ASIDI e sala morago tshalelomorago e e leng teng mo mafaratlhatlheng a dikolo

More Matshediso 

Nkululeko Ralo Primary School ke motlhala wa gore go ka diriwa dilo tse dintle go le kana kang fa baagi le puso ba dirisana mmogo sentle.
Sekolo seno, se se leng kwa Mthatha kwa poro fenseng ya Kapa Botlhaba, kwa tshimologong se ne  se tsenelwa mo keratšheng ya o mongwe wa baagi yo sekolo seno se reeletsweng ka ene, ebong Nkululeko Ralo.
Fa dingwaga di ntse di tsamaya, le sona sekolo seno se ne sa nna se ntse se tsamaya se gola le go fuduga.
Le fa go le jalo, barutabana  ba sekolo seno mmogo le baithuti ba sona fa e sale  sekolo seno se simolola ga ba ise ba tle ba ipone ba tsena mo moagong o o diretsweng gonna sekolo go fitlha mo malobanyaneng fale, fa bane ba bulelwa mejako ya sekolo se sentšhwa sa ma emo a a kwa godimo.
Sekolo seno gore se fetswe go agiwa ke ka ntlha ya Letsholo le le Potlakisitsweng la go Tlisa Mafaratlhatlha a Dikolo (ASIDI), le le thankgolotsweng ke Lefapha la Thuto ya Motheo mo ngwageng wa 2011.
Letsholo leno maitlhomo a lona ke go fedisa dikolo tse di bayang mo kotsing matshelo a barutwana le a batlhankedi  ba dikolo, ka ntlha ya go tlhoka dikago tse di botlhokwa tse di tlhokagalang, metsi, dintlwanaboithusetso le motlakase.
Go fitlha mo motsing ono ka letsholo leno la ASIDI go setse go agilwe dikolo di le 266, go agilwe dintlwanaboithusetso mo dikolong di le 886, dikolo di le 1 030 di tsenyeditswe metsi fa dikolo di le 372 tsona di tsenyeditswe motlakase.
Barutwana ba Nkululeko Ralo Primary School jaanong ba na le diphapo siborutelo tse di matshwanedi le lefelo le le nang le didirisiwa tse di tlhokaga lang mo dithutong tsa bona, laboratori ya saense, lefelo la go tshwarela ditirelo tse di farologaneng mo go lona le lefelo la bojelo.  Go nna le ponelopele e e tshwanangMogokgo Koleka Gilman o na le lerato fa go tla mo go tokafatseng thuto kwa  Mthatha.
Toro ya gagwe ya go simolola sekolo mo motseng wa gaabo e simolotse ka 1988, mme mo ngwageng yo o latelang o ne a simolola go abelana ponelopele ya gagwe le baagi ba motse wa gaabo.
“Mo motseng wa rona go ne  go tletse bana ba ba tshwanetseng go bo ba tsena sekolo mme ba ne ba sena ko ba ka yang sekolong gone. Ponelopele ya me e ne ya itumedisa Nkululeko Ralo, yo a ithaopileng go re adima keratšhe  ya gagwe gore re e dirise jaaka sekolo,” Gilman o tlhalositse jalo.
O tlaleleditse ka gore Ralo o ne a tsaya matsapa a mangwe gape a ya go batla khontheinara ya Telkom e le yona e neng ya dirisiwa jaaka e nngwe ya diphaposiborutelo. Ralo o ne a kopa gape ba bangwe ba le babedi ba baagi mo motseng ba ba neng le bona ba na le dikeratšhe go re adima tsona gore re di dirise jaaka diphaposiburutelo.
Ka maswabi Ralo o ne a thula botala ka tlhogo mo ngwageng wa 2004.
Mo ngwageng wa 1994, sekolo seno se ne sa fudugela kwa Holong ya Eli Spilkin, e e  neng e agilwe ke rrakgwebo wa mo motseng yo leina la gagwe le ene e neng e le Eli Spilkin.
“Mo ngwageng ona oo re ne ra rekelwa dintlwanaboithusetso ke Lefapha la Thuto ya Motheo la porofense.
Ke ne ka simolola ka tswa  letsholo la go batlana le naga eo re ka agelwang sekolo sa rona mo go yona. Re ne ra neelwa naga ya diheketara di le tlhano mo ngwageng wa 1998,” ga rialo Gilman.
Re ne ra adimiwa gape le diphaposiborutelo di le tharo ke ba mokgatlo o o sa direng le tseno wa Kats and Spaks, mme baagi ba motse le bona  ba ne ba itlola matlere mme ba ikagela diphaposi tse dingwe gape di le tlhano tsa mmu.
Fa dingwaga di ntse di tsamaya Gilman ga a ke a ema teng foo, o ne a tswelela go lwela gore sekolo seno se tokafadiwe mme kwa bofelong Kantoro ya Tona kgolo ya Puso ya Porofense ya Kapa Botlhaba le yona e ne ya rekela sekolo seno diphaposi tse dingwe gape di le tlhano.
Ka ngwaga wa 2014, dilo di ne tsa fetoga fa Lefapha la Thuto ya Motheo, ka le tsholo la ASIDI, le ne la ntsha thendara ya go agela sekolo sa Nkululeko Ralo Primary School sekolo.
“Go simolotswe go agiwa sekolo seno ka ngwaga wa 2018 mme go ne ga fediwa go se aga mo ngwageng wa 2021, mme seno ke ka ntlha ya ASIDI,” Gilman a rialo.
Go rotloetsa barutabana go ruta le baithuti go ithuta
Motlatsatona wa Thuto ya Motheo Reginah Mhaule a re lefapha la gagwe le batla go aga dikolo tse di tla rotloetsang barutabana go  ruta le baithuti go ithuta. “Moago wa sekolo seno ke tsela e puso e lekang ka yona go tsosolosa seriti sa baithuti  le barutabana ba kwa dikolong tse di kwa metseselegaeng le tse di humanegileng,” o tlaleleditse ka go rialo.
Yo mongwe yo e leng tokololo ya Lekgotlataolong la Sekolo (SGB), Nomuntu  Dlengane, a re sekolo se sentšhwa seno se tla rotloetsa barutabana le baithuti go ntsha ga tshwene.
“Barutwana ba rona maitsholo a bona a setse a  fetogile e bile ga ba sa ikobonya ka ntlha ya sekolo se sentšhwa seno.
Sekolo seno se tla dira gape le gore re kgone go obamela dikgato tsa go katogana ga barutwana mo dipha posiborutelong gore re kgone go fedisa ditiragalo tsa go gasa Bolwetse jwa Mogare wa Corona,”  Dlengane o tlhalosa jalo.
Sekolo seno se na le barutwana ba le 489, barutabana ba le 14, mmogo le batlhankedi ba bakwaledi  ba tsamaiso ba le babedi.
Sekolo seno se diretswe go ka amogela bana ba sekolo ba Mophato wa R go fitlha go ba Mophato wa bo 7 e bile gape ke sekolo se se  letleletsweng se barutwana ba tsenang sekolo ntle le go duelela madi a dithuto tsa bona.