Ntshang matlho dinameng gore le se tlhaselwe ke batho ba ba bonweng molato mo ditirong tsa go tlola melao ya thobalano

Sphelele Ngubane

Buisa Rejisetara ya Naga ya Maina a Batho ba go Fitlhetsweng ba le Molato mo Ditatofatsong tsa Thobalano (NRSO) go bona tshedimosetso ya gore batho ba o batlang go ba thapa go tlhokomela bana le batho ba ba nang le makoa a tlhaloganyo ba na le melato kgotsa nnyaa.
Fa e le gore o na le sekolo sa bana ba mapimpana, o yo mongwe wa batho  ba molao o ba gapele tsang gore ba tshwanetse go lekola gore badiredi ba bona ga ba na melato e e tsamaisanang le tsa thobalano mo rejisetareng eno.
Rejisetara eno ke ya Lefapha la Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo mme bathapi botlhe ba tshwanetse go leba teng go lekola gore maina a batho ba ba batlang go ka  ba thapa a tlhagelela kgotsa jang mo go yona. Fa re bua ka mothapi re bua le ka batsadi ba ba batlang go ka thapa mothusi mo di ntlong tsa bona, Lekgotla taolo la Sekolo kgotsa mao kelo. Palamente ka ngwaga wa 2007 e ne ya dira Molao wa gore go nne le rejisetara eno. Rejisetara eno e na le maina a batho botlhe ba ba bo nweng molato mo ditirong tsa go tlola melao ya thobalano go latela gore ba dire ditiro tseo mo baneng le mo ba thong ba ba nang le makoa  a tlhaloganyo. Ntombizodwa Matjila, yo e leng Motlhankedimogolo wa Lekala la NRSO, a re rejise tara eno e na le maina a banna le basadi botlhe ba ba bo nweng molato mo ditiraga long tseno.
Batho bano ke ba  ba bo nweng molato mo ditirong tsa go tlola melao ya thobalano go latela gore ba dire ditiro tseo mo baneng le mo bathong ba ba nang le makoa a tlha loganyo, mme ditiro tseno di tsenyeletsa; • Go robalana le bana ba bannye; • Go gapeletsa bana go go bogela fa o betelela motho yo mongwe; • Go betelela batho; • Go dirisa batho ka thoba lano; • Go ruta bana ditiro tsa thobalano ka maitlhomo a go ba dirisa mo go tsa thobalano; • Go dira gore bana kgotsa batho ba ba nang le makoa mo tlhaloganyong ba bogele ditshwantsho tsa maponapona tsa bana ba ba ponakang le go tsaya bana kgotsa batho ba ba nang le makoa mo tlhalo-ganyong ditshwantsho tsa maponapona.
"Fa mothapi a ka fitlhela gore leina la yo mongwe wa badiredi ba gagwe le teng mo rejisetareng eno,  mothapi o tshwanetse go tsaya dikgato a mo ntshe mo tirong eo gore a se kopane le bana kgotsa batho ba ba nang le makoa mo tlhaloganyong” ga rialo Matjila.
Fa mothapi go se tiro e nngwe e a ka e neelang modiredi yono mo a ka se kopa neng le batho bano, mothapi o tla tshwanelwa ke go mo tebela mo tirong. Dintlha tsa motlolamolao tse di tlhagelelang mo go NRSO ke; 
• Maina otlhe le sefane, leina la go tlhalediwa le tiro e a e dirang kgotsa lephata le a le direlang; • Aterese ya bodulo e e itsegeng ya setlhokotsebe, le dintlha tsotlhe tsa go ikgo-laganya le ena, mmogo le aterese ya gagwe ya poso; • Nomoro ya lekwaloitshupo kgotsa ya lekwalo la mosepele la setlhokotsebe; • Tlolomolao ya thobalano e a bonweng molato mo go yona. Rejisetara eno ga e a letlelelwa gore e bonwe ke mang le mang mo baa-ging. Bathapi ke bona fela ba ba ka kopang gore ba thusiwe ka go phuruphuletswa fa e le gore maina a badiredi ba bona a ba a rometseng a tlhagelela mo rejisetareng kgotsa nnyaa ka go ba romela makwalo a a bontshang fa ba kile ba amega kgotsa nnyaa mo dikgetseng tsa bosenyi jono. 