Letsholo la go Tlhola Ditiro la Moporesidente le tlhotlheletsa  go tlhamiwa ga ditiro 

vukuzenzele unnamed

Go tlhomiwa fa gautshwane ga legato la bobedi la Letsholo la go Tlhola Ditiro la Moporesidente go bontsha tswelelopele e kgolo mo maitekong a  rona a go tlhamela ma Aforika Borwa a a sa direng ditšhono tsa  ditiro.
Re simolotse letsholo leno la go tlhola ditiro ngogola ka maitlhomo a go tlhama ditšhono tse dintsi ka fao go kgonegang mo pakeng e  khutshwakhutshwane e e ka kgonegang. Seno se ne se tlhoka ditsela tse dintšhwa le tsa boitlhamedi tsa go dira gore go tsenngwe tiri song mananeo ka lebelo le seelo se se sa tlwaelegang.
Tirego ya go ngoka batho ba le bantsi ba ba neng ba sa dire e dirisitse dipolatefomo tsa dijitale go fitlhelela bannaleseabe ba ba nang le tshiamelo ka bontsi jo bo kgonegang. Sekai, bale mirui ba ba botlana ba kgonne go dira dikopo tsa tshegetso ka go romela SMS le go amogela diboutjahara ka diselefounu tsa bona.
Fa e sale Lefapha la Thuto ya Motheo le bulela dikopo tsa setlhopha se se late lang sa bathusi ba kwa di kolong fa gautshwane, bašwa ba feta 94 000 ba dirile dikopo ka polatefomo ya go ngoka e e sa duelelweng e e bidi wang SAYouth.mobi, e e leng karolo ya bosetšhaba ya Pathway Management  Network. Tiriso ya dithekenoloji tse dintšhwa go tlamela ka ditšhono tsa go thapiwa e nolofaditse go ngoka badiri thata, ya dira gore go nne bonako le gore go dirwe mo phasalatseng.
Letsholo la go Tlhola Ditiro la Moporesidente le kgontshitse le go bebofatsa tirisanommogo mo lepha teng la setšhaba. Mananeo a legato la ntlha a tsentswe tirisong ke mafapha a le 11 a bosetšhaba. Ditiro tsa ona di ne di lepalepane go efoga go dira dilo tse di  tshwanang le tshenyo mmogo le go tokafatsa go ithuta ka maitemogelo a ba bangwe. Thotloetso ya ditiro gape e bontshitse botlhokwa jwa selekane sa loago. Puso, kgwebo, badiri le baagi ba kopane go thusa ba ba sa direng go nna le seabe mo ikonoming.
 Go feta halofo ya maAfo rika Borwa ba setse ba ungwetswe mo legato ng la ntlha, mme mana neo a le mmalwa a sa ntse a tsweletse pele. Banna leseabe ba neilwe tšhono ya go iponela ditsela tsa go iphedisa, go ithuta bokgoni jo bontšhwa le go tokafatsa jo ba ntseng ba na le bona, le go dirisa maitemogelo a bona go bona tiro e nngwe gongwe go ithapa.
Sekai, bannaleseabe ba le mmalwa ba ba thapi lweng ke Lefapha la Ditiro tsa Puso le Mafaratlhatlha a Setšhaba mo mananeong a lona a legato la ntlha ba ne ba kgonne go iponela ditiro mo lephateng la poraefete kwa bokhutlong jwa Mopitlwe 2021.
Bontsi jwa ba ba mo setlhopheng sa ntlha sa bathusi ba kwa diko long, le bona ba kgonne go thapiwa, ba na le mai temogelo, katiso le lenane la ba go ka ikgolaga nngwang nabo go botsa  ka maitemogelo a bona.
Mananeo a a tsentswe ng tirisong ka Letsholo la go Tlhola Ditiro la Mopore sidente gape a ungwetse baagi ka bophara. Go ne go totilwe go tlhamiwa ga ditiro mo maphateng a a tobaneng poo le bagi a  tshwana le a thuto, a go tlholela baagi dijo, a go tlhokomela mafaratlhatlha  a setšhaba le a go tlhoko mela tikologo.Ka Letsholo la go Tlhola Ditiro la Moporesidente, bašwa ba thapilwe go tshegetsa le go thusa baru tabana kwa dikolong tsa rona. Ba bangwe ba tha pilwe go aga maporogo kwa metsemagaeng.
Dikolo tsa bomapi mpana di thusitswe gore di se phutlhame le gore di se tswalelwe go ya go ile. Balemirui ba ba le mang le go ruela gore malapa a bona a je ba ne ba thusiwa go oketsa tlhagiso, mme dithoto tsa tikologo di tshwana le dinoka le mafelo a a bongola a a nang le  letlhaka a ne a baakanngwa le go tlhokomelwa.Jaaka karolo ya legato la bobedi, re simolola Letlole la go Tlholela Baagi Ditiro le le tla tshegetsang tiro e e siamelang botlhe le le etelelwang pele ke mekgatlho ya baagi mo dikarolong tse di farologaneng go tshwana le temothuo mo metse setoropong, botsweretshi jwa setšhaba, tokafatso ya mafelo a baipei le pabale-sego ya baagi.
Mo gare ga poelomorago e e boitshegang ya ikonomi e e bakilweng ke leroborobo la Bolwetse jwa Mogare wa Corona, ditiro tsa setšhaba le loago di tlametse ka thotloetso ya botlhokwa ya  go tlhamiwa ga ditiro. Seno ke tsenyotirisong ya maitlamo a rona a gore puso e tshwanetse go tshegetsa ditiro ka botlhaga fa mma raka wa ditiro o sa ntse o itharabologelwa.Ka Letsholo la go Tlhola Ditiro la Moporesidente, re tsentse bašwa mo diti rong ka dipalo tse di kwa godimo thata ka tsela e e sa tlwaelegang mo pakeng e khutshwane. Bannaleseabe ba le 84% mo legatong la ntlha e ne e le bašwa ba dingwaga tse di ka fa tlase ga 35, mme ba le babedi mo go ba le bararo ba bona e ne e le basadi. Mo legatong la bobedi re solofetse gore palo eno e tla nna kwa godingwana, ka ntlha ya fa thotloetso e tla tlamela ka matlole a a fopholediwang go R1 bilione a Letsholo la go Tlholela Bašwa Ditiro la Mopore sidente. Jaaka karolo ya letsholo leno, bašwa ba le mmalwa ba tla tsenngwa mo Tire long ya Bosetšhaba ya Bašwa e e ntšhwafaditsweng.
Bašwa ba tla katisediwa bokgoni jwa go dirisa didirisiwa tsa dijitale mme dikgwebo tsa bašwa di tla amogela tshegetso gore di gole mme di thape.
Botlhokatiro mo na geng ya rona bo tswile mo  taolong. Re ka se ke ra kgona gore go nne le tiego malebana le go samagana  le bothata jono ka ntlha ya ditsamaiso, ditirego  tsa maloba tsa go ngoka badiri, tlhaelo ya bokgoni le dithulaganyo, gongwe mananeo a pakakhu-tshwane gongwe a a sa tsweletsegeng.Katlego ya Letsholo la go Tlhola Ditiro la Mopore sidente e bontshitse gore  fa re dira mmogo, re dira  ka bonako, re tla ka dikgopolo tse dintšhwa mme re tlhokomela didirisiwa tsa rona sentle, re ka dira  pharologano e e bona lang.
Letsholo la go Tlhola Ditiro la Moporesidente le bontshitse gore re ka tlhama ditiro fa re dira mmogo  jaaka lephata la setšhaba, badiri, baagi le puso.
Ga ke na pelaelo epe gore legato le le latelang la  Letsholo la go Tlhola Ditiro la Moporesidente le tla  re atametsa gaufi thata le maikemisetso a rona a ditiro tse di seriti le ditšhono go botlhe.
