Netefatsa gore o dira wili!

vukuzenzele unnamed

Fa o sena wili ya semo lao ga o kitla o kgona go abelana ka lefa la gago go ya ka fao o batlang fa o sena go hulara mo lefa tsheng. Seno se ka dira gore batho ba o neng o sa batle go ba siela sepe ba abelwe madi a gago kgotsa dithoto tsa gago le fa e le gore seno ke se o neng o sa se batla.
Fa motho a ka tlhokafala a ise a diri wili, dithoto tse a neng a na le tsona di tla rebolelwa batho ba go tsewang e le bona ba ba matshwanedi go ka rebo lelwa dithoto tsa gagwe go ya ka Molao wa Kabo ya Ditho tsa Moswi ka go Latela Tatelano ya ba Lelapa le Masika.
Molao ono o tlhalosa ka fao go tshwanetsweng go abelanwe ka dithoto tsa moswi ka teng.
O tlhalosa gore ba lelapa ke bona batho ba ntlha ba ba  tshwanetseng go abelwa dithoto mme seno se tshwa netswe go diriwa go ya ka tatelano e e rileng:
• Fa moswi e le gore o tlho kafala a na le molekane, lefa lotlhe la gagwe le tla abe lwa molekane wa gagwe.• Fa e le gore moswi o ne a sena molekane mme a na le bana, bana bano ba tla kgaoganngwa lefa la ga gwe.
• Fa e le gore moswi o ne a na le molekane le bana, molekane yono o tla abe lwa lefa le le lekanang le la bana kgotsa la bokanaka  R250 000, go tla lebelelwa gore le le ntsi ke le lefe, mme bana ba tla kgaoga nngwa lefa le le setseng fa go sena go ntshiwa lefa la molekane wa moswi. Go naya motlhala, fa e le gore lefa la moswi le ka dira  R2 milione mme moswi e le gore o ne a na le molekane le bana ba le bararo fa a  tlhokafala, lefa le le leka nang le la bana e tla nna madi a le kanaka R500 000. Gore re bone gore lefa le le lekanang le la bana ke bokae re kgaogantse lefa lotlhe la moswi ka palo ya bajalefa ba le bane.
• Fa e le gore moswi o ne a sena molekane le bana, ba tsadi ba gagwe ba tla kgao ganngwa lefa ka bogare. Fa e le gore yo mongwe wa batsadi ba moswi ga a sa le teng mo botshelong mme e le gore o na le bana, mo tsadi wa moswi yo a santse ng a le mo botshelong o tla abelwa halofo ya lefa mme bana ba motsadi yo a sa tlho leng a le mo botshelong e tla nna bona ba ba abelwang halofo ya lefa le le setseng la moswi le le ka bong le abetswe motsadi yo a hu lereng yono.
• Fa e le gore batsadi ka bobe di ba moswi ba hulere mme bana ba bona ba santse ba tshela, lefa la moswi le tla aroganngwa go ya ka palo ya bana ba batsadi ba mo swi ba ba hulereng.
• Fa e le gore moswi o tlhoka fala a sena molekane, bana, batsadi kgotsa bana ba kwa gaabo, lefa la moswi lotlhe le tla abelwa yo mongwe wa losika yo a amanang le lelapa leno ka madi.
• Sa bofelelo, fa e le gore ga go ope wa losika yo a ka abelwang lefa la moswi, lefa lotlhe la moswi le tla jewa ke puso.Go tlaleletsa mo dintlheng tse di tlhalositsweng fa godimo, ngwana yo batsadi ba gagwe ba sa nyalanang a ka abelwa lefa jaaka a amana le bona ka madi; ntlha e nngwe gape ke gore ngwana yo e seng wa madi mme a le mo tlhokomelong ya kgodiso ya motsadi, ngwana yoo go tsewa gore ke ngwana wa motsadi kgotsa batsadi bao.
Wili e tsewa e le ya semmu so fa go diragetse eng?Wili e tsewa gore ke ya se mmuso fa e kwadilwe ke motho yo a nang le dingwaga di le 16 kgotsa go feta, mme e tshwanetse go nna le dintlha tse di latelang:
• E tshwanetse go nna e e kwadilweng, e tshwanetse go saeniwa mo tsebeng e nngwe le e nngwe kwa tlase ke mong wa yona.
• E tshwanetse go saeniwa ke dipaki di le pedi kgotsa go feta tse di itseng se wili eno e buang ka sona. Motho yo mongwe le yo mongwe yo a nang le dingwaga di le 14 go ya kwa godimo e ka nna paki. Mojalefa ga a tshwanela go saena jaaka paki.
• O tshwanetse o tsenye di thoto tsotlhe tse o nang le tsona le gore o batla go di tlogela mo matsogong a ga mang, o tshwanetse o kwale maina a bona le dintlha tse dingwe tsa bona tsotlhe tse di botlhokwa.
• O tshwanetse o tlhope mo ngwe gore e nne ene yo a tla abelanang ka lefa la gago.
• Motho yono e tshwanetse e nne yo e seng mojalefa mo wiling eno.
• O tshwanetse o tlhalose gore o batla gore lefa le o le abelang ngwana go diriwe eng ka lona jaaka a santse a le monnye.
• Fa e le gore o na le ngwa na yo e seng wa madi yo o mo godisang, tlhalosa gore o batla mang e nne ene yo a tla salang a go godisetsa ngwana yono.
• O tshwanetse o baye se ntle wili e e saenilweng ya mmatota gonne khophi ya yona ga e na mosola.
Tshedimosetso eno o e tli sediwa ke Kantoro ya Mo ombate wa Ditheo tsa Ditirelo tsa Matlole jaaka e le tokololo ya Komiti ya ka fa Nageng ya go Ruta Ba direlwa ka Tiriso ya Madi.