BRICS ke karolo e e botlhokwa thata mo kgolong ya ikonomi ya Aforika Borwa

vukuzenzele unnamed

Ngwaga pele re tse na mo ditlhophong tsa ntlha tsa temo kerasi, Moporesitente Ne lson Mandela o ne a kwa la athikele mo makasineng wa Foreign Policy  e e neng e bua ka pholisi e ntšhwa ya mo isagong ya botsalano le dinaga tsa boditšhaba ya naga ya Aforika Borwa.
Mo a buang ka diphetogo tsa botsalano jwa dinaga tsa boditšhaba tse di tlisitsweng ke Cold War fa e ne e fedisiwa, o ne a kwala a re dinaga di tla tshwanelwa ke go "simolola botsalano sešwa" fa e le gore di batla go unngwelwa mo dika manong tsa boditšhabatšhaba.
Fa e sale diphetogo tse di kgolo tse di diragetseng mo ngwageng wa 1994 fa re ne re fenya e seng fela puso ya tlhaolele, mme le go fenya botsalano jwa dinaga tsa boditšhabatšhaba, pholisi ya botsalano le dinaga tsa boditšhaba ya naga ya Aforika Borwa e tswelela go itshegetsa ka mogopolo ono yo o reng "simolola botsalano sešwa".
Dintlha tse di botlhokwa mo pholising ya naga ya rona ya botsalano le dinaga tsa boditšhaba ke tse di buang ka go golaganya dikgaolo, di polotiki le ikonomi, go dira gatsa tlhabololo ya Aforika, go atlhaatlhaa matsapa re le dinaga mmogo le go tsholetsa temokerasi, kagiso le ditshwa nelo tsa batho.
Go fitlha mo motsing ono, re setse re na le botsalano le dinaga tse di ka fa Borwa mo Lefatsheng le tse di ka fa Bokone mo Lefatsheng.
Ka go nna karolo ya setlho pha sa dinaga tsa BRICS mo ngwageng wa 2010 re dirile selo se se botlhokwa mo go diragatseng maitlhomo a rona a go gagamatsa dintlha tsa tlhabologo tse di botlhokwa mo nageng ya rona ka go dira botsalano jwa go ntshana se se mo 'inong le dinaga tse ikonomi ya tsona e leng bo tlhokwa e bile e gola tsa Brazil, Russia, India le China.
Mo go tlhamalatseng botlho kwa jwa dinaga tsa BRICS, dinaga tseno mo go tsona go na le baagi ba ka dira 41% ya palo yotlhe ya baagi mo lefa tsheng mme seabe sa tsona mo Letsenong la Ditlhagisiwa tsa Dikuno (GDP) se fitlha go 24% mo lefatsheng mme seabe se sengwe ke sa 16% mo di kgwebong tsa lefatshe.
Kgwebisano le dinaga e godile, segolobogolo maga reng ga naga ya China le ya India, mo bontsi re gwebi sanang ka dithoto tse re di rekisetsang dinaga tsa kwa ntle le mo re rekang ditlha gisiswa tse di dirilweng kwa dinageng tsa kwa ntle.
Dinaga tsa BRICS di tswelela go nna botlhokwa jaaka e le tsona di beeletsang thata mo maphateng a a botlhokwa a a jaaka a meepo, a dijanaga, a dipalangwa, a motlakase o o fetlhiwang ka letsatsi, phefo le metsi, a ditirelo tsa matlole le tsa dikhomphiutara.
Tshekatsheko e e dirilweng ka ngwaga wa 2018 ke setlamo sa ditirelo tsa manontlhotlho sa Deloitte mabapi le go nneng karolo ga rona mo BRICS, setlamo seno se nopotse gore dinaga tsa BRICS “di beele ditse go utlwagala mo nageng ka bontsi jwa matlole a a mena ganeng ga raro fa go bapisiwa le a mo dingwageng di le supa tsa pele ga ngwaga wa 2011”.
Dipeeletso le diporojeke tseno di tswetse naga mosola ka di tlhodile ditiro di le dintsi.
Fa e sale go tlhomiwa Ba nkatlhabololo e Ntšhwa ya kgaolo eno ya setlhopha seno sa BRICS, eo dikantoro tsa yona di leng kwa teropong ya Johannesburg, banka eno e tswetse naga ya Aforika Borwa mosola ka go e thusa ka matlole le go ema nokeng diporojeke tsa yona tsa dipalangwa, tsa motlakase o o fetlhiwang ka letsatsi, phefo le metsi, tsa tlhokomelo ya tikologo, tsa go aga mafaratlhatlha a metsi le tsa go fokotsa digase tse di kgotlhelang tikologo.
Fa e sale re welwa ke leru la leroborobo la COVID-19 , Aforika Borwa e setse e amo getse R28 billione go tswa mo bankeng eno e e leng ya Madikadimo a go Dirisiwa mo Maemong a Tshoganyetso gore e kgone go lwantshana le leroborobo leno le go ema nokeng matsholo a naga ya rona a go tsosolosa ikonomi ya rona.
Re bone gape le thuso e kgolo mo dinageng tsa BRICS fa re ne re rekana le diaparo tsa go ipa balela mo bolwetseng mmogo le tirisanommogo fa go tla mo go rekeng le go abelaneng ka moento.
Sešweng jaana re nnile le seabe mo Samiting ya bo 13 ya BRICS, mo dinaga tsotlhe tsa BRICS di dumelaneng gore di tla oketsa tirisanommogo ya tsona mo go lwantsha neng le COVID-19  mmogo le mo go emaneng nokeng mo mererong ya dipolotiki le go thusana ka matlole a a tlhokegang go ipaakanyetsa go samagana le maroborobo a re ka nnang le ona mo isagong.
Fano go buiwa ka go tlhoma Tikwatikwe e e Dirisang Di tlhaeletsano tsa Dibidio ya BRICS ya go Dira Dipatlisiso le go Dira Meento mmogo le go tlhoma Thulaganyo ya BRICS ya Ditheo tse di Dirisanang Mmogo go Lomana Tsebe ka Matshosetsi Nako e Santse e le Teng gore thulaganyo eno e samagane le go disa maemo fa go runya malwetse a mangwe mo isagong.
E nngwe ya dikarolo tse di botlhokwa tsa ditumelano tsa bona ke go tlotla ditokomane tsa dinaga tseno tsa bopaki jwa gore motho o tlhabetse moento le gore o dirilwe diteko tsa go lekola gore o na le COVID-19  pele a ka tsaya leeto go etela dinaga tse dingwego kgaba ganya melelwane mmogo le tsa go dira diteko le go tlhabela moento wa COVID-19  e leng ditokomane tse mo isagong di tla nnang botlhokwa thata fa go tla mo go kgabaganyeng melelwane. Ntlha eno ya go unngwelwa ka go lekana mo tirisanommogong e tla nna e e botlhokwa thata fa go tla mo go tsosoloseng ikonomi mo lefatsheng ka bophara, mme seno se raya gore fa dinaga di gola ka go se tshwane seno se tla dira gore dianaga tse dingwe di tsosolose iko nomi ya tsona ka bonako fa tse dingwe tsona di tla salela morago.
Mo go emeng nokeng tso soloso ya ikonomi, dinaga tse e leng karolo ya BRICS di dumelane gore di tla oketsa tirisanommogo mo makaleng a a botlhokwa a a jaaka la mo tlakase, la dikhomphiutara, la saense, la boitshimololedi le thekenoloji, la temothuo mmogo le la ikonomi ya tsho marelo ya tlhago. Ano otlhe ke makala a a nopotsweng a a botlhokwa mo Leanong la rona la Tsosoloso le Kagosešwa ya Ikonomi le le itsisitsweng mo ngwageng yo o fetileng.
Go dirisana le dinaga tsa BRICS, segolo jang mo le phateng la boitshimololedi le dipatlisiso, go tla thusa naga ya rona go diragatsa ka bonako dikgato tsa go bula difeme le go re thusa gore re kgone go fitlhelela diphisegelo tsa naga ya rona tsa diinta seteri tsa thekenoloji.
Mo ntlheng eno go ne ga tshwarwa dipuisano tebang le ka fao BRICS e ka tlho mang dirala tsa semmuso tsa go abelana botlhale, kitso le bokgoni mo go diragatseng seno mmogo le mo go diriseng dirala tsa thekenoloji ya go itshimololela didirisiwa tsa thekenoloji.
Dinaga tsa BRICS di dume lane gore dinaga tse di santseng di iketetsa di tlhoka go enngwa nokeng gore di kgone go diragatsa Dipeelo tsa Tlhabololo e e Nnelang Ruri tsa Dinagakopano le gore dinaga tse di ithaopileng go ema nokeng dinaga tseno di tshwanetse go diragatsa maikano a tsona mo ntlheng eno. Ntlha eno e tobane sego lobogolo le ntlha e e mabapi le phetogo ya loapi.
Fela jaaka dinaga tse dingwe tse dintsi, Aforika Borwa le yona e batla go tsena mo maemong a mo go ona e sa tlholeng e tlhoka go dirisa di dirisiwa tse di kueletsang mesi mo tikologong go tshwana fela le dinaga tse dingwe, maemo a a tla nnelang ruri le go go tseela tlhogong maemo a naga eno jaaka e le naga e e santseng e iketetsa. Serala sa BRICS sa Dipatlisiso le Tirisanommogo mo Mererong ya Motlakase se tla nna le seabe se se botlhokwa thata jaaka re samagane le go aroganya setheo sa naga ya rona sa tlhagiso ya motlakase.
Mo sebakeng sa dingwaga di le 11 tsa fa e sale re nna karolo ya BRICS, go nneng karolo ya setlhopha seno go tswetse naga ya rona mosola thata.
Go nneng karolo ya BRICS go gagamaditse maemo a naga ya rona mo go nneng e nngwe ya dinaga tse di botlhokwa tse ikonomi ya yona e santseng e gola.
Go dirile gore re bone thuso mo mererong ya dipholisi le ya kitso ya botegeniki go tswa kwa dinageng tse ikonomi ya tsona e leng e kgolo e bile e ike metse, mmogo le go enngwa nokeng ke Banka ya Tlhabo lolo ya Naga.
Go re thusitse gore re nne le seabe mo lefatsheng, sego lobogolo mo go fetoleng botsalano le dinaga tse dintsi tsa boditšhaba.
Re unngwetswe gape le mo go bueng ka lentswe le le leng re le dinaga tsa boditšhaba mo go lekeng go dira gore re  tshwane mo lefatsheng mme re tlotlane ka go tshwana le go tlotla boipuso jwa dinaga tse dingwe le mebuso ya tsona.
BRICS e botlhokwa mo go maswe mo maanong a naga ya rona, mme e tla tswelela go nna botlhokwa jalo go ya go ile.