Ditlhokotsebe tse di dirileng bonweenwee mo dithendareng tsa COVID-19 ba digama ba sa di tlhapela

Vukuzenzele Unnamed

Batho le ditlamo tseo di amegang mo  bonweenweeng jwa dithendara tsa go reka dilwana le ditirelo tsa go lwantsha Bolwe tse jwa Mogare wa Coro na (COVID-19) mo pusong jaanong ba tshwanelwa ke go ikarabela melato ya bona.
Sešweng jaana pegelo ya bofelo ya Yuniti ya Dipatlisiso tsa Dikgetse tse di Itlhophileng (SIU) ya go dira dipatlisiso tsa tirisobotlhaswa ya madi a a reretsweng go lwa ntshana le COVID-19 mo maphateng otlhe a puso le a poraefete a a amegang e ne ya letlelelwa ke Moporesitente Cyril Ramaphosa gore e phasaladiwe gore baagi ba itseele ka tsebe.
Pegelo eno e bontsha kgatelopele e e botlhokwa thata e e diriwang mo go lwantshaneng le bonweenwee le tsamaiso e e sa lolamang ya ditheo tsa puso le tsa poraefete, o tlhalositse jalo.
Ka Phukwi 2020 Moporesitente Ramaphosa o ne a laela SIU go dira dipatlisiso tseno. Mo motsing oo o ne a solofetsa gore fa SIU e ka fitlhela gore go na le bopaki jwa gore go tlotswe molao, e tla tshwanelwa ke go isa bopaki joo kwa Bothating jwa Bosekisi jwa Bosetšhaba (NPA).
SIU e ne gape ya letlelelwa gore e ka tsaya le dikgato tsa go isa ba ba amegang kwa kgotla go ba gapeletsa gore ba buse madi a ba a utswitseng kgotsa go duelela ditshenyegelo tse ba di bakileng mo pusong.
Tseo Pegelo e di  Utolotseng
SIU e phuruphuditse dikonteraka tsa dithendara di le 5 467 tse di neilweng baabelani ba ditirelo ba le 3 066 tse di jeleng madi a le kanaka R14.3 bilione.
Ga jaanong go setse go konoseditswe dipatlisiso  mo dikonterakeng di le 4 549, mme mo go tsona di le 2 803 go fitlhetswe gore di abilwe ka tsela e e seng mo molaong. Seno se raya gore mo tirong yotlhe ya dipatlisiso tse di leng teng go setse go konoseditswe 62% ya yona.
“Dipatlisiso tseno maitlhomo a tsona e ne e le go samagana le batho mmogo le ditheo tseo di neng di nagana gore di tla ipha ntsha le go ikhumisa mmogo le bao ba neng ba ba thusa ka ditsapuso tseo di neng di tshwanela go thusaba baagi ba ba neng ba le mo tlalelong ka fa nageng,” Mopore sitente o ne a tlhalosa jalo.
O ne a tlaleletsa gape le ka gore ga go kgonagale gore e ka re mo dikontera keng tsa dithendara tse di neng di direlwa go boloka matshelo a batho le ditsela tseo ba iphedisang ka tsona bontsi jwa tsona tsa ntshiwa ka mokokotlo, ka tsela e e seng mo molaong le ka bo-khukhuntshwane. “Dipatlisiso tseno di bontsha maikemisetso a rona a go ntsha ka mmidi bonweenwee mmogo le go robala kobo e le nngwe le ditlhokotsebe tsa ditiro tseo,” ga rialo Moporesitente Ramaphosa.
Pegelo eno ya bofelo e bua ka dikgetse tse SIU e di rometseng kwa NPA, kwa mafapheng le ditheong tse di amegang tsa puso mmogo le kwa makaleng a mangwe. NPA e tla garela thulaganyo ya go dira gore bao ba tlotseng molao ba di game ba sa di tlhapela mmogo le go samagana le makoa a SIU e tsamaileng e a nopola mo dipatlisisong tsa  yona, Moporesitente o tlha lositse jalo.
Dikgato tse di setseng di tserwe
Fa e sale go thankgololwa dipatlisiso tseno, SIU, e thusiwa ke ditheo tse dingwe, e setse e tsere dikgato tse di latelang:
• Dikgetse di le 45, tse boleng jwa tsona jo  bo kopantsweng bo dirang R2.1 bilione, di rometswe kwa Lekgotleng la go Sekela Dikgetse tse di Itlhophileng tse di  ka ga Bonweenwee, Bokhukhuntshwane le Ditiro tse di Seng mo Molaong tsa go Tlhatswa Madi a Bogodu. 
Lekgotla leno la semmuso le rwesitswe maikarabelo a go isa tshekong ditlhokotsebe tsa bogodu ka go ba tseela dikgato tsa semolao go busa madi a puso a a utswitsweng ka bonweenwee, bokhukhuntshwane le ka mokgwa wa go dirisa ditiro tse di seng mo molaong tsa go tlhatswa madi a bogodu;
• Dikgetse di le 224 di rometswe kwa mafapheng kgotsa kwa ditheong tsa puso gore bathapi ba batlhankedipuso ba ba amegang ba  ba tseele dikgatokgalemo tsa kwa tirong; 
• Dikgetse di le 386 di rome tswe kwa NPA, mme di le tharo mo go tsona di rometswe gore di tseelwe dikgato;
• Dikgetse di le 330 di rometswe gore di tseelwe dikgato tsa merero ya tsamaiso, mme fano go buiwa ka dikgato tsa  go tswalela ba ba amegang ditšhono (gore ba se tlhole ba kgona go direla puso).
Go ya ka pegelo eno, go santse go na le madi a e  reng fa a kopanngwa otlhe  a bo a dira bokana ka R551.5 milione (a a diriwang ke madi a mo seatleng le a a  leng mo dithotong) a a santseng a tla busiwa ka go tseela ba ba a utswitseng dikgato, mme go fitlha ga jaana go setse go kgonnwe go busa a a ka dirang R34.2 milione.
Dipatlisiso tseno di thusitse ka go thibela gore madi a a kanaka R114.2 milione a se dirisiwe go sa tlhokagale, mmogo le go emisa dikonteraka tsa dithendara tse di neng di ka bo di jele madi a le kanaka R170.4 milione.
SIU e akanya gore magareng ga Mopitlwe le Moranang 2022 e tla bo e garetse ka dikgetse tseno, pele e ka romela pegelo ya tlaleletso kwa go Moporesi tente mo bokhutlhong jwa Seetebosigo.Pegelo eno mo teng ga yona ga e bue ka dipatlisiso tsa dikgetse tse di tlhatlhetsweng kwa go SIU morago ga letlha la bofelo la go rebola pegelo ya bofelo tse ga jaana go santsweng go samaganwe le tsona.
Mo go tsona go buiwa ka dikgetse tse di tlhatlhetsweng kgatlhanong le baabelani ba ditirelo ba le 476, ba ba amegang mo dikonterakeng tsa dithendara di le 964, tse boleng jwa tsona bo fetang R961.6 milione.
Kantoro ya Moporesitente e tlhalositse gore tshedi mosetso e e amanang le dipatlisiso tseno le yona e tla tlhagelela mo pegelong e e  tla phasaladiwang ka kgwedi ya Seetebosigo.
Moporesitente o lebogile SIU ka tiro e ba e diri leng mo sebakeng sa dikgwedi di le 18, mmogo le  bao ba buleditseng ditiro tseno tsa bogodu mmogo le dipaki tse di nee tseng babatlisisi ba dikgetse tseno ka tshedimosetso.