Thusa batho gore ba se ipolaye

Allison Cooper

Ke batho ba bantsi ba ba tlhoka  falang ka go ipo laya go gaisa ba ba tlho kafalang ka ntlha ya Mogare wa Lebolela teng, malaria, bolwetse jwa kankere ya letswele, dintwa le dipolao tse e seng tsa maikaelelo.
Seno ke go ya ka dipa lopalo tse di sa tswang go phasaladiwa sešweng jaana ke Mokgatlho wa Lefa tshe wa Merero ya Boiteka nelo (WHO) tse di bo ntshang gore batho ba feta  700 000 ba tlhokafala ngwaga o mongwe le o mongwe ka ntlha ya go ipolaya seno se raya gore mo bathong botlhe ba ba tlhokafalang, a  le mongwe mo gare ga ba le 100 ke yo a ipolaileng mme seno se raya gore mo disekoneng tse dingwe le tse dingwe di le 40 go tlhokafala motho a le mongwe.
“Re ka se kgone go itshokelago bona batho ba ipolaya – e bile ga re kitla re itlhokomo losa selo seo,” ga realo Ngaka Tedros Adhanom Ghebrey esus, Mokaedikakaretso wa WHO.“Go tlhokafala ga motho a  le mongwe fela ke tatlhegelo  e e seng kana ka sepe. Jaanong re etse tlhoko thata maemo a go thibela go ipo laya ga batho, segolo jang ka ntlha ya fa re sale re aparelwa ke Leroborobo la Bolwetse jwa Mogare wa Corona, mo batho ba bantsi ba nang le ditlhaloganyo tsa go ithwesa kgole go latela gore ba latlhe gelwe ke ditiro, ba gosomele mo mathateng a ditšhelete le go se tlhole ba kopana le batho ba ba ba tlhaloganyang,” o tlaleleditse jalo.Letsatsi la go Keteka  Dikgato tsa go Thibela go IpolayaLetsatsi la go Keteka Di  kgato tsa ditiragalo tsa go Thibela go Ipolaya le thankgolotswe ka la bo  10 Lwetse 2003 ke Mokgatlho wa Boditšhabatšhaba wa go Thibela Ditiragalo tsa go Ipo laya (IASP).Maitlhomo a ona ke go thibela gore batho ba se ipolaye le gore batho ba se nne le ditlha loganyo tsa go ipolaya, go imolola batho boima jo ba bo jarileng le go tlhoma foramo e mo go yona go nang le diru tegi, dingaka tsa malwetse a tlhaloganyo, batlhankedi  ba ba thusang batho ba ba nang le mathata, batho ba ba ithaopileng go nna le seabe mo foramong eo mmogo le batho ba ba fetileng mo mathateng a go ipolaya.
Go ya ka Setlhopha sa Aforika Borwa sa Merero ya Kgatelelo ya Maikutlo le go Ikgalala (SADAG), letsatsi le lengwe le le lengwe go reko tiwa ditiragalo di le 23 tsa go ipolaya mmogo le ditiragalo tse dingwe gape tse dikgolo tsa go leka go ipolaya di le 230 mo nageng ya Aforika Borwa.
“Go bua ka ditiragalo tsa go ipolaya e santse e le moilwa mo setšhabeng sa rona ga go motho yo a batlang go bua ka kgang eno; ga go motho yo a itseng gore  go tshwanetswe go buiwe jang ka yona mme e bile batsadi bona ga ba batle go bua sepe ka kgang eno le bana ba bona go nne ba tshaba gore e ka neela bana ba bona ditlha loganyo tse di maswe. Le fa go le jalo, ntlha eno e botlhokwa thata mo setšhabeng, mme re bona botlhokwa jwa yona ka megala e mentsi e batho ba re letsetsang yona letsatsi le lengwe le le lengwe mabapi le ntlha eno,” ga rialo Ca ssey Chambers, Mokaedi wa Mafelotirelo a SADAG.“Fa batho ba le bantsi ba na le kitso fa go tla mo ditiragalong tsa go ipolaya mme ba itse gore ba ka batlela motho yo mongwe thuso kae pele ba ka ja nkabo, re ka kgona go fokotsa dipalo tsa batho ba ba ipolayang,” o tlhalosa jalo.
Matshwao a a ka  bontshang gore motho o batla go ipolaya :l Fa motho a bua ka go ipolaya, go tlhokafala kgotsa go inyeletsa.l Fa motho a na le phisegelo e kgolo ya go tlhokafala kgotsa a nagana fela ka go tlhokafala.l Fa motho a fana ka dithoto tsa gagwe tse di botlhokwa.
l Fa motho a bonagala a na le kgatelelo ya maikutlo, jaaka go fela pelo, go tlhoka tshepo, a itlhaola mo bathong ba bangwe, a sa je kgotsa a sa robale e bile a sa tlhole a na le lerato mo dilong tseo a neng a tlwaetse go di dira.
l Fa motho a setse a wetse ka fa nkgong kgotsa mo diritibatsing.l Fa motho a rata go bua a re mo isagong o tla bo a sa tlhole a na le lona mo botshelong.
l Fa motho maitsholo a gagwe a fetoga mo go gagamatsang.
l Fa motho a baakanya mathata a mo malo beng a neng a itlhokomo-lositse ona.

Fa e le gore o tlhoka thuso kgotsa mongwe yo o mo  itseng o tlhoka thuso, ikgolaganye le mogala o o dirang bosigo le motshegare wa batho ba ba  nang le mathata wa SADAG  mo go 0800 567 567.
  