Letlha la bofelo la go tsenya dikopo tsa go thusiwa ka ditšhelete tsa go ya sekolong tsa NSFAS le atumetse

Sphelele Ngubane 

Baithuti le bašwa ba ba tswang kwa mala peng a a humanegileng le ao batsadi ba bona ba dirang mme letseno la bona le se kalo ba rotloediwa go tsenya dikopo tsa go thusiwa ka ditšhelete tsa go ya sekolong tsa Sekema sa Naga sa go Thusa Baithuti ka Ditšhelete tsa go ya Seko long (NSFAS).
Go ya ka Lefapha la Thuto le Katiso e Kgolwane, NSFAS e duelela dithuto tsa  baithuti ba ba weditseng materiki wa bona kgotsa ba ba setseng ba ntse ba le mo dikolong tse dikgolwane ba dira dithuto tsa bona kwa ditheong tseo.
Ba ka kopa NSFAS go ba thusa ka ditšhelete tsa go tsweletse dithuto tsa bona kwa diyunibesiti kgotsa kwa  Dikholejeng tsa Katiso le Thuto ya Diatla le ya Setegeniki (TVET), mme ba tshwanetse go dira seno  pele ga la bo 07 Ferikgong 2022.Badiradikopo e tshwanetse ya  bo e le:
• Baagi ba Aforika Borwa kgotsa baagi bao ba amogetsweng jaaka baagi ba naga eno ba ba batlang go ikwadisa kwa diyunibesiti kgotsa kwa dikholejeng tsa TVET kgotsa ba ba setseng ba amogetswe mo ditheong tseno; 
• Baagi ba ba neng ba amogela megolo ya go thusa baagi ya Setheo sa Tlhokomelo ya Baagi sa Aforika Borwa (SASSA); 
• Baagi ba ba tswang kwa malapeng a e reng fa mogolo otlhe o o amogelwang wa ka fa lapeng mo ngwageng fa o kopanngwa o bo o sa fete R350 000.
Bokamoso jo bo phatshimang
Nhlakanipho Mkhize, wa dingwaga di le 26, o na le makwalothuto a go dira ka motlakase, seno ke ka ntlha ya go isiwa seko long ke NSFAS, jaaka e dueletse dithuto tsa gagwe kwa Kholejeng ya TVET ya Umfo-lozi kwa KwaZulu-Natal.
Mkhize, yo a nnang kwa Richards Bay, ene mo ngwageng wa 2017 o iponetse Setifikeiti sa Naga sa go Dira Tiro ya Diatla mo lepha teng la Mafaratlhatlha a Motlakase le Dikago.
Mo godimo ga go ithuta ka go ya sekolong, o ne gape a tshwanelwa le ke go ya kwa tirong go katisiwa teng gore a kgone go falola teko ya go dira tiro kwa lefelong la tirelo.
Mkhize o ne a simolola go dira tiro ya gagwe e santse e le gona a simolola go ithutela se a neng a ithutela sona ka go diragatsa ka namana seo a neng a ithuta sona kwa sekolong, mme seno se dirile gore a simolole go itshepa.
“Ke simolotse go thusa batho mo motseng wa rona ka matsapa a motlakase ke santse ke le mo ngwa geng wa me wa ntlha wa dithuto. Kholeje ya TVET ya Umfolozi e dirile gore re nne le kitso ya go tlhaloganya se se rutiwang le go diragatsa seo re se rutilweng.
“Mo ditšhonong tse baithuti ba TVET ba nang le tsona ga se fela ditšhono tsa go diragatsa seo ba se ruti lweng, ba na gape le ditšhono tse e leng segapeletsa tsa go romelwa kwa mafelong a tiro go ithutela ditiro teng moo  ba tla neelwang tiro mme ba e dire ka botlalo le go neelwa bopaki jwa gore ba itsi tiro e ba ithutelang yona pele ba ka neelwa makwalo a thuto” o tlhalositse jalo.
Fela jaaka e setse e le setlwaedi mo bašweng ba le bantsi ka fa nagen ya Aforika Borwa ba ba tswang kwa malapeng a a humanegileng, Mkhize le ene o ne a itse gore o batla go ithutela boenjenere, fela ka fa gaabo go ne go se ope yo a neng a ka kgona go mo isa sekolong.
“Fa ke sena go utlwela gore NSFAS e thusa batho go ya sekolong, ke ne ka itse gore ke sona selo se ke se tlhokang gore ke ye sekolong ke tle ke kgone go nna moenjenere” o tlhalositse jalo.
Mo dingwageng di le tharo tse NSFAS e isitseng Mkhize sekolong ka tsona e ne e mo rekela dibuka, e duela dithuto tsa gagwe le go  mo nametsa go ya sekolong mmogo le go mo naya madi a go ithekela dilo tse a di tlhokang.