Ga go ope yo a tshwanetseng go itshireletsa ka mabaka a a sa reng sepe gore a palelwe ke go ema kgatlhanong le GBV

Vukuzenzele Unnamed

Fa go ne go diragala gore maitsholo a setšhaba a lebelelwa go ya ka gore se tshwara jang basadi le bana ba sona, maitsholo a rona a ne a tla re tlhabisa ditlhong.
Dipalopalo tse di gololotsweng sešweng jaana ke Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa (SAPS) di bontsha gore dipetelelo, tirisodikgoka ya batho ba ba amanang mmogo le dipolao tsa bana di ile kwa godimo, e leng selo se se re tshwenyang thata.
Mo pakeng ya Phukwi le Lwetse 2021, batho ba le 9 556 ba beteletswe, mme bontsi jwa bona ke basadi. Palo eno e feta e e begilweng mo ngwageng o o fetileng ka 7%.
Mo dikgetseng tsotlhe di le 73 000 tse di butsweng tsa tirisodikgoka, di le 13 000 di amana le tirisodikgoka ya batho ba ba amanang.
Dikgetse tsa go bolawa ga bana di oketsegile gararo fadi bapisiwa le tse di begilweng mo pakeng e e fetileng ya go dira dipegelo tseno.
Jaaka re setse re tlhalo sitse mo nakong e e fetileng gore tirisodikgoka e e diriwang ke banna mo basading ke leroborobo la  bobedi le naga ya rona e tobaneng le lona, fela jaaka re dira ka leroborobo la COVID19, le lona leroborobo leno re ka le fenya fa re ka nna seoposengwe.
Re le puso ke maikarabelo a rona go tlhoma ditheo tse di tlhokagalang go lwantshana le bosenyi le tirisodikgoka e e totileng batho ba bong jo bo rileng (GBV).Fa e sale go tlhomiwa Leanotlhomo la Naga (NSP) la go lwantshana  le Tirisodikgoka e e Toti leng Batho ba Bong jo bo Rileng le Dipolao tsa Basadi (GBVF) mo ngwageng wa 2020, go setse go tserwe dikgato di le dintsinyana go samagana le ditiragalo tsa GBV. Mo go tsona ke tsa go fetola melao e le mentsinyana, go thusa batho ba ba fetileng mo matha teng a ditiragalo tseno ka go ba tlamela ka ditirelo tsa go bokeletsa bopaki tse di fitlhelwang kwa diteišeneng tsa sepodisi le tsa go ba thoba maikutlo, go tlhoma letlole la go lwantshana le GBVF le go ema nokeng Ditikwatikwe tsa Tlhokomelo tsa Thuthuzela le tsa Khuseleka.
SAPS e tlhalositse gore go na le kgatelopele e e bonagalang mo go foko tseng dikgetse tse di saletseng morago ka ntlha ya go sekaseka di DNA, gonne seno se botlhokwa thata mo go phimoleng keledi batho ba ba fetileng mo mathateng a go betelelwa.
SAPS gape e na le dikantoro di le 134 tse di samaga neng le dikgetse tsa GBV mo diteišeneng tsa sepodisi ka fa nageng ka bophara mme e bile gape e batla  go bula dikantoro tse dingwe gape.
GBV ke selo se se diriwang ke banna. Bontsi ke banna ba ba dirang ditiragalo tsa petelelo. Go le gantsi tirisodikgoka ya batho ba ba  amanang e diriwa ke banna.
Ka ntlha ya gore ke banna  ba ba dirang ditiragalo tseno, e tshwane go nna banna ba ba gogang kwa pele dipuo tsa go ema kgatlhanong le GBV le go bega ditiragalo tseno, e tshwanetse e nne bona ba ba bulang banna ba bangwe matlho le go ba ruta ka tsona gore kamoso re  tle re kgona thibela ditira galo tseno.
E tshwanetse e nne banna  ba ba okameng maemo a magolo kwa ditheong tsa thuto, e ka tswa e le bagokgo kwa dikolong, barutabana kgotsa batlhatlheledi kwa ditheong tsa thuto e kgolwane, ke bona ba ba tshwanetseng go dira gore dikolo le ditheo tsa thuto e kgolwane e nne mafelo a a bolokesegileng mo basading le mo basetsanyananeng mme  ba tshwanetse go dira jalo ntlele go dirisa maemo a bona a tiro go kopa basadi le basetsanyana bano dikobo ka ona.  Banna ba tshwanetse gape ba nne le seabe mo go ageng malapa a bona le mo go nneng le seabe mo matshelong a bamalapa a bona, segolo jang mo go godiseng bana ba bona ba basimanyana, gore ba ba rute gore monna e tshwanetse go nna motho wa mofuta mang mo setšhabeng fa go tla mo ditirong tsa gagwe  tse di siameng le mo go tlotleng basadi le bana.
Baagi le mekgatlho ya baagi ba tshwanetse go dirisana le puso go tla ka ditsela tse di tla tlhalosang sešwa seabe se monna a nang le sona gore re kgone go godisa  banna ba ba nang le kutlwelobotlhoko le tlhompho.
Fela jaaka tiro eno ya go fedisa GBV e ka se kgonege go fedisiwa ke puso e le nosi, basadi le bana le bona ka nosi ba ka se kgone go fedisa ditiragalo tse di tswileng mo taolong tseno tsa tirisodikgoka le go bogisiwa tse di ba wetseng.
Banna ba naga ya Aforika Borwa ba tshwanetse gore le bona ba tshware ka thata go thibela GBV. Ba tshwanetse go tlhaloganya gore GBV ke  fa go diragetse eng, segolo jang mo go itseeleng tsa  bolao ka dikgoka.
Mo dikgetseng tsa sešweng jaana batho ba le 4 000 ba beteletswe kwa malapeng a bona kgotsa kwa malapeng a ditlhokotsebe tse di ba beteletseng, mo dikgetseng tse di begilwengdi le 400 batho ba ba beteletsweng le ditlhokotsebe tse di ba beteletseng bobedi ba a ratana.
Seno se re bolelela gore banna ba bangwe ga ba ise ba tlhaloganye gore go gapeletsa motho go robalana le ene ke tlolo ya molao.
Banna ba tshwanetse go tlotla basadi ba bona le balekane ba bona mme ba itse gore fa ba ratana le batho ga go ba neele tetla ya gore ba ka ba bogisa.
Fa monna yo mongwe le yo mongwe a ka dira gore e ne le banna ba bangwe gape  ba le babedi ba ikane gore ga ba kitla ba betelela mosadi ope, ga ba kitla ba otla mosadi ope le gore batla rwesana molato fa yo mongwe a ka roba tumelano ya boikano jwa bona, re tla bo re simo lotse go dira bontle thata mo go lwantshaneng le GBV  ka fa nageng ya rona.
Ga go mosola go thusa morago ga gore setlhoko tsebe se dire tiro ya sona.
Re tshwanetse go thibela GBV pele motho a ka e dira.
Ke ikuela mo banneng bo tlhe ba naga ya Aforika Borwa, banna ba malapa le makau, ba ba nnang kwa ditero pong le ba ba nnang kwa metseselegaeneng, ba ba tshelang botshelo jwa se kgoa le ba ba tshelang botshelo jwa setso, ba ba nyetseng le ba ba sa nya lang, gore ba nne le seabe mo go thibeleng ditiragalo tseno, e leng seo se tlhokagalang thata mo malapeng a rona le mo metse ng ya rona.
Ka go se dumelane le ditiro tsa go dirisa dikgo ka mo basading le mo baneng, ka go se nne le seabe mo go diriseng dikgoka mo basading le mo bane ng, le ka go bega ditiragalo tsa mofuta ono, o tla nna sekai mo banneng ba  bangwe, segolo jang mo bašweng le mo basimanyaneng.
O tla nna sekai sa gore ga go ope yo a tshwanetseng go itshireletsa ka gore ke kgosi, ke tsala kgotsa o tshepagala mo tsale ng ya gagwe ke ka ntlha ya seo a ka se kgoneng go emelela  ditshwanelo tsa basadi le bana.