Gore Aforika Borwa e atlege e tlhoka go nna le baagi ba ba ipopileng seoposengwe

vukuzenzele unnamed

Le  fa merusu e e  neng e aparetse dikarolo tsa poro fense ya KwaZulu-Natal le ya Gauteng mo malobeng e sentse dithoto le go senye letsa batho ka fao ba iphe disang ka teng, e re senye leditse gape le mo go  nneng seoposengwe.
Seno se iponagaditse thata mo ditiragalong tse di setlhogo tse di diragetseng kwa Phoenix kwa eThekwini.
Mo nakong ya ditshupetso tse di setlhogo tse re iseng re ke re nne le tsona fa e  sale re tsena mo temokerasing, mo maemo a  neng a setse a dubegile ka batho ba ba sa tshepaneng le ba ba belaelanang, baagi ba ba sa bolong go tshela mmogo ka kagiso ba ne ba melelana dinaka.
Go gontsi go re santseng re tlhoka go ka go fatolola mabapi le ditiragalo tseno tse di diragetseng. Di kgang tsa maaka tse di ga saganeng ka bontsi, ditshwantsho tsa maaka le tshedimosetso e e seng ya boammaruri di dira gore go nne boima go fitlhelela seo e leng boammaruri.
Fela re a itse gore go ya ka tshedimosetso ya semmuso le bopaki jo batho ba bo nei leng ka seo se ba diragaletseng ke gore batho ba ne ba emisiwa mo mapare gong a ditsela ao e seng a sepodisi mme ba emisiwa go ya ka morafe o ba we lang mo go ona, bangwe ba ne ba ntshiwa mo dijana geng tsa bona ka dikgoka mme ba geselwa, ba bangwe ba ne ba tlontlololwa le go tsenngwa matlho a batho.
Batho ba bangwe ba le mmalwa ba ne ba bolawa.
Bontsi jwa ditiragalo tseno tse di diragetseng ke ditla -morago tsa go itseela molao mo matsogong. Ga re kitla re itlhokomolosa ditiragalo tsa batho ba ba itseelang molao mo matsogong ka fa na geng eno. Seo ke tlolomolao e bile se kotsi.
Jaanong jaaka maemo a boetse sekeng mo mafe long a a neng a wetswe ke leru, mapodisi a rona a phu ruphutsa ditiragalo tsotlhe  tsa botlhokotsebe.
Setlhopha sa matseka se romilwe gore se phuru phutse dikgetse tsa polao mme ba dirisana le baagi mo motseng oo. Go setse go tshwerwe babelaelwa bangwe ba ba latofadiwang ka ditiragalo tseno mme ba tla apara kobo e le nngwe le molao.
Bontsi jwa dikgang tse di mabapi le ditiragalo tsa kwa Phoenix di tletse ka ditiragalo tsa go leka go tlhoboganya merafe. Di tlhotlhelediwa ke melaetsa ya mmaaka a a tse neletseng e e romelwang ke botlhokaina mo mafaratlhatlheng a ditlhaeletsano le  mo mafaratlhatlheng a go romela melaetsa mo ditlhopheng mo gape ba tshosetsang ka gore ba tla ipusulosetsa.
Go na le maiteko a go dira gore seno se tlhagelele e kete go na le dikgogakgogano mo merafeng ya Bana ba Thari e Ntsho le ba maIndia.
Fela jaaka re bone batho bangwe ba dirisa batho ba bangwe ba ba dikobodikhutshwane go dira merusu le go tlisa tlhakatlhakano, le mo ntlheng eno go na le bao ba lekang go tlhagisa ditiragalo tseno tsa bosenyi e kete e ne e le ditiragalo tsa letlhoo la bosemorafe.
Seno ba ka se se bone. Afo rika Borwa ga e a bolo go ema kgatlhanong le bosemorafe e bile badiri mo nageng eno ba ipopile ngatana e le nngwe e tswa ba tswa mo merafeng e e farologaneng.
 Bana ba Mmala wa Sebilo mmogo le ba maIndia e sa  le ba ipopa ngatana mo motsing wa puso ya tlhaolele,  e bile bona mmogo le ba merafe e mengwe le  gompieno ba santse ba eme ka le lereng ba batla go nna le setšhaba se e  leng ngatananngwe se se dumelang mo temokerasing.
Mo go samaganeng le matshosetsi a a leng teng le go se tshepane, baagi ba kwa Phoenix mmogo le baagisani ba bona mo motseng wa Bha mbayi, Zwelitsha le wa Amaoti ba samagane le go baakanya tseo di ripitlilweng.
Ba enngwe nokeng ke Foramo ya go Tlisa Kagiso e e theilweng ke batlhankedi ba Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa (SAPS)  ba thusiwa ke baeteledipele mo metseng eno, baagi go tswa mo metseng eno ba kopane go thusa bao ba ami lweng ke ditshupetso tseno le go dira gore ba buisane ka seno.
Mafelo ano ga se ona fela a a amilweng ke dikgwetlho tseno ka fa nageng.
Maitlhomo a rona a go aga mafelo a batho ba merafe e e farologaneng ba ka  nnang mo go ona a gwetlhwa ke seo puso ya tlhaolele e se dirileng mmogo le dikgwetlho tsa go tlhoka tekatekano tse  di tswelelang go ata.
Diteropo tsa rona, ditero pokgolo tsa rona le mafelo a rona a metseselegae a santse a kgaoganngwe go ya ka gore ke batho ba morafe ofe  ba ba nnang kae le gore  ke ba maemo afe. Seno  se thibela gore go nne le  tirisanommogo le gore  batho ba tlhaloganyane botoka, mme e bile gape seno se kgoreletsa tiro ya rona ya go aga setšhaba se se senang tlhaolele.
Dikgato tsa go baakanya thulaganyo eno ya bodulo e tshwanetse e nne karolo ya rona ya go aga ikonomi e botlhe ba nang le seabe mo go yona gore re kgone go tokafatsa maemo a botshelo a batho botlhe mo nageng ya Aforika Borwa.
Ke ka fao re semeletseng go aga makeišene le metsesele gae e e tla dirang bontle mo ikonoming, mme re sama gane le seno ka go tsepamisa mogopolo bogolosegolo mo go godiseng dikgwebo potlana. Ke ka ntlha ya seo re beeletsang mo mafaratlhatlheng mo mafelong ano le go netefatsa gore re samagana  le go tokafatsa tlamelo ya ditirelo mo go ona.
Le fa go le jalo, re tshwa netse go tobana le tlhaolele mo ditšhabeng tsa borona.
Re tshwanetse go buisana e seng fela ka maitsholo a rona mo bathong ba merafe e mengwe, gape le ka ga seo re se huparetseng re le batho ba merafe e e farolo ganeng.
Fa e le gore re tswelela ka maemo a ga jaana moo batho ba bantsi mo nageng ba  nnang le seo e leng sa bona go ya ka gore ke ba morafe ofe mo Aforika Borwa le gore ke ba bong bofe, ga re kitla re kgona go nna le setšhaba seo go nneng seoposengwe ga sona e leng ga boammaruri.
Seo se diragetseng kwa Phoenix ke matlhotlhapelo a go re gopot sa gore re santse re emetswe ke tiro e kana kang fa pele ga rona mo go direng gore re nne le metse e e nang le batho ba merafe e e farologaneng moo baagi ba yona ba fedisitseng mele lwane e e saleng e tlhomiwa ke puso ya mo malobeng.
Ditiragalo tseno gape di re bontsha ka fao batho ba bangwe ba ikaeletseng go tlisa ditlhobogano magareng ga rona, mme le gore re tshwanetse go dira sengwe le sengwe se re ka se kgo nang go thibela seno go ka diragala.
Ke maikarabelo a rona  rotlhe go ema nokeng baagi banoba kwa eThekwini  le ba bangwe ba kwa mafe long a mangwe jaaka ba samagane le go itshwarelana le go thobana maikutlo.
Temokerasi ya naga ya rona e dirilwe ke batho ba ba  ratang kagiso le bao ba  ratang kgo laganyo ya setšhaba. Banna le basadi ba ba agileng temokerasi eno  ya rona ke ba Mmala wa Sebilo, ba maIndia, ba maKhalate le ba Basweu ba ba neng ba itomile sesino go itshwarelana go na le go ipusulosetsa, ba ba  neng ba batla gore go rene kagiso go na le gore go nne le dintwa.
Jaaka re santse re sama gane le go theosa matshwafo  go tswa mo ditiraga long tseno tse di dirage tseng ka fa nageng tse di re roromisang kale tshogo, tla re emeng re le ngatananngwe.
 Tla re se itlhaetseng matlho go ya ka seo re farologa neng ka sona mme re dire  tse di molemo tse re utlwa nang ka tsona.
Tla re direng mmogo mme re age bokamoso jo bo tla re tswelang mosola jo mongwe le mongwe wa rona a tla unngwelwang ka go lekana mo go bona.