Go nolofatsa thulaganyo ya go tlhatlhela ngongora ya GEPF

vukuzenzele unnamed

Ditokololo, batlha nkedi ba ba rolang tiro le bajalefa ba Letlole la go Tlamela Ba diredi ba Puso fa ba Rola Tiro (GEPF) botlhe jaanong go na le koo ba ka lelelang teng fa go na le tirelo epe fela e ba sa e kgotsofale lang  mo letloleng leno.
Boto ya GEPF sešweng jaana e tlhomile kantoro e e tla samaganang le dingongora go netefatsa gore dikeledi tsa ditokololo tsa letlole leno mmogo le ba malapa a bona ga di wele mo fatshe. Kantoro ya Moombate wa Letlole la go Tlamela Badiredi ba Puso fa ba Rola Tiro (GEPO) ke kantoro e e leng ka fa gare ga setheo sa GEPF mme fela yona ga e tsee letlhakore.
GEPF ke e nngwe ya ditheo tse dikgolo mo lefatsheng tsa matlole a go rola tiro, e na le ditokololo di le 1.2 milione ba ga jaana ba santseng ba le mo tirong, le batlhankedi ba ba rotseng tiro mmogo le bajalefa ba bangwe ba feta ba le 450 000. Letlole leno le tlhomilwe le go laolwa go ya ka Molao wa Letlole la go Tlamela Badiredi ba Puso fa ba Rola Tiro.
Moatefokate Makhado Ramabulana ke ene yo a tha pilweng go nna Moombata. A re kantoro eno e tlhomilwe ka maitlhomo a go thusa batho ba ba sa kgotsofadiweng ke ditirelo tsa GEPF.
Kantoro eno e tla tswela mosola batho ba ba senang dithata tsa go ka isa setheo seno kwa kgotlatshekelo.
Pele batho ba tseela setheo seno dikgato ka go se buletsa kwa Kantorong ya Mosire letsi wa Setšhaba kgotsa go se isa kwa kgotlatshekelo, ba ka ikopela mo go Kantoro ya Moombata go ba thusa go rarabolola matsapa a ba nang le ona le setheo seno.
Kantoro ya Moombata e tla thusa go rarabolola matsapa a a tsamaisanang le tiego ya go duelela badiradikopo mo go nang le mabaka a a sa utlwagaleng a a tlhodileng tiego eno. Kantoro eno e tla thusa go rarabolola fela di ngongora tse di nang le sebaka sa dingwaga di le tharo di ise di rarabololwe.
Dingongorego tse dingwe tse di welang mo matsogong a GEPO ke tse di latelang:
• Fa batlhankedi ba setheo seno ba sa dire tiro ya bona go ya ka melao le melawa na ya Letlole leno; 
• Go se diragatse tsholofe tso ntle le go tlhalosetsa motho mabaka a a utlwa galang a go se diragatse tsholofetso eo; mmogo le• Fa motlhankedi wa GEPF a abelana ka tshedimose tso e e fosagetseng kgotsa e e latlhetsang.
Pele motho a romela ngo ngora ya gagwe kwa kanto rong ya GEPO, o tshwanetse a simolole pele ka go kwalela GEPF ka ngongora yagagwe kgotsa a kwalele Setheo sa Tsamaiso ya Letlole la go Tlamela Badiredi ba Puso fa ba Rola Tiro (GPAA) kgotsa a kwalele mothapi wa gagwe mme a ba neye sebaka gore ba ipatlisise ba tle ba kgone go tsibogela ngongora ya gagwe.
“O tla tshwanelwa ke go ba naya sebaka sa matsatsi a le 30 gore ba rarabolole matsapa a a leng teng. Fa matsatsi a le 30 a ka feta mme ngongora ya gago e ise e rarabololwe, ke teng mo o ka romelang ngo ngora ya gago kwa go Kantoro ya Moombata,” Ramabulana o tlhalositse jalo.
Kantoro ya Moombata ga e kitla e samagana le ngongora e e setseng e le mo diatleng tsa setheo se sengwe se se dirang dipatlisiso tsa semmuso ka ngongora eo.
“E tla re morago ga dibeke di le pedi ngongora e setse e amogetswe GEPO ya sekaseka ngongora eo mme ya tsibosa mong wa ngongora gore e tla sala morago kgotsa e ka se kgone go sala morago ngongora ya gagwe.”Fa Katoro eno ya Moo mbata e re e ka se kgone go sala morago ngongora ya mongongoregi, mongongo regi a ka kwalela Katoro eno pele ga matsatsi a le 21 a ka feta, morago ga go amogela karabo eno go tswa mo ka ntorong eno, go e tlhalo setsa mabaka a gore goreng a dumela gore ngongora ya gagwe e tsamaelana sentle le tiro e e welang mo diatleng tsa yona.  



