Thusa barutwana go sutlha  dikgoreletsi tse di tlisiwang ke COVID-19

More Matshediso

BATSADI LE BARUTABANA  ba ka thusa barutwana go itshokela ketsaetsego le kgatelelo ya maikutlo e e ba aparetseng ka ntlha ya leroborobo la bolwetse jwa mogare wa corona.
 Barutwana ba ko pane le dikgwetlho tse dintsi ka ntlha ya Bolwetse jwa Mogare wa Corona  (COVID-19) mmogo le dikiletso tse di ntseng di nna teng ka ntlha ya dikga to tsa go sekega nakwana ditiro tsa ka fa nageng.
Go nnile le diphetogo di le dintsi mo dikolong tsa ka fa nageng ya Aforika Borwa mo di ka dirang gore barutwana ba ikgalale le go itlhaetsa matlho.
Barutwana ba ne ba tshwanelwa ke go itlwaetsa tsela e ntšhwa ya go ithuta ka inthanete, go katogana le barutwana ka bona, go bona ba bangwe ba latlhegelwa ke matshelo a bona, go hutsafala le go roroma ka letshogo, mme tseno tsotlhe di dira gore ba ikgalale le go itlhaetsa matlho.
Ngaka ya malwetse a tlhaloga nyo le maikutlo yo a di rang jaaka mothobi wa mai kutlo mo Yuniting ya Thuto e e Tsenyeletsang Batho Botlhe kwa Lefapheng la Thuto la porofense ya Foreistata e  bong Boitumelo Tlhapane, a re go ikgalala le go itlhaetsa matlho mo dikgwetlhong tse re tobaneng le tsona ga jaana  ke selo se se sa re makatseng.
“Barutwana jaanong ba setse ba na le sebaka sa ngwaga le halofo ba itlwaetsa tsela e ntšhwa ya go ithuta,  go sena morutabana yo a ba kga pang go dira tiro ya sekolo le fa ba ya sekolong ba ya nakonyana fela e khutshwanyana.
“Ba bantsi ba ne ba tshwa nelwa ke go ithuta ka bobona, fa ka fa letlhakoreng le lengwe ba ne ba na le ketsaetsego ka ba sa itse gore go tla felela kae ka COVID-19  jaaka e amile bokamoso jwa bona, tseo ba neng ba fisegela go di dira le ditoro tsa bona mmogo le go ama malapa a bona le matshelo a bona,” Tlhapane o tlhalosa jalo.
Se o ka se dirang gore o finyeleleO tlhalositse gore go ikgalala ke letshogo la go tshoswa ke sengwe se o sa itseng gore kwa bofelong se tla nna jang. Go thusa barutwana gore ba kgone go finyelela, o ba tlhaba botlhale ka tse di latelang:
• Batshwanetse ba tlhalo ganye gore go a tlha loganyega fa motho a ikgalala kgotsa fa a itlhae letsa matlho. Seno ga se ree gore o legatlapa. Go tlwae legile gore motho a ikgalale.
• Se o se dirang ka go ikgalala go ke sone selo sa botlhokwa. Ba tshwanetse go ipotsolotsa gore a bantse ba ikobela melawana yotlhe e e dirisiwang ya go tila go tshwaediwa ke COVID-19  gore ba sireletse matshelo a bona le a batho ba bangwe? Ke eng se sengwe se ba ka se dirang gore ba babalesege le gore ba babalele batho ba bangwe?• Ba tshwanetse go ipotso lotsa gore a ba na le tshedi mosetso e e senang bana ba phefo ka ga COVID  -19 fa go ka diragala gore ba  iphitlhele ba na le yona gongwe mongwe yo ba  phelang le ena a ka fitlhelwa a na le yona.
 •  Mme gape ba tshwanetse go ipotsolotsa le gore a ba teng barutabana, balelapa le ditsala ba ba ba eme ng nokeng go ba thusa fa  ba gatelegile mo maikutlong kgotsa fa ba ikgalala? Ntlha e no e botlhokwa thata.
Barutabana ba ka thusa barutwana kago ba romelela didirisiwa tsa go ithuta ka  inthanete mmogo le go ba direla setlhotshwana sa go ithuta mo inthaneteng; ba ka ba thusa ka go ba direla segakolodi se se ba gakolo lang gore ba ithute fa ba le kwa gae; mmogo le go ba rotloetsa gore ba ntshe se se mo mafatlheng a bona ka dikgwetlho tse ba itemoge lang tsona mo dithutong tsa bona.
“Seno se botlhokwa thata, segolo jang mo diru tweng tseo di ba pelelang,” o tlaleletsa ka go rialo.
Balelapa le ditsala ba ka ema barutwana nokeng ka go ba thoba matswalo gangwe le gape ka mokgwa wa go ba  rotloetsa le go ba solofetsa gore tsotlhe di tla apara tshiamo, Tlhapane o tlhalosa jalo.
“Gangwe le gape barutwana ba tlhoka go gakololwa gore matsapa a ba a tsayang le boi neelo jo ba nang le jona mo dithutong bo a bonwa e bile bo a lebogwa, mme ka go dira jalo ba tla simolola go itshepa le go feta.”Se o ka se dirang go fokotsa go ikgalala  Tlhapane a re go na le ditsela di le dintsinyana tsa go fokotsa go ikgalala tseo batsadi le barutwana ba ka di dirisang. Mo go tsona ke:
• Go netefatsa gore go na le thulaganyo e go sa ikga tolosweng yona ya gore ba ithuta neng, ba robala  neng le gore  ba ikentsha neng bodutu. Seno se tla thusa barutwana gore ba fitlhelele seo ba tshwanetseng go se fitlhelela le go se fitlhelela ka nako eo ba e beetsweng, fa ka fa  letlhakoreng le lengwe se tla ba thusa gore ba ikutlwe e kete ke bona bo komang ka nna mo dithutong tsa bona.
• Barutwana ba tshwanetse go dirisa didirisiwa tsotlhe tse ba di neetsweng tsa go ithuta, go ya ka kharikhulamo ya bona, tse di tswang kwa sekolong le tse di tswang mo manane ong a go ithuta a a gasiwang mo thelebišeneng le mo seyalemoweng.
• Batsadi ba tshwanetse go thibela gore barutwana ba se fitlhelelwe ke tshedimo setso e ntsi e e tshosang ya ditiragalo tsa COVID-19 , segolo jang tse di mabapi le batho ba ba tlhokafa lang le tsa dikgang tsa go fetlha letshogo, gonne seno se tla dira gore ba nne le letshogo le le fetele tseng mme seno se ka ba tlhobaetsa mo maikutlong le mo ditlhaloganyong.
• Barutwana ba tshwanetse go itlhokomolosa mafaratlhatlha a ditlhaeletsano, a ba tseela nako e ntsi eo ba ka bong ba e sola mosola ka go ithuta ka yona e bile a ba kgoreletsa thata mo go ithuteng.
• Balelapa ba ka fetola ditsela tseo ba phelang ka tsona ka go itlwaetsa go dira ditirwana tsa go ikatisa tse di jaaka go katisa mmele le go tshameka.
“Fa mongwe yo a phelang le  morutwana a ka latlhegelwa ke botshelo, morutwana a ka hutsafala, e leng le lengwe la matshwao a go itlhaetsa matlho le go ikgalala.
“Go botlhokwa gore sekolo le batsadi ba ise morutwana yono ko a ka bonang thuso ya go thoba maikutlo le tlhalo ganyo gone, mme Lefapha la Thuto ya Motheo le na le yona tirelo eno, se sengwe gape se se ka diriwang ke go bona tshedimosetso e e sa duelelweng kgotsa morutwana a isiwe kwa tleliniking ya fa gaufi gore teng ba mo romele kwa go tshwanetseng,” Tlha pane o tlhalositse jalo.
Matshwao a motho yo o itlhaetsang matlhoBatsadi ba tshwanetse  go ntsha matlho dina meng mme ba ele tlhoko matshwao a a bontshang gore ngwana wa bona o  itlhaetsa matlho. Ona ke fa: • Ngwana a itlhaola mo bathong ba bangwe le go nna mophelanosi.
• A ja go feta tekano le go robala gangwe le gape.
• A kgopisega bonolo thata, go tshwana le fa a leletse ruri, a fela pelo fela kgotsa a kgopisega ka bonako.
• Go le thata gore a tsepamise mogopolo mo go seo a se dirang.
• A palelwa ke go dira tiro le go e fetsa kgotsa go dira tiro gae le go e fetsa.
• A na le maitsholo a a tswi leng mo tseleng, a a jaaka a go rumulana.
• A dira mabaka a a sa utlwa galeng a gore a se ye seko long.
• A phela a le mo moga leng kgotsa mo mafara tlhatlheng a ditlhaeletsano.
• A palelwa ke go dira ditiro tse dingwe tsa ka fa la peng le go di fetsa.Phatwe 2021 Kgatiso 2 THUTOFa batsadi ba batla thuso ba ka etela dikantoro tsa tikologo tsa lefapha.
Ba ka ikgolaganya gape le Setlhopha sa Aforika Borwa sa Merero ya Kgatelelo ya Maikutlo le go Ikgalala, mo go 0800 567 567 kgotsa ka go romela SMS mo go 31393 mme modiri yo a thobang batho maikutlo o tla ba letsetsa.
 