Buletsa ditiro tsa bonweenwee ka go letsetsa mogala wa go lwantshana le bonweenwee

Silusapho Nyanda 

FA E LE GORE  o belaela gore felo gongwe mo pusong go diriwa bonweenwee, bogodu kgotsa sengwe se se seng mo molaong, o kopiwa gore o buletse ditiro tseo.
Go fedisa bonweenwee mo pusong e santse e le selo se se botlho kwa thata mo e bile Mogala wa Naga wa go Lwantshana le Bonweenwee o dirang gore go nne bonolo thata gore baagi ba buletse fa go na le ditiragalo tse ba belaelang e le tsa bonwee nwee.
Mogala ono o thankgolotswe ke Khomišene ya Ditirelo tsa Puso (PSC) mo ngwageng wa 2004 mme fa e sale o simolola go dira o setse o letseditswe makgetlo a feta a le 100 000 mo go begilweng ditatofatso tsa bonweenwee le tsa tsamaiso e e sa lolamang.
Dikgato tseno tsa go letsetsa mogala ono di thusitse gore go tlhatlhelwe dikgetse di le  24 035 tsa bonweenwee, bogodu le ditiro tse dingwe tsa go tlola molao tse ga jaana di phuru phudiwang, Michael Seloane wa Khomišene ya Ditirelo tsa Puso o tlhalosa jalo, yo e leng ene yo a okameng tiro yotlhe e e diriwang ke khomišene eno.
Mo ngwageng wa 2020 le wa 2021, mo mogaleng ono go begilwe dikgetse di le 337. Mo dikgetseng tseno tsotlhe, di kgetse di le 35 di ne di le mabapi le ditatofatso tsa go thapiwa le go neelwa dithendara ka tsela e e seng mo molaong mme Khomišene eno ga jaana e sama gane le go dira dipatlisiso mo go tsona. Dikgetse tse dingwe tsotlhe tse di setseng di rometswe kwa mafapheng a mangwe a puso le kwa mapodising gore di ba tlisisiwe teng koo.
Ditatofatso tse di amanang le kabo ya dintlo tsa setšhaba (diRDP), dithendara le megolo ya go thusa baagi ke tsona ka bontsi tse di begiwang.
“Fa go ne go sekegilwe na kwana ditiro tsa ka fa nageng re amogetse diimeile di le dintsi tsa go re loma tsebe.
Re na gape le motšhini yo o rekotang melaetsa fa batho ba letsa ka nako e batlhankedi ba khomišene ba tšhaisitseng,” Seloane o tlhalositse jalo.
O tlaleleditse ka gore fa e sale maemo a go sekega nakwana ditiro tsa ka fa nageng a repisiwa, jaanong ditatofatso tsa bogodu tse di begiwang ka bontsi ke tsa megolo ya go thusa setšhaba, segolo jang Mogolo wa go Inola Baagi ba ba  sa Direng mo Matsapeng a a Tlisitsweng ke Leroborobo leno.
Mo go gagamatseng dikgato tsa go lwantshana le bonwee nwee, puso e thapetse ditheo tse di disang kobamelo ya molao batlhankedi ba ba nang le bo kgoni mmogo le go tlhoma Tikwatikwe ya Ditirelo tse di Golaganeng tsa go Phuruphu tsha Bonweenwee. Tikwatikwe eno e bokeleditse ditheo tse di disang kobamelo ya molao gore di abelane ka tshedimosetso le didirisiwa gore di kgone go lwantshana le bogodu le bo nweenwee mo dithendareng tsa go reka ditirelo le didirisiwa tsa go lwantshana le COVID-19 .
 Go diragala eng fa re sena go lomiwa tsebe?  Seloane a re fa ba sena go lomiwa tsebe ka mogala ono, batlhankedi ba ba tlhatlhobang ditatofatso ba tla tlhatlhoba gore tatofatso eo e na le tshedimosetso yotlhe e e tlhokagalang.
Tshedimosetso eno ke e e buang ka gore mang o dirile eng, tiragalo e motho yo a lato fadiwang ka yona o e dirile neng le gore goreng a e dirile.
O tlhalositse gore fa go ka fitlhelwa gore tatofatso eo ke boammaruri, e ka tswa e le ya go thapa kgotsa go neelana ka dithendara ka tsela e e seng mo molaong, go duelwa pipa molomo, go dira bonweenwee 
mo go abelaneng ka di-RDP, go utswa megolo ya go thusa baagi, go amega mo ditiragalong tsa go tshedisa baagi ba dinaga tsa kwa  ntle ka tsela e e seng mo molaong, go amega mo diti ragalong tsa go otla batho ba bangwe, go utswetsa batho ba bangwe kgotsa go ba direla bogodu khomišene eno e tla tsaya tshwetso ya gore e eletse lefapha le le amegang gore le ka tsaya dikgato tsa mothale ofe go kgalema ditiragalo tseo kgotsa e tla romela kgetse eo kwa lephateng la ba di-Hawks kgotsa kwa lephateng la ba Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa kgotsa kwa Setlho pheng sa Tiro ya go Lwantsha Bonweenwee gore ba tsweletse dipatlisiso tsa tatofatso eo.
Dikgetse tse Khomišene eno e di romelang kwa mafa pheng a a amegang ke tse di latelang:
• Dikgetse tseo batlhankedi ba puso ba ba dirang letseno le lengwe ntle le go rebole lwa tetla ya go dira seo ke lefapha le ba le direlang; 
• Dikgetse tseo batlhankedi ba puso ba ba direlang le phata le le dirisanang le puso mme ba sa itsesa le fapha la puso le ba le dire lang, mmogo le;  • Dikgetse tsa maitsholo a a tswileng mo tseleng.  Seloane a re Khomišene eno e naya mafapha a puso sebaka sa matsatsi a le 60 gore a dire dipatliso le go tswala kgetse. A re morago ga nako eno lefapha le le amegang le tshwanetse go itsese Khomišene eno ka dikgato tse e di tsereng. “Fa re kgotsofaditswe ke dikgato tse lefapha leo le di tsereng, le rona mo letlhakoreng la rona re tla tswalela kgetse eno, mme fa re sa kgotsofala re tla boela kwa lefapheng leo go le gwetlha gore ba dire se se tshwanetseng."Re go netefaletsa gore o ka se itsiweFa motho yo a ntshang mosi ka sekhurumelo a batla go nna tlhokaina, motlhankedi wa mogala wa Khomišene o tla mo kopa fela dintlha tsa go ikgola ganya le ene. Seno se botlhokwa gonne fa go tlhokagala tshedi mosetso e nngwe go tshegetsa kgetse ya gagwe ba tla tlhoka go ikgolaganya le ene.
Seloane o boletse jalo gore batho ba ba ntshang mosi ka sekhurumelo mo mogaleng wa Khomišene eno ba sirelediwa ka go se rothise mmutla madi fa e le gore ba batla go nna bo tlhokaina. O tlhalositse gore batlhankedi ba ba tlhatlhobang ditatofatso ba katisitswe gore ba itse go se rothise mmutla madi ka dintlha tsa tshedimo setso ya dipaki.
Seloane a re maAforika Borwa a tshwanetse go buletsa fa go na le ditiragalo tsa bonwee nwee gonne di utswetsa batho ba ba humanegileng e bile di thibela tlhabologo, mme seno se dira gore naga e palelwe ke go tlhabologa. 