Re tlhoma sedibanapele sa dipeeletso

vukuzenzele unnamed

Ka tlwaelo fa nako e tsamaya fa re bitsa babeeletsi go tswa kwa mafelong a a farologaneng ka fa nageng le kwa dinageng tsa kwa ntle go tsenela Khonferense ya Dipeeletso ya naga ya Aforika Borwa e e tshwa rwang ngwaga o mongwe le o mongwe.  Re ne ra tshwara Kho nferense ya Dipeeletso ya ntlha ka ngwaga wa 2018 ka maitlhomo a rona a magolo a go bokeletsa dipeeletso tse dintšhwa tse di ka dirang bokanaka R1.2 trilione mo sebakeng sa dingwaga di feta di le tlhano. Mo ngwageng wa 2018 le wa 2019 khonfe rense eno e ne ya tsenelwa ke baromiwa ba feta sekete, mo ngwageng wa 2020 e ne ya tshwarwa ka mafaratlhatlha a dibidio mo inthaneteng ka ntlha ya leroborobo la COVID19.
Dikhonferense tseno tsotlhe di kgonne go bokeletsa mai kano a go beeletsa matlole a a fetang R770 bilione mo makaleng a mantsi a a faro loganeng mo ikonoming. Khonferense ya bone ya Dipeeletso ya naga ya Afo rika Borwa e ne e tshwanetse go tshwarwa ka kgwedi ya Ngwanaitseele 2021, mme ka ntlha ya ditiragalo tse dintsi nyana tse di tla tshwarwang mo pakeng eno, go ne ga tsewa tshweetso ya gore e tshwarwe ka kgwedi ya Mopitlwe mo ngwageng wa 2022. Ka diti ragalo tseno go buiwa ka Ditlhopho tsa Dipusosele gae, khonferense ya Maemo a Phetogo ya Maemo a Loapi ya COP26 mmogo le Kopano kgothakgothe ya Kgwebisano ya Dinaga tsa Aforika. Ntlha e nngwe gape e e botlhokwa ya go tshwara khonferense eno mo ngwageng o o tlang ke gore batho ba bantsi mo ngwageng o o tlang ba tla bo ba setse ba tlhabile moento wa COVID-19 , mme seno se tla re tswela molemo thata mo dikgatong tsa go tsaya maeto le go kgobokana. Le fa tota e le gore Kho nferense ya Dipeeletso ya naga ya rona e diegisitswe ka di kgwedi di se kae, maitlhomo a rona a magolo a dipeeletso a santse a le teng. Le fa re le mo teng ga mpa ya dikgwetlho tsa ikonomi tse di tlhodilweng ke leroborobo la COVID-19 , tse di gakaditsweng gape le ke dikhuduego tse di nni leng teng kwa mafelong a mangwe mo porofenseng ya KwaZulu-Natal le ya Gauteng mo kgweding ya Phukwi, di tlamo di tswelela go diragatsa ditsholofetso tsa tsona le go lebelela ditšhono tse dingwe tse di ka tswang di le teng mo nageng ya Aforika Borwa.
Mo ngwageng o le mongwe fela o o fetileng ditsholofetso tsa dipeeletso tse di ka dirang R120 bilione di tsentswe mo porojekeng ya dikago kgotsa ya tlhabololo ya dikago. Seno se raya gore 38% ya ditsho lofetso tsotlhe tsa dipeeletso kgotsa ditsholofetso tsotlhe tsa dipeeletso tse di ka dirang R290 bilione go fitlha mo motsotsong ono di tsenyele ditswe mo ikonoming. Tse dingwe tsa ditsholofetso tsa dipeeletso tseno di diegile ka ntlha ya COVID-19 , segolo mo makaleng a a tsubutlilweng ke leroborobo leno a a jaaka a go aga dintlo le a bojanala.
Lekala la melemo le dira bontle thata mo paken eno e ntšhwa.
Setlamo sa melemo sa Aspen Pharmacare sešweng jaana se thankgolotse kgodiso ya sona ya bokanaka R3.4 bilione e e sa bolong go e tsibosa mo Khonferenseng ya Dipeeletso ya ngwaga wa 2018. Go bee letsa ga Aspen mo lephateng la yona la tlhagiso ya dikuno la kwa Gqeberha go dirile gore lephata leno e nne le lengwe la maphata a magolo a tlhagiso ya dikuno tsa melemo ya go idibatsa balwetse kwa boo kelong e bile le thusitse mo go tlhagiseng meento e e fetang dimilione di le 100 ya moento wa COVID-19  ya Johnson & Johnson  e e tlhagisitsweng.
Mokgatlho wa Lefatshe wa Merero ya Boitekanelo (WHO) le ona o itlhophetse Aforika Borwa go nna lefelo le go tla tlhagisiwang moento wa mRNA mo go lona ka setheo sa Biovac mo puso le lephata la poraefete ba tla dirisanang mmogo.
Ngaka Patrick Soon-Shiong, yo a belegweng mo nageng ya rona ya Aforika Borwa, mmogo le setlamo sa gagwe sa NantWorks sešweng jaana o boletse gore o na le leano le legolo la go tlisa ditirelo tsa tlhokomelo ya boitekanelo mo kontinenteng ya Aforika. Mo godimo ga dipeeletso tseno tse di tla diriwang, seno se tla re thusa go fitlhelela maikemi setso a rona rotlhe a go dira gore kontinente eno e itirele meento e e ka thusang 60% ya baagi mo ngwageng wa 2040.
Lekala la motlakase le lona ke le lengwe la a a dirileng bontle. Ditlamo di le 25 tse di ratilweng mo kgatong ya bo tlhano ya dithendara tse di neng di dirile dikopo tsa dithendara mo Letsholong la Dithendara tsa Ditlamo tse di Ikemetseng tsa Tlhagiso ya Motlakase o o Ntšhwafaditsweng go solo fetswe gore di tla beeletsa bokanaka R50 bilione mo ikonoming. Dikgato tsa go oketsa motlakase o o itire lwang ka dimekawate di le 100 le tsona go na le kgona galo ya gore di tla tlhatlosa dipalo tsa ditlamo tsa mo tlakase mo diporojekeng tsa go itirela motlakase.
Sešweng jaana Aforika Borwa e iponetse ditsholofetso tsa ntlha tsa maikano a go beeletsa matlole a a ka dirang  R131 bilione a a tla dirisedi wang go thusa ikonomi ya rona gore e se itshetlege mo didiri siweng tse di kueletsang mesi ka go e dirisetsa go reka motla kase o o fetlhiwang ka phefo le letsatsi, motlakase o o fetlhi wang ka metsi mmogo le go tlhagisa dijanaga tse di tsamayang ka motlakase.
Maikano ano a a dirilweng ke naga ya Amerika, Borithane, Fora le Jeremane mmogo le Dinagakopano tsa Yuropa a latela Tumelano e e Utlwa netsweng ke Dinaga kwa Teropong ya Paris, e e reng dinaga tse di humileng di tshwanetse go ema nokeng dinaga tse di santseng di ike tetsa mo go fokotseng tiriso ya didirisiwa tsa motlakase tse di kueletsang mesi.
 Dipeeletso tseno mo motla kaseng di tla re thusa gore re se tlhole re itemogela go tshaba ga motlakase gangwe le gape ka fa nageng, segolo jang fa motlakase o montšhwa ono o setse o simolotse go dira.
Ditheo tse dintšhwa di le mmalwanyana tsa tshedimo setso mmogo le megala e e tsamaisang tshedimosetso e e kgabaganyang ka fa tlase ga mawatle di ka se tlise fela dipeeletso tse dintšhwa, di tla tlisa gape le mafaratlhatlha a a tlhokagalang go godisa thekenoloji le intaseteri ya mafaratlhatlha a ditlhaele tsano.
Karolo e e botlhokwa thata ya dipeeletso tsa rona ke di phetogo tse digolo mo dithe ong tsa rona tse re samaga neng le tsona mo mapha teng a a jaaka lephata la  motlakase, la mafaratlha tlha a ditlhaeletsano, la metsi le la boemelakepe le la dite rene. Diphetogo tseno di tla tlhabolola tsela ya go dira tiro ka manontlhotlho le go tswa pele, mme seno se tla fokotsa ditshenyegelo tsa go simolola kgwebo mo nageng ya Aforika Borwa, e leng se se tla rotloetsang ditlamo tsa poraefete go beeletsa ka bontsi mo mafaratlhatlheng a go tsamaisa ikonomi ya naga ya rona.
Mo nageng ka bophara jaa nong re na le dikgaolo tse di itlhophileng tsa ikonomi di le 13, mme tsona di tlamela babeeletsi ka merokotso ya go beeletsa, ka dituediso tsa le kgetho tse di tsayang letlha kore la bona mmogo le go enngwa nokeng mo mererong ya go rekisa ditlhagisiwa tsa bona kwa dinageng tsa kwa ntle.
Seno se botlhokwa thata mo go ngokeleng ditlamo tse di dirang segolobogolo ka tlha gisodikuno tse di batlang go rekisetsa naga ya rona le dinaga tsa kwa ntle dikuno tsa tsona.
Botlhokwa jwa dikgaolo tseno bo oketsegile thata fa e sale go tlhomiwa Letsholo la Kgwebisano ya Dinaga tsa Kontinente ya Aforika le le simolotseng go tsena tirisong semmuso fa ngwaga ono o roga.
Le fa dipeeletso di ntse di simolotse go diega ka ntlha ya leroborobo le re leng mo go lona, le go diega ga diporojeke tse dingwe di le mmalwa tse di kabong di setse di simo lotse, letsholo la go ngokela dipeeletso lona le setse le simo lotse go tshwara lebelo la lona.
 Jaaka re ntse re gatelapele mo go diragatseng Leano la go Tsosolosa le go Aga Sešwa Ikonomi, le maitlhomo a lona e leng go samagana le mafara tlhatlha, go aga difeme, go thapa batho le go fetola sebo pego sa ditheo tsa rona, re tla bona maemo a ntse a tokafala a go dira dipeeletso. 