Cach e thusa barutwana go tsweletsa pele dithuto tsa bona tsa sekolong

Silusapho Nyanda

Barutwana ba ba sa amogelwang kwa ditheong tse dikgolwane go tsweletsa dithuto tsa bona ba ka kopa Lefelo la Kamogelo le Phetiso ya Dikopo (CACH) go ba tswa thuso.
CACH ke setheo sa tirelo ya puso sa inthanete se se laolwang ke Lefapha la Ditheo tse Dikgolwane tsa Thuto le Katiso (DHET). Se  thusa barutwana ba ba tlhokang thuso ya go bona sebaka sa go tsweletsa di thuto tsa bona kwa diyunibesiting, kwa dikholejeng tsa Katiso le Thuto ya Diatla le ya Setegeniki (di-TVET) le bao ba batlang ditšhono tsa go ithuta le go atisa bokgoni jwa bona.
"Ditirelo tsa CACH di butse ka la bo 24 Ferikgong mme di tla tswalela ka la bo 31 Mopitlwe 2022 mme tsona di thusa bao ba batlang go tsweletsa dithuto tsa bona kwa ditheong tse dikgolwane tsa thuto le katiso mme ba retelelwa ka ntlha ya go tlhaelwa ke sebaka," ga rialo Tona ya Ditheo tse Dikgolwane tsa Thuto le Katiso Ngaka Blade Nzimande.
CACH e thusa barutwana ba ba dirileng dikopo ka nako kwa diyunibesiting le  kwa dikholejeng mo ngwageng wa 2021 mme ba sa tseewa mo go seo ba neng ba batla go se ithutela.
DHET e rile seno gantsi se diragala ka ntlha ya fa e le gore morutwana o ne a sa falola ka dipholo tse di tlhokegang mo serutweng se a batlang go se ithutela kgotsa ka ntlha ya fa palo ya barutwana ba ba amogetsweng mo serutweng seo e setse e tletse.
CACH e thusa gape le bao  ba dirileng dikopo kwa ditheong tsa thuto e kgolwane ebile ba setse ba amogetswe mo dirutweng tse ba neng ba dirile dikopo mo go tsona, mme jaanong ba fetotse mogopolo mme ba batla go tsenela dirutwa tse dingwe.
CACH e tla romela badiradikopo go bona ditirelo tsa go ba thusa ka dirutwa tse ba ka ithutelang tsona, mme fa go kgonegang e tla ba thusa gore ba tseewe mo serutweng se se santseng se amogela baithuti mo go sona kwa diyunibesiting le kwa dikholejeng tsa TVET kgotsa mo matsholong a go ithutela tiro ba le mo tirong a Bothati jwa Lekala la Thuto le Katiso (di-SETA), ntle le gore ba kuke maoto a bona go leba kwa ditheong tseo.
Diyunibesiti tsotlhe tsa puso, dikholeje tsa TVET mmogo le di-SETA di ka etela sefalanatshedimoso sa CACH go tsaya badiradikopo ba ba fitlheletseng dipholo tse di tlhokagalang go ka tsena mo dirutweng tse ba nang le tsona tse di santseng di amogela baithuti.
“Ditheo tsa thuto di tsaya maina a badiradikopo mo sefalanatshedimosong sa CACH mme morago se ikgolaganye le bona,” ga rialo sebueledi sa DHET Ishmael Mnisi.Badiradikopo ba ba ikwadisang mo sefalanatshedimosong sa CACH ba tshwanetse go tlatsa tshedimosetso e e ka ga dintlha tsa bona, mmogo le e e ka ga seo ba batlang go se ithutela.
Badiradikopo ba ka kgona go amogela kgotsa go gana go ithutela dirutwa tseo CACH e ba romelang tsona go tshitshinya gore ba itlhophele go ithutela tsona.
Ditheo tsa thuto e kgolwane di tla kgona go bona  tshedimosetso ya morutwana mo go CACH fa fela  e le gore o setse a ikwadisitse mo sefalaneng seno e bile a kwadisitse gape le dipholo tsa gagwe tsa Mophato wa bo 12.
Mnisi a re CACH e thusa gape le badiradikopo ba  ba iseng ba itse gore ba batla go ithutela eng ka go ba romela kwa lepha teng la DHET la Ditirelo tsa go Sedimosetsa Batho ka Dirutwa tsa Ditiro tse di Leng Teng tse ba ka di Ithutelang Tsona.