Go abela dikgwebo ka katiso le tirelo ntle le go di duedisa

Vukuzenzele Unnamed

Ditheo di le tharo tsa puso di samagane le go dira gore go nne bonolo go dira kgwebo mo nageng ya Aforika Borwa e leng se se tla godisang ikonomi.
Sešweng jaana go tshwe rwe kopano ya Inthanete ya Vuk Talks  le ba Setheo sa Puso sa Tlhaeletsano le Tshedimosetso (GCIS), mo maitlhomo e neng e le go lemosa baagi ka maikarabelo, dipholisi le ditirelo tse di tlamelwang ke ba Khomi šene ya Dithata tsa Dithoto le Dikhamphani, ba Bothati jwa Dikhamphani (CT) mmogo le ba Khomišene ya Matlafatso ya Maemo a Ikonomi a Bathobatsho (B-BBEE). Ditheo tseno tsotlhe di wela ka fa tlase ga Lefapha la Kgwebisano, Intaseteri le Dikgaisano tsa Dikgwebo.
Go ya ka Ofentse Shakung, yo e leng Molaodi wa lephata la Boitshimololedi le Tshwa  risanotiro yo gape e leng Mo kaedi wa lephata la E-learni ng kwa CIPC, a re CIPC e na le ditiro di le dintsi tse di farologaneng tse e sama ganang le tsona, go tsenyeletsa tiro ya go kwadisiwa ga dikhamphani, dikoporasi le dithata tsa dithoto mo go yona (fano go buiwa ka maina kgotsa matshwao a a kwadisitsweng a ditlamo, dithata kgotsa dilaesense tsa dikgwebo, metako kgotsa mebetlo le tetlelelokhophi).
CIPC e thankgolotse sefalanatshedimosetso sa yona sa BizPortal se mo go sona go tla kwadisiwang dikgwebo mo go sona le go tlamela ka ditirelo tse dingwe tsa mothale oo e leng se se tla nolofatsang thulaganyo ya go kwadisa dikgwebo le go obamela dithulaganyo tse di tshwanetsweng go latelwa.
BizPortal e thusa ba ba ba tlang go bula dikgwebo go iponela ditirelo tsotlhe tsa go kwadisa kgwebo, go kwadisa lekgetho, go kwadisa leina la kgwebo mo inthaneteng, go dira kopo ya setifikeiti sa B-BBEE, go kwadisa kgwebo mo Setheong sa Tuelelo ya Matlole a Dikgobalo tsa kwa Tirong mmogo le mo Sethe ong sa Letlole la go Kgaolwa kwa Tirong (UIF) go akaretsa le go bulela kgwebo akhaonto ya banka.
“Thulaganyo eno ya go kwa disa kgwebo mo sefalaneng seno ga e tlhoke dipampiripampiri e bile motho o tla kgona go kwadisa kgwebo ya gagwe ka letsatsi le le lengwe.
Mo teng ga sona re tsenyele ditse gape le ditirelo tsa go thusa dikgwebo tsa Google, mme yona e thusa ditlamo go bula dirala tsa kgwebo mo inthaneteng mmogo le diwebesaete tsa tsona mo go Google ntle le go duelela le fa e le sente yo montsho,” ga  rialo Shakung.
Go bona ditirelo tseno etela www.bizportal.gov.za  mme mo webesaeteng eno o tobe tse ‘register’ e e tlhagelelang kwa godimo mo go yona webesaete eno. Webesaete eno e bonolo go e dirisa e bile e na le tshedimosetso e e go tseyang kgato ka kgato gore o ka kwa  disa jang kgwebo ya gago.
Katiso e e sa duedisiweng
CIPC mo malobeng e tha nkgolotse serala sa inthanete sa Learn-i-Biz se mo go sona go katisiwang bakaedi le bai tshimololedi ba dikgwebopotlana, tse dikgolwana le tse dikgolo ntle le go duedisiwa gore ba tle ba tokafatse kitso ya bona ya go tsamaisa di kgwebo go atlega, fa ka fa le tlhakoreng le lengwe ba nete fatsa gore ba obamela melao ya dikgwebo.
“Serala seno se tshwana fela le kaedi ya go ithuta mme se na le dibidio tse o ka ithutang ka tsona mmogo le ditlha tlhobo tse o ikwadisang tsona ka bowena tsa serutwa se se  ngwe le se sengwe tsa diru  twa tseno tsotlhe di le supa,” ga rialo Shakung.
Dirutwa tseno di go katisa gape le ka go itse phapang magareng ga setlamo le mo kaedi, ditiro tse di tlhoka galang thata mo setlamong, maikarabelo a mokaedi, di kgatlhegelo tsa motho kanosi tsa matlole a gagwe le ka ga go gwebisana ka fao go seng mo molaong.
Go ikwadisetsa katiso eno, etela www.elearning@cipc.co.za. 
Kgotlatshekelo ya Ditlamo
Ngaka Mohammed Chicktay, yo e leng Monnasetulo wa CT, o tlhalositse gore tiro ya setheo seno ke go tlamela ditlamo tse go nang le dikgogakgogano mo go tsona ka ditharabololo tsa ka bonako tseo di leng mabapi le dikopo le dingongora tse di tlhatlhetsweng go ya ka Molao wa Ditlamo wa bo 71 wa ngwaga wa 2008.
Tseno di akaretsa gape le dikgogakgogano tse di ka ga maina a ditlamo, botsamaisi le go itlhokomolosa ga di  tlamo go tlhama dikomiti tse di samaganang le merero ya baagi le tse di samaganang le merero ya maitsholo a a sia meng. Setheo seno se samagana gape le go lekola fa ditlamo di obamela ditsiboso tse di re botsweng ke CIPC, tse di ka ga go atolosiwa ga dinako tsa go baakanya ditlankana tsa ngwaga le ngwaga tsa matlole mmogo le go tshwara dikopanokgothakgothe tsa ngwaga le ngwaga.
“Setheo seno sa CT se samagana le dikopo di le di  ntsi tse di farologaneng. Go naya motlhala, mo motsing wa COVID-19 re amogetse dikopo di le dintsi tse di re lopang go atolosa nako ya letlha la go tshwara kopano kgothakgothe e e tshwarwang ngwaga le ngwaga,” ga rialo Chicktay.
E nngwe ya ditirelo tse di sa duelelweng tse CT e tlamelanang ka tsona ke ya thara bololo ya dikgogakgogano.
Motho a ka romela kgo tlhang e ba nang le yona gore e rarabololwe ka go bontshana mabaka, ka go sekegelana tsebe kgotsa ka go utlwanela tharabololo e e tshitshi ntsweng mo tshekatshekong ya kgotlhang, go na le gore go iwe kwa kgotlhatshekelo. CT e dira tiro ya motlhatlheledi wa ditharabololo mo bathong bano ba ba gogagonang.
“CT e rotloetsa batho go  bontshana mabaka gore ba kgone go somarela ditiro, segolo jang mo pakeng ya COVID-19, mme batho ba tshwanetse go dira jalo go feta ka fao ba neng ba dira mo malobeng,” ga rialo Chicktay.
Go bona tshedimosetso ka botlalo ka ga ditirelo tse CT e tlamelanang ka tsona, etela, www.companiestribunal.org.za.
Khomišene ya  B-BBEE
Go ya ka Lindiwe Madonsela yo e leng Molaodimogolo wa lephata la Kobamelomelao la Khomišene eno ya B-BBEE, maitlhomo a setheo seno ke go disa, go laola le go rotloe  tsa kobamelo ya Molao wa B-BBEE wa bo 46 wa ngwaga wa 2013.
Setheo seno gape se dira diphuruphutso go utolola ditiragalo tseo ditlamo di dirisang maina a bathobantsho mme boammaruri e se bona beng ba ditlamo; maitlhomo a sona ke go tlhaba batho botlhale le go lemosa baagi ka B-BBEE, ka go tsenya tirisong dikgato tsa go ruta le go fatlhosa batho; mmogo le go ba tlhaba botlhale.
Motho mang le mang yo a belaelang kgotsa yo a nang le kitso ya gore felo gongwe Molao ono o tsamaya o gatakakwa ka go dirisa maina a bathobantsho mo ditlamong ka maitlhomo a go iponela dipholo tsa gore setlamo seo se obamela molao wa B-BBEE, ba ka romela ngongora eno kwa go khomišene eno.
Go naya motlhala, modiredi wa setheo a ka tswa a itse gore setheo se a se direlang se di risa maina a bathobantsho ka gore ke beng ba dišere kgotsa ke batlhankedi ba bagolo mo setlamong fa boammaruri e le gore batho ba modimo ga se sepe mo setlamong, ga rialo Madonsela.