Go bona matshwao a bolwetse jwa kankere mo baneng

Allison Cooper

KGWEDI YA MATSHOLOTEMOSO a Matshwao a Kankere, e e tshwarwang ngwaga yo mongwe le yo mongwe mo kgweding ya Lwetse, e lemosa baagi ka matshwao a bolwetse jwa kankere mo baneng.
Bolwetse jwa k anke re mo baneng bo ntse bo tlhatloga mo lefatsheng, mme mo baneng ba le 408 mo lefatsheng, a le mong go fitlhelwa e le yo a nang le bolwetse jwa kankere pele a ka tshwara dingwaga di le 15.
Go ya ka Taryn Seegers, Motlhankedi wa Dithulaganyo tsa Ditlhaeletsano mo Setheong sa Aforika Borwa sa Bolwetse jwa Kankere mo Baneng (CHOC), ba le babedi mo go ba le bararo go dumelwa gore ke bana ba ba nang le kankere mme ka bomadimabe ga ba tlamelwe ka kalafo eno mme e bile  go le gantsi bano ke bona  ba kankere ya bona e setse ng e ile magoletsa mo go ka se kgonegeng go ka e alafa.Go tloga ka ngwaga wa 2011, CHOC e ntse e dirisana le Lefapha la Boitekanelo mmogo le dingaka tsa setso go tlamela dingaka, baoki, dingaka tsa setso le baagi ka tshedimosetso le kitso e e tsamaisanang le bolwetse  jwa kankere mo baneng.
“Batho bano ba tlha-tlhelelwa ka tshedimo setso ya go bona go sa le gale matshwao a bolwetse jwa kankere mo baneng le  go rutiwa gore ba ka ikgato losa jang dipuo tsa maaka le tsa go kgobelela ba ba nang le bolwetse jono mo baaging,” ga rialo Seegers.
Matshwao a go sa le gale a bolwetse jono:
• Bona thuso ya kalafi fa o na le matshwao a go sa le gale a a sa foleng.• Matlho a a nang le thoro e tshweu, a a pelekaneng, a a sa boneng, a a rurugileng.• Go tlhoga letlhole mo di mpeng le mo setlhaneng, mo tlhogong le mo mola leng, mo matsogong le mo maotong, mo kgetsaneng ya serwe sa bonna le mo dikgelesweng.
• Go fisa mo mmeleng go go sa itsiweng gore go tlhodilwe ke eng sebaka sa go feta dibeke di le pedi, go bopama, go tlhoka madi mo dinamaneng tsa matlho, go lapa, go tswa dintho bonolo kgotsa go dutla madi bonolo.
• Go opelwa ke marapo, dikgono, mokwatla le go robega bonolo.
• Bolwetse jwa dinerese fa motsamao o fetoga kgotsa o nna bodipa, fa o tsamaya o latlhegelwa ke dikgato kgotsa o retelelwa ke go bua, fa o boela morago mo bolwetseng, o opiwa ke tlhogo sebaka sa go feta beke o tlhatsa kgotsa o sa tlhatse le tlhogo e e susumogang.
Malwetse a kankere mo banengMalwetse a kankere mo baneng a farologane le a kankere e e tshwarang batho  ba bagolo. Ona a lwatsa dirwe tsa mmele, fa o a lebile ka maekerosekoupu a farologane le a batho ba bagolo e bile a alafega, ga rialo Seegers.
“Palo ya bana ba ba fo lang ba ba nang le malwetse a kankere e feta ya batho  ba bagolo ba ba nang le malwetse a kankere. Mo motsing ono, kwa dinageng tse di santseng di iketetsa, bontsi jwa malwetse a kankere mo baneng bo kgona go alafiwa, mme halofo kgotsa 60% ya balwetse ba tle ba alafiwe.
Kwa dinageng tse di rui leng gone balwetse ba le 85% le 90% ba a tle ba alafiwe.”Bana ba bantsi ba tlhoka go tlhatlhobiwa fa e le gore ba na le bolwetse jono e santse e le semetsing mme ba tle ba alafiwe ka moo go tshwanetseng ba isiwe kwa maokelong a a itlhophileng a tirelo ya kokelo ya bolwetse jono ba alafiwe ke baitseanape ba malwetse ano fa e le gore re batla go bona palo ya bona e tokafala.
 Go bona tshedi-mosetso ka botlalo ikgolaganye le Mogala wa Ditirelo tsa Tsho-ganyetso wa CHOC mo go 0800 333 555. 