya go batla taelo eo.
