Moento wa COVID-19 : Dipotso tsa gago di a arabiwa

Allison Cooper

Jaaka letsholo la naga ya Aforika Borwa la go tlhabela moento wa Mogare wa Corona  (COVID-19) le setse le le mo tirong, ba Vuk’uzenzele  ba batlile tshedimosetso go tswa kwa Lefapheng la Boitekanelo la Naga go ka araba tse dingwe tsa dipotso tse baagi ba ipo tsang tsona.
Potso:  A moento ke ona o tlholang COVID-19  kgotsa ke ona o dirang gore motho fa a dira diteko a iphitlhele a na le mogare ono?Karabo: Nnyaa. Ga go le o le mongwe fela wa meento e e dirisiwang ka fa nageng ya Aforika Borwa o o nang le mogare ono o o tlholang COVID-19 . Ka ntlha ya seno, ga go na gore o ka jala peo ya mogare ono mme e bile gape ga go na gore o ka iphitlhela o na le mogare ono mme ona o jadilwe ke go tlhabela moento.
Potso: A ke boammaruri gore meento eno e na le maekerotšhipi e e disang metsamao ya batho?Karabo:  Nnyaa. Ga go maekerotšhipi ope fela kana sedirisiwa sepe fela sa go disa metsamao ya batho mo mee ntong eno. Badiri ba meento molao o ba gapeletsa gore ba rebole metswako yotlhe e e dirisitsweng mo meentong kwa Bothating jwa Naga ya Rona jwa Taolo ya Melemo ya Boitekanelo (SAHPRA) pele meento eno e ka nesediwa pula gore e dirisiwe.
 Potso:  Ke utlwetse go twe meento eno e na le letshwao la Bolotsana la 666. A go jalo?Karabo: Nnyaa. Meento ga e amane ka gope le dikereke kgotsa ditumelo mme ka jalo, ga gona gore e ka tsenngwa mewa e mebe, matimone kgotsa sengwe fela sa mo thale oo.
Potso:  A ke tshwanetse go tlhabela moento le fa ke le mo mmeleng?Karabo: Basadi ba ba leng mo mmeleng go le gantsi ba welwa ke digegi tsa COVID19. Go tlhabela moento go ka thusa mosadi yo a leng mo mmeleng gore a se gatelelwe thata ke digegi tseno.
Potso: A ke tshwanetse go kgaotsa go anyisa gore ke kgone go tlhabela moento?Karabo: Ba Mokgatlho wa Lefatshe wa Merero ya Boite kanelo (WHO) mmogo le ba Lefapha la Boitekanelo la ka fa nageng ga ba eletse ope go kgaotsa go anyisa gore a tle a kgone go tlhabela moento wa COVID-19 . Basadi ba ba anyisang ba elediwa go tlhabela meento ba ntse ba anyisa.
Potso:  A nka tlhabela moento le fa e le gore ke gona ke tshwaediwang ke  COVID-19 ?Karabo:  Nnyaa. Motho mongwe le mongwe yo a  tshwaeditsweng ke COVID19 o tshwanetse gore fa ma tshwao a gagwe a bolwetse a sena go fola, a lete sebaka sa matsatsi a le 30.
Potso:  Ke na le matshwao a COVID-19 , a go siame gore nka tlhabela moento?Karabo:  Nnyaa. Ga o a  tshwanela go tlhaba moento fa e le gore o na le matshwao a COVID-19 . Se gongwe o ka se dirang ke go dira diteko go bona gore o tshwerwe ke eng.
Potso: A nka tlhabela lebo tlolwana la bobedi la moento wa Pfizer pele matstsi a le 42 a ka feta morago ga go tlha bela lebotlolwana la ntlha?Karabo:  Nnyaa. O le tleletswe go tlhabela lebo tlolwana la gago la bobedi la moento morago ga matsatsi a le 42.
Potso: Ke santse ke tlhoka go tlhabela moento le fa e le gore ke ne ka tshwarwa ke COVID-19  mme jaanong ke fodile? A mmele wa me o ka se kgone go lwantshana le bo lwetse jono ka bo ona, go na le gore ke bogisiwe ke matshwao a go tlhabela moento?Karabo:  Bopaki jo bo leng teng bo bontsha gore masole a mmele wa gago, fa o tshwerwe ke COVID-19 , tsela eo a lwantshanang le bolwetse jono ka yona e bo ntsha gore a koafafetse thata mme le maatla ga se a ma kalo a phalwa ke fa o tlhabetse moento. Fa o tlhabile moento masole a gago a mmele a tla natlafala mme a tla nna le maatla a mantsi a a tla nnang sebaka mo mmeleng.
Matshwao a go tlhabela moento ga a bogale go le kalo e bile ga a nne sebaka se se fetang letsatsi kgotsa a mabedi, mme fa o tshwerwe ke COVID-19  e ka go gatelela mo o ka iphitlhelang o tlhoka go ya bookelong kgotsa wa thula botala ka tlhogo.
Potso: Batho ba ba nang le malwetse a a sa foleng, a a jaaka bolwetse jwa kgatelelo ya madi a magolo, ba tshwa netse go tlhabela moento?Karabo: Batho ba ba nang le malwetse a a sa foleng ba na le kgonagalo e kgolo ya go gatelelwa ke COVID19. Moento o tla ba tswela molemo thata.
Potso:  Fa e le gore go melemo kgotsa meento e e kileng ya ntlhakatlhakanya ka e ganana le mmele wa me a ke tshwanela go tlhaba moento le fa go le jalo?Karabo: Motho mongwe le mongwe yo a kileng a tlha katlhakanngwa ke melemo kgotsa meento e mengwe ka e ganana le mmele wa gagwe o tshwanetse go utlwa gore ngaka ya gagwe e reng ka seo.
Potso:  Go tlhakatlha kanngwa ke meento ka e ganana le mmele wa gago go kotsi go le go kanakang mo moentong ono?Karabo:  Go tlhakatlha kanngwa ke meento ka e ganana le mmele wa motho ga se selo se se diragalang go le gantsi. Go le gantsi go tlha katlhakanngwa ke meento ka e ganana le mmele wa motho ke selo se se diragalang me tsotswana fela morago ga gore motho a tlhabe moento.
Ke ka ntlha ya seno go tweng batho botlhe fa ba sena go tlhabela moento ba tshwanetswe go beewa kwa lefelong la go leta mme ba lete sebaka sa metsotso e le 15 morago ga gore ba tlhabele moento pele ba ka lokololwa go boela gae.
Potso: A motho yo a tlha katlhakanngwang ke mae ka ntlha ya fa a ganana le mmele wa gagwe go babalesegile gore ene a ka tlhabela moento?Karabo: Ee. Meento yotlhe ya COVID-19  ga e a tswakiwa ka diporoteini tsa mae.
Potso: Ke utlwetse ka batho ba bagolo ba e reng morago nyana fela ga gore ba tlhabele moento ba thule botala ka tlhogo. A moento o siame tse go ka tsewa ke batho ba bagolo?Karabo:  Meento e babalesegile e bile e mosola thata mo go thibeleng go gatelelwa ke bolwetse jwa COVID-19  mo o ka iphi tlhelang o thutse botala ka tlhogo. Ka go tlhabela meento re bona phokotsego e kgolo thata mo dipalong tsa batho ba bagolo ba ba neng ba thula botala ka tlhogo ka ntlha ya COVID-19  mo dinageng di le dintsinyana.
Potso:  Goreng batho ba bangwe ba santse ba tshwae diwa ke COVID-19  morago ga dibeke di le pedi tsa fa ba sena go tlhabela moento?Karabo:  Kgang tota ke gore moento ga o go siretse ka gangwe fela morago ga gore o o tlhabele, wa Johnson & Johnson o tla go sireletsa morago ga matsatsi a le 30, wa Pfizer o tla go sireletsa morago ga dibeke di le pedi.
Ka jalo, fa o ka fetelwa ke mogare ono pele ga dinako tseno, o ka tshwarwa ke bo lwetse jono.
Potso:  Moento o dira gore motho a se tlhole a tshwae diwa ke COVID-19 ?Karabo: Nnyaa. Le fa o setse o tlhabetse mabotlolwana otlhe go a kgonagala gore o ka iphitlhela o tshwe rwe ke COVID-19 . Le fa go le jalo, moento o thusa gore o se gatelelwe ke COVID19 mo o ka iphitlhelang o gapeletsega go robala kwa bookelong kgotsa wa thula botala ka tlhogo.
Go bona tshedi mosetso ka botlalo etela webesaete ya: https://sacoro navirus.co.za