Aforika Borwa e tlotlomatsa dipaki tse di neelang ka tshedimosetso e e masisi ka ga bonweenwee

vukuzenzele unnamed

Mo sebakeng sa dingwaga di le  tharo e sale  Khomišene ya Dipatlisiso tsa go Goga Puso ka Nko  e simolola tiro ya yona, re utlwile ka matsapa a ba tlolamolao ba bonwee nwee ba a dirang go fitlha melato ya bona.
E ne e le tiro e e boima tota go ribolola mafaratlhatlha a a susumeditseng ditiragalo tseno tsa bonweenwee.
Gareng ga tse dingwe, go ne ga tlhamiwa molokoloko wa dikhamphani tse tiro ya tsona ya boammaruri e neng e le go tsamaisa matlole ka bokhukhuntshwane le go fitlha dituelo tse di neng di duelwa batho bao ba nang le dikgolagano tsa sepolotiki.
Yona mekgwa eo e bona getse mo  dipatlisisong tsa bonweenwee di le dintsi nyana tseo di dirilweng ke Lephata la  Dipatlisiso tse di Kgethegileng (SIU), Bothati jwa Dipatlisiso tsa Dikgetse tsa Bosenyi jo bo kwa Setlho eng, Lephata la Dipatlisiso la Bothati jwa Bosekisi jwa Bosetšhaba (NPA) le tse dingwe.
Fa dipatlisiso tseno di tswe lela e bile di le gaufi le go senola bao ba amegang, re bone dipaki le balosika la bona ba tshosediwa, ba patele tsega go iphitlha, le gona go bolawa.
Go bolaiwa ga Babita Deokaran, motlhankedimo golo wa ditšhelete kwa Lefapheng la Boitekanelo la porofense ya Gauteng, ke seo se re gakololang ka matsho setsi a a masisi a re tobaneng le ona fa rotlhe re sa tlose seso seno mo setšhabeng sa rona.Le fa re ise re itse seabe se segolo se se tlhodileng polao ya gagwe, re itse gore e ne e le paki e e botlhokwa thata mo patlisisong ya SIU ya go rekiwa ga didiriswa tsa go itshireletsa mo lefapheng le a neng a le direla.
Setlhopha sa SAPS le sa  lephata la poraefete la pabalesego seo se tshwe reng babelaelwa ba le supa fa gautshwane se tshwanetse go tlotlomadiwa ka tiro ya bona.
Dokete e fetiseditswe go di Hawks, e bile patlisiso e tla ribolola tshedimosetso e nngwe gape ka ga gore goreng Mme Deokaran a bolailwe.
Go sa kgathalesege maemo a a tlhotlheleditseng kutlo botlhoko eno, Mme Deokaran e ne e le mogaka e bile e le motshepegi. Jaaka setlhopha sa dipaki tse di neelang ka tshedimosetso e e masisi ka ga bonweenwee bao, ka go ipaya mo kotsing, ba thusang go ribolola makgetlo a di tlolomolao, tsamaiso e e sa  siamang, go thapiwa ga ditsala mo maemong a a rileng le bogodu.Kwa ntle ga seabe sa bona se se bontshang bogatlha melamasisi le go nna le mai tshwaro, re ne re ka se kgone go upolola bao ba dirang bonweenwee.Le fa bontsi ba nako e e sa  tswang go feta go ntse go  lebeletswe dipaki tse di nee lang ka tshedimosetso e e masisi ka ga bonweenwee mo lephateng la puso, re leboga thata gape bao ba leng mo lephateng la poraefete bao ditiro tsa bona di amoge lang tsibogelo e e kwa tlase, fela le bona ba botlhokwa ka go lekana.
Dipaki tse di neelang ka tshedimosetso e e masisi ka ga bonweenwee ke ba tlhokomedi ba botlhokwa ba temokerasi ya rona. Ba opa mokgosi kgatlhanong le ditiro le ditiragatso tse di  seng molaong mo pusong le mo mekgatlhong.
Ba ntsha mosi ka sekhu rumelo ka botshepegi le ka tsholofelo ya gore go ka se tsewe fela dikgato ka bopaki jo ba bo neelang, mme le gore ba tla sirelediwa e bile ba ka se welwe ke dintelo go latela bopaki jwa bona.Mo Aforika Borwa go na le melao e le mentsi ya tshireletso ya dipaki tse di neelang ka tshedimosetso e e masisi ka ga bonweenwee e e akare tsang tsotlhe, go tsenyeletsa Molao wa Tshireletso ya go Ribolola Diphitlhela, Molao wa Merero ya Badiri, Molao wa Dikhamphani, Molao wa Tshireletso ya go Tlhokofa diwa, le Molaotheo ka bo ona. Mo godimo ga moo, Lefapha la Bosiamisi le Ditirelo tsa Kgopololo, ba dira mmogo le ditheo tse dingwe tse di dirisang molao, batsamaisi ba Kantoro ya Tshireletso ya Dipaki go tlamela ka tshegetso go bao ba tlhokang kemonokeng le dipaki tse di tshosediwang mo ditsamaisong tsa bosiamisi dingwe le dingwe. Go tsena mo lenaneong la dipaki ke ka boithaopo, e bile SAPS kgotsa NPA ba ka se pateletse paki go dira jalo. Fa botshelo ba paki bo ka tshosediwa kgotsa a ikutlwa a sa sireletsega, o tshwanetse go itsise babatlisisi le go dira kopo ya go amogelwa mo lenaneong. Lenaneo leno le le atlegileng le tshamekile karolo e e botlhokwa mo go boneng dikatlholo tse di atlegileng esale le simolola, bogolosegolo go lebeletswe bonweenwee jo bo rulaga ntsweng.
Go bonala sentle gore jaaka ntwa kgatlhanong le bonwe enwee e tia mooko, re tlhoka go lekola sešwa ka bonako tsibogelo ya ga jaana e  seng fela go tshireletso ya dipaki, fela gape go tshire-letso e e anameng ya dipaki tse di neelang ka tshedi mosetso e e masisi ka ga bonweenwee.
Le fa ditsamaiso di le mmalwa di le teng go kgontsha dipaki tse di ne elang ka tshedimosetso e e masisi ka ga bonweenwee go bega ka sephiri, re tlhoka go thatafatsa ditsamaiso tse di leng gona ga jaana le go tlamela ka tshegetso e kgolo go bao ba tlisang tshedimo-setso phatlhalatsa.
Jaaka setšhaba, re tlhoka go supa fao melao le dipholisi tse di leng gona  di tlha elang mo go sireletseng  matshelo, dirodumo le paba lesego ya dipaki tse di ne elang ka tshedimosetso e e masisi ka ga bonweenwee le go dira mmogo go sama gana le tseno.
Maikaelelo a dinokwane tseo di tlhaselang  di dipaki tse di neelang ka tshedi -mosetso e e masisi ka ga bonweenwee ga se fela go didimatsa batho ba ba rileng, gape ke go romela molaetsa go ba bangwe ba  ba batlang go nna dipaki tse di neelang ka tshedimosetso e e masisi ka ga bonweenwee.
Tsatsi le letsatsi, maAforika Borwa a a nang le sebete jaaka Babita Deokaran ba eme tsi! gore ga ba kitla ba nna karolo ya bonweenweee e bile ba ikaeletse go nna dipaki  kgatlhanong le bona.
Re le batho ba Aforika Borwa re a mo tlotlomatsa le dipaki tse di neelang ka tshedimosetso e e masisi ka ga bonweenwee tsotlhe mo maphateng a botlhe le a poraefete bao ba tlhagi sang bonweenwee le go  lejwa ka leitlho la kilo. Ba dira jalo go se sepe kgotsa moputso ope o ba o ntshedi tseng matlho. Se ba se ba tlang fela ke tirelo ya setšhaba ya maemo a a kwa godimo.
Re ka se ba swabise. Re tshwanetse, e bile re tla netefatsa gore ditlhagiso tsa bona di tla felela kwa bosekising le go dira go le gontsi go netefatsa gore ga ba kitla ba gobadiwa.
Re le maAforika Borwa, re batla go romela molaetsa o o bogale wa gore re ka se tshosediwe. Bao ba ba kang dipolao tsa dipaki tse di neelang ka tshedimosetso e e masisi ka ga bonweenwee ba tla tlhatlhelwa le go sekisiwa, mme go tla nna fela jalo le ka bao ba bonwang molato wa bonweenwee joo babolai bano ba lekang go bo fitlha.