Go fedisa bonweenwee mo lephateng la tirelopuso

vukuzenzele unnamed

Se se ntshitsweng mo pepeneneng kwa Palamenteng gore diketekete tsa badiredipu so ba ntse ba amogela me golo ya puso e e tshwane tseng go thusa baagi ba ba humanegileng kgwedi le kgwedi ke sesupo sa gore re santse re tlhoka go dira go utlwagala go dira gore badiredipuso ba itlwaetse go nna le maitsholo a a si ameng.  Fa ngwaga ono o roga go ne ga fitlhelwa gore badiredi puso ba le 16 000 ba dueletswe Madithuso a go Rola Boima mo Baaging jo bo Tlisi tsweng ke COVID-19 , e leng selo se se seng mo molaong.
Motho mang le mang o a itse gore badiradikopo ba ba bonang letseno ga ba tshwa nela go neelwa megolo ya madithuso ano. Gape motho mang le mang o a itse gore fa o amogela mogolo go tswa mo pusong ga o a tshwanela go dira kopo ya go thusiwa ka madithuso ano.
Badiredipuso bano ba ntse ba itse seno sentle bona ba tsweletse go dira dikopo tseno le go amogela megolo eno. Badiredipuso ba le  17 000 ba ba direlang mafapha a puso ya naga le a dipuso tsa diporofense ba dirile dikopo tseno maitlhomo e le go iko keletsa megolo ya bona ka madi a a tshwanetseng go thusa baagi ba ba humane gileng. Ka ntlha ya tshotlego e baagi ba naga ya rona ba leng mo go yona, tshotlego e badiredipuso ba naga ya rona ba e itseng e bile ba e tlhalo ganya sentle, ditiro tseno tsa ka bomo tsa go utswa madi a puso ke molato o re ka se ba tshwareleng mo go ona.
Puso jaanong e samagane le go tsaya dikgato go thibela gore ditiragalo tsa mothale ono di se tlhole di ipoeletsa le go tseela dikgato badire dipuso botlhe ba ba amegang mo ditiragalong tseno tsa bogodu.
Sešweng jaana puso e tha nkgolotse Yuniti e ntšhwa ya go Thusa ka Merero ya Maitsholo, Botshepegi le Di kgatokgalemo tsa Badiri mo Tsamaisong ya Puso.
Yuniti eno e tla thusa ditheo tsa puso go samagana le dikgatokgalemo tsa badiri fa ba tlotse melao ya mai tsholo mmogo le go thusana le ditheo tse dingwe tsa puso mo go direng gore badiredi ba ba amegang ba rweswe maikarabelo a tlolomolao ya bona.
Yuniti eno e tla fetisetsa ditatofatso tsa bonweenwee kwa Setlhopheng sa Tiro ya go Lwantsha Bonweenwee mmogo le go netefatsa gore e thusa mafapha a badiredi ba ba amegang mo ditirong tsa bonweenwee go netefatsa gore le kwa tirong ba tseelwa dikgatokgalemo. Ka go tshwa risana tiro le Tikwatikwe ya Ditirelo tse di Golaganeng tsa go Phuruphutsha Bo nweenwee, yuniti eno e tla thusa go nopola badiredi ba ba amegang mo dipatlisisong tse di leng mo diatleng tsa mapodisi.
Yuniti eno e tla ela tlhoko ka fao bathapi ba tlhatlhobang botshelo jwa badiredipuso.
Mo mafapha a nopolang gore go na le bokhukhu ntshwane teng le khumo e  go sa tlhaloganyegeng gore modiredipuso o nnile le yona jang, kgetse eo e tla tlhatlhelwa kwa Tirelong ya Sepodisi sa Aforika Borwa (SAPS).
Yuniti e ntšhwa eno ga e ake ya senya nako e tsene le go simolola ka tiro ya yona, mo e nnileng le seabe mo go nopo leng badiredipuso botlhe ba ba amegang mo dithendareng tsa didirisiwa tsa COVID19, le ba ba amegang mo go  utsweng Madithuso a go Rola Boima mo Baaging jo bo Tlisitsweng ke COVID-19  le mo go utsweng Matlole a go Duelela Badiredi ba ba Kgaotsweng kwa Ditirong.
Dikgetse tsotlhe tse di amang badiredipuso tse Yuniti e e Batlisisang Dikge tse tse di Itlhophileng e di rometseng kwa bathaping go tsaya dikgatokgalemo ka badiredi ba bona, yuniti eno e ntšhwa e tla di lebelela ka leitlho le le ntšhotšho gore di ntse di tsamaya ka tshwanelo kgotsa jang.
E nngwe ya dikgato tse di botlhokwa tse yuniti eno e tla samaganang le tsona ke go tlhoma setheo se se tla samaganang le maitsholo mo lephateng la tirelopuso. Mo dingwageng tse di fetileng badiredipuso ba le mmalwa ba ntse ba nagana gore bona, ba malapa a bona le ditsala tsa bona ba ka gwebisana le puso kgotsa go bona merokotso go tswa mo pusong fa fela e le gore seo ga se tlolomolao. Re tshwanetse go dira go tlala seatla go fetola maitsholo ano.
Fa re tsweletse go samagana le go fedisa bonweenwee, ka fa letlhakoreng le lengwe re tshwanetse go fetola mai tsholo a badiredipuso, gonne selo se se leng mo molaong ga go raye gore se siame go diriwa le fa e le gore go phoso go se dira mme seno e ka nna selo se se sa itumediseng ka badiredipuso.
Yuniti e ntšhwa eno e tla tlhoma maitsholo a a amo gelesegang. E tla thusa gape le mafapha go dirisa dikga tokgalemo tsa go kgalema badiredipuso ba ba bonweng molato mo ditiragalong tsa maitsholo a a sa amogelese gang. Mo ngwageng yo o fetileng batlhankedi ba feta ba le 200 ba katisitswe go nna batlhankedi ba ba oka mang dikgatokgalemo le ba ba tlhotlhang ditiragalo tsa dikgatokgalemo.Go aga puso e e tshepaga lang, e e nang le maitsholo le bokgoni  e santse e le selo se puso eno e samaganeng le sona.
Dipalopalo tsa borukhutlhi tse badiredipuso ba amegang mo go tsona jaaka ba iponela merokotso mo pusong ka tsela e e seng mo molaong di re bontshitse gore tiro eno ke e e boima tota mme e tla re goga sebakanyana gore re e konosetse. Le fa go le jalo re ikemiseditse go diragatsa tiro eno.
Puso e e nang le bokgoni ke yona e e tla re kgontshang go fitlhelela dintlha tse di botlhokwa tse naga ya rona e ipeetseng tsona go di fi tlhelela. Fa re sa sekaseke kgang ya maikarabelo le go tlotlomatsa maitsholo a a sia meng, dintlha tseno tsotlhe e tla nna digaboi fela.
Badiredipuso ba rona ka bontsi ba direla puso ka boi neelo, ba obamela molao e bile ba na le maitsholo a a siameng.
Tiro e e re farafereng jaa nong ke ya go sikara mmogo tiro ya go ntsha bao ba senang mosola mo tirelopusong le go baakanya megopolo ya go nagana gore batlhankedi botlhe ba ba direlang puso ke batho ba ba itebeletseng ba le esi kgotsa ke batho ba ba dirang bonweenwee.
Ke ikuela mo banneng le mo basading botlhe ba ba dire lang naga ya rona letsatsi le letsatsi go tsosolosa boineelo jwa bona mme ba dire ditiro tsa bona ka botswapele, mme ba gakologelwe gape le gore maitsholo a bona ka dinako tsotlhe a tshwanetse go nna a a leng mo molaong e bile gape e se nne a a tswileng mo tseleng.
Go tlhomiwa ga yuniti eno ke kgato e nngwe gape ya ka fao re lwantshanang le go fedisa bonweenwee mo pusong le mo makaleng otlhe a naga ya Aforika Borwa.
