Go dirisana mmogo go matlafatsa temokerasi 

Vukuzenzele Unnamed

Jaaka Aforika Borwa a tsene mo ngwageng yo mošwa, re ne ra kopana le matsapa a le mabedi a a neng a re gopotsa ka ditsela tse di farologaneng tsa gore ke eng se se dirang gore re nne ngatananngwe.
Ka letsatsi la ntlhantlha la ngwaga wa 2022, naga e ne e kopane e laela Mobišo pomogolo Desmond Tutu kwa St George’s Cathedral  kwa Motsekapa.
Go ne go le khutsafalo e e seng kana ka sepe go ikgopotsa botshelo le seabe se molwelakgaratlho wa rona yo a rategang a nnileng le sona, yo ka ditsela tse di farologa neng a neng a bonwa jaaka sekao sa maitshwaro a mantle ka fa nageng.
Le fa go le jalo, phitlho ya gagwe gape e ne e le tšhono ya go keteka seo a neng a dumela mo go sona. E ne e le tšhono ya go keteka go tshwaragana ga batho ba rona le go farologana ga bona, mmogo le go nna  segopotso sa batho ba ba ntsi ba ba ekentshitseng setlhabelo gore re fitlhelele temokerasi ya rona.
Ka letsatsi la bobedi ngwaga wa 2022 o simolotse naga e gagamaditswe ke kgabo e tona ya molelo e lautsa moago wa Palamente, bogaufi jwa dikilomitara di le 100 go tswa mo re neng re le fa re ne re laelana le Mobišopomogolo Tutu mo maabaneng.
Re leboga gobo go se ope yo a meditsweng ke molelo ono le gore gobo go se ope yo a gobaditsweng ke molelo ono.
Re leboga go menagane batimamolelo ba naga ya rona ba ba lwantshitseng molelo ono go fitlha o tima.
Jaanong go samaganwe le dipatlisiso tsa se se tlhodileng molelo ono. Re tshwanetse re netefatse gore dipatlisiso tseno di diriwa ka mano ntlhotlho le go garelwa ntle le go diega. Naga e tlhoka go itse gore go diragetse eng.
Go samaganwe le dithulaganyo tsa go dira gore tiro ya Palamente e se emisiwe ke gore moago o tukile.
Go botlhokwa gore tiro ya Palamente ya go sekaseka le go fetisa melao e e tla tlhabololang setšhaba le go tswelela go diragatsa dithulaganyo tsa go disa gore melao eo e a obamelwa le gore puso e dira gatsa maikarabelo a yona mo tirong ya yona ya go diragatsa seo baagi ba e romileng go se dira e tswela pele.
Ntle le gore ditiragalo tseno ka bobedi ya kwa St George’s Cathedra le ya kwa Palamenteng di re gopotsa gore matlhaku go šwa mabapi, se se kopanyang ditiragalo tseno ka bobedi ke gore di re gopotsa gore goreng re le seoposengwe re le maAforika Borwa: mme seo ke temo kerasi ya rona.
Re hutsafaditswe ke leso la ga Desmond Tutu ka ntlha ya gore e ne e le ene moruti yo mogolo mo temokerasing ya rona. Re hutsafaditswe ke tshenyego e e nnileng teng kwa Palamenteng ya rona gonne ke koo temokerasi ya rona e busang teng. Ke mo teng mo Molaotheo wa temokerasi ya rona e ntšhwa o simolotseng teng mo di ngwageng di le 25 tse di fetileng, ke teng moo melao e le makgolokgolo ya go fetola seemo sa naga e fetisitsweng teng.
Re ka tswa e le gore ga re lemoge ntlha eno, fela go tuka ga Palamente go re bontshitse ka fao maAforika Borwa a boulelwang ka teng ka temokerasi ya bona. Seno gape ke segakolodi sa gore go botlhokwa go le kanakang go gagamatsa le go sireletsa temokerasi eo.
Le fa moago wa Palamente o senyegile mo o ka se kgoneng go ka dirisiwa, setheo sa Palamente sona ga se emise ka tiro ya sona ya go abela baagi ka tirelo ya yona. Seno se re gakolola gore ditheo tsa naga ya rona tsa temokerasi ga di a itshetlega ka meago e di leng mo go yona mme di itshetlegile ka tiro e di e dirang le ka tshepo e batho ba rona ba nang le yona mo go tsona.
Eno ke nnete e e senang tshutiso fa go tla mo ditheong tsotlhe tsa temokerasi tsa naga ya rona.
E rile molelo o setse o le gaufi le go tingwa, Moatlhodimogolo yo a Tshwereng Marapo a Nakwana Rre Raymond Zondo a tlisa kgaolo ya ntlha ya pegelo ya Khomišene ya Diphuruphutso tse di Mabapi le Ditatofatso tsa go Goga Puso ka Nko.
Pegelo eno e tlhalosa ka fao ditheo tse dingwe tsa rona mo pusong di neng ga itelekelwa ka tsona, tsa utswetswa le go phuaganngwa. Ditheo tseno di akaretsa ditheo tsa kgwebo ya puso tse di jaaka Setlamo sa Difofane tsa Aforika Borwa (SAA), Setheo sa Puso sa Tlhaeletsano le Tshedimosetso (GCIS) mmogo le Setheo sa Tirelo ya Lekgetho la Aforika Borwa (SARS).
Pegelo eno e tlhagisa ditiragalo tse di sa amogelesegeng tsa ka fao ditheo tsa temokerasi ya rona tse di botlhokwa di neng tsa khukhunelwang le go phuagannngwa ka maikemisetso a go diragatsa bogodu mo go tsona. Ga di a ke tsa utswetswa madi a a boitshegang fela, di ne gape tsa kgorelediwa gore di kgone go diragatsa sentle ditiro tse di tshwanetseng go di diragatsa.
Seo se ribolotsweng ke Khomišene eno mmogo le ditshitshinyo tsa yona  ke seo se tla  thusang naga ya rona go tsosolosa ditheo tseno le go dira gore botlhe ba ba amegang ba itlhalose.
Re tshwanetse go netefatsa gore re e sola mosola gore re tle re kgone go thibela gore ditheo tseno mo isagong di se tsoge di gogilwe gape ka nko.
Re tshwanetse go thibela maiteko otlhe a go nyenyefatsa temokerasi ya naga ya rona e e kgaratlhetsweng boima eno, e ka tswa e le ma itlhomo a go tlisa bonwee  nwee mo dikgwebong tsa puso, go itlhokomolosa ditheo tse di disang tiragatso ya molao ka fa nageng, go senyetsa naga mafaratlhatlha a yona a ikonomi, kgotsa go tlhasela ditheo tsa naga ya rona tse di ikemetseng tse di nang le seriti tsa baatlhodi.
Re tshwanetse go sireletsa Molaotheo wa naga ya rona, temokerasi ya naga ya rona mmogo le tsamaiso ya naga ya rona ya ditlhopho kga  tlhanong le motho mang le mang yo a lekang go koafatsa temokerasi ya naga ya rona le go thibela baagi ba Aforika Borwa go keteka kgolole sego ya bona e e lwetsweng ka thata.
Go na le dikgwetlho tse di thibang letsatsi tse re sa  ntseng re tshwanelwa ke go samagana le tsona jaaka re samagane le go aga sešwa le go tsosolosa naga mo matsading a a tlisitsweng ke leroborobo la COVID-19.
Fa re samagana le tsona, tla re ikgopotseng go tsaya maatla le matlhagatlhaga mo boineelong jo re ineetseng ka bona mo temokerasing ya rona le mo maikemisetsong a rona rotlhe a go aga setšhaba se batho ba sona ba tshwaraganeng, ba lokologileng e bile ba lekalekana.
Lotlhe ke le lakaletsa tse di molemo mo ngwageng o re o lebileng.