Melao e mentšhwa e gagamatsa twantsho ya GBV 

Vukuzenzele Unnamed

Mo ngwageng yo o fetileng kwa mafelong ke ne ka amogela lekwalo  go tswa kwa setlhopheng sa baagi ba ba tshwenngwang ke ditiragalo tseno ba ikuela mo pusong gore e sireletse ba sadi le bana ba naga eno mo tirisodikgo keng.
Ba ne ba nopola ditiragalo tse di oketsegelang ruri tsa dipetelelo le go sotliwa ka thobalano tse ba kwadi leng ka tsona ba re bona jaaka basadi ba tshelela mo letshogong le le seng kana ka sepe; mme ga ba sa na tshepo mo molaong.
Seno se nkutlwisitse botlhoko thata mo pelong go itse gore basadi ba naga ya rona ba tshelela mo letshogong le le kanakana letsatsi le lengwe le le lengwe.
Mo go tsibogeleng go boga go basadi le bana ba naga ya rona ba tshelelang mo go bona re neseditse pula melao eo mosola wa yona e leng go ba sireletsa. Le fa go diriwa mai teko a go ntsha ditlhokotsebe tsa ditiro tseno mo setšha beng, basadi le bana ba tswelela go boga le go bolawa.
Sešweng ke saenile melao  e meraro go nna melao go dira gatsa seo re se solofeditseng e leng go matlafatsa ditheo tsa twantsho ya bosenyi, go dira gore puso e rwale maikarabelo le go ema nokeng batswasetlhabelo.
Molao o montšhwa o o Kwalolotsweng Sešwa wa Ditiro tsa Bosenyi le Merero ya Mothale oo o femela batswasetlhabelo gore ba se kgariediwe lekgetlo la bobedi ka go letlelela dikgotlatshekelo gore di thape bathusi ba e tla nnang bona mo tshekong ba ba tla botsolotsang bana, batho ba ba nang le bogole kgotsa batsofe dipotso ntle le go ba tsosetsa diletseng.Molao ono gape o letlelela gape le gore mo tshe kong batswasetlhabelo ba ka tlhagisa bopaki ka medumokutlo le ditshwantsho tsa dibidio. Seno se thusa go sireletsa ba ba nayang bo paki gore ba se ntshiwe kotsi fa ba sena go bonwa gore ke bo mang, se thibela gore go se nne le tiego le mo go sa tlhokagaleng e bile gape se dira gore tsheko e se dirisi madi a le mantsi.
Molao ono o montšhwa gape o gagamatsa thata melao ya go rebolelwa beile.
Motšhotšhisi yo a sa ganetsaneng le beile mo dikgetseng tse di rileng o tshwanetse go tsenya mo rekotong mabaka a gagwe a go se dire jalo.
Dikgotlatshekelo di tshwanetse go sekaseka mabaka a mangwe le a mangwe a a leng teng a go tshosetsa dipaki ka dikgoka mmogo le go utlwa maikutlo a dipaki gore go rebola beile go ka se baye matshelo a bona mo kotsing naa. Ntle le fa fela e le gore kgotlatshekelo e bona mabaka a a utlwagalang gore mola tofadiwa o tlhoka go tswa ka beile, molatofadiwa ga a  tshwanela go rebolelwa beile.
Molao o montšhwa o o Kwalolotsweng Sešwa wa Bosenyi (wa Ditlolo tsa Molao tsa Thobalano le Merero ya Mothale oo) o dira gore ditiro tsa go dirisa batho ba ba sa itekanelang mo tlhaloganyong ka thobalano e nne tse di sa amogelesegeng mo molaong, e bile e tlhalosa gore batho ba ba tlolang me lao ya thobalano ba dirisa batho ba ba sa itekanelang mo tlhaloganyong maina a bona a tshwanetse go tsenngwa mo Rejisetareng ya Naga ya Batho ba ba Tlolang Melao ya Thobalano (NRSO).
Re tsibogetse le boikuelo jwa batho jwa gore re gagamatse taolo ya ka fao NRSO e laolwang ka teng. Batho bao ba latlhelwang kwa kgolegelong go latela gore ba fitlhelwe ba  na le molato mo ditatofatsong tsa thobalano le bana kgotsa batho ba ba sa itekanelang mo tlhaloganyong, e bile e le gore ba kile ba latlhelwa kwa kgolegelong ka ntlha ya ditatofatso tsa mothale oo, e bile ba kile ba latlhelwa kwa kgolegelong sebaka sa dikgwedi di le 18 ba ka dira dikopo, mo morago ga sebaka sa dingwaga di le 20, tsa gore maina a bona a phimolwe mo rejisetareng eno.
Molao ono gape o rwesa maikarabelo batho ba ba itseng gore motho mongwe yo a palelwang ke go ikemelela  o ntse a dirisiwa dilo tse di  seng mo molaong tsa thobalano.
Molao o montšhwa wa Thibelo ya Tirisodikgoka Magareng ga Batho ba  ba Leng mo Kgolaganong o samagana le a mangwe a matsapa a tirisodikgoka a a tleng a runye mo dikgolaganong.
Re gagamaditse dikgato tsa go iponela taelo ya kgotlatshekelo e e laelang motho yo a go bogisang go se tlhole a itshunyatshunya mo botshelong jwa gago.
Ka seno ke go samagana le matsapa a basadi le bana ba tobanang le ona a go kgariediwa le fa ba neetswe taelo ya kgotlatshekelo e e laelang motho yo a ba bogisang go se tlhole a itshunyatshunya mo botshelong jwa bona kgotsa ba e kopile ba santse ba e letile.
Fa kgotlatshekelo e nagana gore mongongoregi o mo kotsing e ka rebola taelo  ya kgotlatshekelo e e laelang motho yo a go bogisang go se tlhole a itshunyatshunya mo botshelong jwa gago ka gangwe ntle le go neela molatofa diwa tšhono ya gore a tle tshe kong a tle go ikarabela pele e ka rebolwa.
Se se botlhokwa, fa kgotlatshekelo e ka lokolola  ka beile motho yo a latofadiwang ka molato wa tirisodikgoka magareng ga batho ba ba leng mo kgolaganong ya lorato mme go sena taelo ya kgotlatshekelo e e laelang motho yoo go se tlhole a itshunyatshunya mo botshelong jwa motho yo a mo latofatsang, kgotlatshekelo e tshwanetse gore morago ga go phuruphutsa kgetse eno e rebole taelo eno.
Fa kgotlatshekelo e rebola taelo eno e tshwanetse go felegediwa le ke taolelo e e laoelang sepodisi go golega molatofadiwa mo isagong fa go ka nna le tlhokego ya go dira jalo mme yona e tshwa netse go romelwa kwa Tirelong ya Sepodisi sa Aforika Borwa (SAPS).
Fa e le gore sepodisi se bela ela gore motho yo a buletseng moarabedi wa ditatofatso kgetse o mo ko tsing go latela gore moara bedi wa ditatofatso a gatakake taelo ya kgotlatshekelo, sepodisi se tla tshwanela gore ka gangwe se golege molatofadiwa yono.
Jaanong go tlhamaletse gore Molao ono o sireletsa batsofe mo ditiragalong tsa mefuta yotlhe ya tirisodikgoka mo bathong ba ba leng mo kgolaganong mme gape o letla  bangongoregi go ka kopa taelo eno ya kgotlatshekelo ka  inthanete, e leng seo se dirang gore ba se senye madi a bona le nako ya bona ba sianela kwa kgotlatshekelo.
Go sireletsa bangongo regi gore ba se tlhole ba bogisiwa ke batho ba ba ba bogisang, kgotlatshekelo e ka rebola Taelo ya Tlho komelo ya Pabalesego ya Mongongoregi e e lae lang sepodisi go ikgolaganya le mongongoregi gangwe le gape go mo tlhola gore tsotlhe di santse di apere tshiamo ntle le gore motho yo a mo bogisang a itse.
Batho ba ba fetileng mo mathateng a GBV gantsi ba ngongorega gore ba  tshwarwa makgwakgwa kgotsa ga ba tseewe tsia fa ba bula dikgetse kwa seteišeneng sa sepodisi. Lepodisi le le sa direng tiro ya lona mo molaong ono o montšhwa le tla rweswa molato wa maitshwaro a a sa amoge lesegeng.
Batsadi botlhe ba ba nang le kitso kgotsa ba ba belaelang gore ngwana, motho yo a sa iteka nelang mo tlhaloganyong kgotsa motsofe o a boga ka ntlha ya tirisodikgoka ya batho ba ba amanang, molao o gapeletse gore ba tshwa netse go begela motlhankedi wa ditirelo tsa go tswa baagi thuso kgotsa motlhankedi wa sepodisi ka tiragalo eno. Fa a sa dire jalo o tla bo a ikgatolosa molao.
Seno se dira gore e nne molao gore tirisodikgoka mo basading le mo baneng e nne maikarabelo a batho botlhe mo setšhabeng.
Ditsopolwana tse di tlhagelelang mo molaong o montšhwa ono ke go bontsha gore jaanong re lebile felo go ngwe. Fela seno ga se tharabololo ya matsapa a re nang le ona ano. Re tshwanetse go thibela gore tirisodikgoka le go bogisiwa ga batho bano go seke ga bo ga diragala.
Re ka kgona go fedisa tirisodikgoka e e diriwang mo basading le mo baneng go ya go ile fa re ka nna seopo sengwe re le baagi, ra sola mosola melomo ya rona,  ditheo tsa rona tsa molao le go nna digatlhamelamasisi.