Re aga setšhaba se ditheo tsa sona tsa puso di sa gogweng ka nko 

vukuzenzele unnamed

Khomišene ya Di phuruphutso Ma bapi le go Goga Puso ka Nko nako ya yona mo malobeng e fedile go latela gore e tlhanasele sebaka sa matsatsi a feta a  le 1 000 go tloga mo mo tsing oo paki ya ntlha e fileng bopaki jwa yona.
Le fa Monnasetulo wa Khomišene, Motlatsamonna setulo wa Moatlhodimogolo Rre Raymond Zondo a tlhalo sitse gore go na le tlhokagalo ya gore batho ba bangwe ba le mmalwa ba bidiwe go tla go naya bopaki, khomišene eno e setse e le gaufi le go wetsa tiro ya yona.
Tiro eno e botlhokwa thata jaaka e re thusa go baakanya ditshenyo tsa matlho ga di bonwe tse fa e sale temokerasi ya rona e simolola re iseng re di bone.
Le fa Moatlhodi Zondo a ise a rebole pegelo ya gagwe ka seo se fatolotsweng le ditshitshinyo tsa gagwe go Moporesitente, rotlhe re a bona gore khomišene eno  e ne e tlhanasetse go le kana kang.
Re na le sebaka sa dingwaga di feta di le tharo re ntse re utlwa batho ba latofatsa ba bangwe ka bonweenwee jwa gore ba ne ba utswa ka makatlanamane. Re utlwile ka fao go neng go thamu letswa dibilione tsa diranta tsa madi a puso ka goneRe utlwile ka fao ditheo le ditlamo tsa puso tse dintsi di neng di phutlhamisiwa ka teng.Diphiri tse di tswileng mo khomišeneng eno ya go goga puso ka nko ga di a tswa go le mo sephiring, di tswile mo pepeneneng mo di neng di gasiwa ka tlhamalalo gore baagi botlhe ka fa na geng ba iponele le go ikutlwela ka tsa bona.
Naga e leboga go menagane botlhe ba ba neng ba sama gane le tiro ya khomišene eno; botlhe ba ba neng ba phuruphutsha, ba batlisisa le bao ba neng ba boke letsa bopaki jo bontsi jo bo thibang letsatsi; mmogo le dipaki tsotlhe tse dintsi  tse di neileng bopaki;  le babegakgang ba ba neng ba  begela setšhaba ka dikgang tseno ka manontlhotlho; mmogo le babueledi ba ba neng ba goga bopaki jono kwa pele.
Re leboga gape go mena gane batho ba le bantsi, ba ba bangwe ba bona ke ba ba sa itseweng, ba e leng bona ba kgotlhileng motshitshi gore go tlhomiwe khomišene eno.
Batho bano ke bona ba ba utolotseng ditatofatso tseno tsa bonweenwee, ke bona ba  ba neng ba ema kgatlha nong le seno, ba ntsha musi ka sekhurumelo le go baka mmudubudu ka ditiragalo tseno ba bangwe ke ba ba leng mo pusong fa ba bangwe ba sa itsewe mme ba dirile seno ka ba ne ba leka go fedisa ditiragalo tseno tsa go goga puso ka nko. Ke ka ntlha ya matsapa a bona gore jaanong re bo re bua ka khomišene eno e e weditseng tiro ya yona.
Ditiragalo tsa go goga puso ka nko ga di a ikemisa ka botsona. Di emisitswe ke dikgato tse di tshwaraganetsweng ke maAforika Borwa a a farologaneng, a a dirang mo ditheong tse di farologaneng tsa temokerasi ya molaotheo wa rona. Ke maikarabelo a rona go nete fatsa gore ditiragalo tseno  di ka se tlhole di ipoeleditse le ka motsi ope fela.Mo dingwageng di le tharo tse di fetileng re dirile go utlwagala go samaganan le bonweenwee le ditiragalo tsa go goga puso ka nko.Re ntse re samagane le tiro  ya go tsosolosa setheo sa Bothati jwa Bosekisi jwa Bosetšhaba (NPA), sa Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa (SAPS), sa Tirelo ya Lekgetho la Aforika Borwa (SARS) le tse dingwe.
Re tlhomile ditheo tse dingwe, tse di jaaka Lephata la Botsamaisi jwa Diphuru phutso mo setheong sa NPA go tšhotšhisa dikgetse tse dikgolo tsa bonweenwee mmogo le Bothati jwa Dikgetse tse di Itlhophileng jwa setheo sa Yuniti ya Dipatlisiso tsa Dikgetse tse di Itlhophi leng (SIU) go sala morago madi a a utswitsweng a puso le go a busetsa mo sekgwa meng seo a utswitsweng mo go sona.
Re tlhabolotse matsholo a rona a go lwantshana le botlhokotsebe ka go tlhoma Tikwatikwe ya Ditirelo tse di Golaganeng tsa go Phuru phutsha Bonweenwee, mme yona e golaganya ditheo tse di farologaneng tsa go disa kobamelo ya molao gore di  dirisane mmogo ka go arolelana tshedimosetso le go rulaganya dithulaganyo tsa dipatlisiso le tsa go tšhotšhisa diganana tsa bosenyi.
Re fetotse baeteledipele mo dikgwebong di le dintsinyana tse di botlhokwa tsa puso, mmogo le go simolola ka letsholo la go dira gore seemo sa matlole sa tsona se itharabologelwe le gore di boele sekeng mo diti rong tsa tsona. Re samagane le go aga mofuta o montšhwa wa Dikgwebo tsa Puso tse mo go tsona go nang le botlho kalehunela, go nang le mai-karabelo e bile e le tsa go ya go ile.
Bontsi jwa tiro eno go santse go samaganwe le yona. Go na le mo go tsamailweng go gogwa maoto mo tirong e no, mme jaanong tiro eno e lebilwe ka leitlho le le ntšhotšho.Tseo di utololwang le tseo di tla tshitshingwang ke khomišene eno ga go na pelaelo epe ya gore di tla gagamatsa matsapa ano Re solofela gore khomišene eno e tla utolola a mangwe a makoa a re nang le ona mo tsamaisong ya dikgwebo tsa rona a a dirileng gore go nne bonolo gore ditheo tse dingwe tsa puso di gogiwe ka nko. Seno se tla re thusa gore re kgone go tsaya di kgato tse dingwe go baakanya makoa ano.Le fa re ka re go ile fela jalo ka ditiragalo tsa go goga puso ka nko, boammaruri ke gore bonweenwee jona bo santse bo re rotoletse matlho.
Bogodu le bonweenwee bo santse bo ngangabetse e bile bo tseneletse kwa boteng jwa makala a puso le a poraefete.
Le fa tota ditiragalo tseno di ise di ye magoletsa go ka goga puso ka nko, ditiragalo tsa mothale ono di lomele ditse naga ya rona thata, tsa phutlhamisa ditheo tsa rona le go thibela maAforika Borwa a mantsi dintšhono tse dintsi tse di ka bong di ba tswetse molemo.
Bonweenwee bo setlhogo tota mo bathong ba ba tlhokang thuso, bo tseela batho ba ba tlhokang thuso dilo tse dintsi tseo di ka  bong di ba tswetse molemo.
Fano re bua ka ditira galo tsa bonweenwee tse di tlhabisang ditlhong tse di diragetseng mo ngwa geng yo o fetileng fa go ne go ntshiwa dithendara tsa go reka didirisiwa le go duelela ditirelo tse di neng di tshwanetse go re tswela mosola mo go lwantshaneng le leroborobo la COVID-19. Re tlotse matlere mme ra thibela ditiragalo tsa mothale ono tsa bonweenwee, ra nopola ba ba molato mo diti ragalong tseno le go ba tseela dikgato. Jono ke bopaki jwa maikemisetso a rona a go tumola bonweenwee.Re ne ra gagamatsa melawanataolo ya setheo sa rona sa Matlole, ra tlhoma tikwa tikwe ya rona ya ditirelo tse di golaganeng tsa go phu ruphutsha bonweenwee le  go rwesa Yuniti e e Batli-sisang Dikgetse tse di Itlhophileng (SIU) maikarabelo a mantsi a magolo a go phuruphutsa ditatofatso tsotlhe tse di amanang le dithendara tsa COVID-19.
Re ne gape ra phasalatsa mo inthaneteng dikonteraka tsotlhe tsa dithendara tse maphata otlhe a puso a  nang le tsona tse di ama nang le go samagana le COVID-19, e leng seo mo pusong e leng motlholo.
Se ditiragalo tsa go goga puso ka nko se se diri leng ke se segolo thata. Ditshenyo tse ditiragalo tseno di di dirileng di tla nna le rona dijarajara. Ka go dirisana re le seoposengwe, re setse re simolotse go baa kanya mo go senyegileng.
Re setse re simolotse go aga sešwa le go tsosolosa mo go phutlhameng.
Re ka solofela gore se Khomišene e Monnasetulo wa yona e leng Moatlhodi Rre Zondo e tla se atlho lang se tla nna le mosola o mogolo mo go gagama tseng dikgato tseno tsa rona.
Di tla re naya tšhono ya gore re tswe tuu mo ditiragalong tsa go goga puso ka  nko.
Tsela e santse e le e e motsopodia, le dikgwetlho go santse go tlhokagala gore re thulana le tsona ka tlhogo. Le fa go le jalo, re samagane le go dira gore re nne le setšhaba se se sena ng bonweenwee le ditira-galo tsa go goga puso  ka nko.
