SANDF e lwantshana le  COVID-19

More Matshediso 

Sesole sa Tshireletso ya Naga ya Aforika Bo rwa (SANDF) se thu sana le porofense ya Gau teng go lwantsha Bolwetse jwa Leroborobo la Mogare wa  Corona (COVID-19), jaaka e we tswe ke leru la lekhubu la  boraro.
Masole ano a thusa ka go dira matšhwiti a baagi diteko, go ba lekola le go gata motlhala bao  ba kopaneng le bao ba tshwa  ditsweng, mme e bile gape ba thusa le mo dipetlele.
Batlhankedi bano ba Tirelo ya Boitekanelo ya Sesole sa Aforika Borwa ba rometswe mo porofenseng eno go thusana le badiri ba lephata la tlhokomelo ya boitekanelo.
Masole ano a rometswe kwa Sepetleleng sa Dithuto tsa Bongaka sa Chris Hani Baragwanath se se leng kwa Johannesburg.
Jaaka porofense ya Gau teng e na le dipalo tse dintsi go  gaisa tsa batho ba ba nang le COVID-19 ka ntlha ya lekhubu leno la boraro, sepetlele seno se ne sa bewa mo maemong a ntlha  a go thusa balwetse mo porofenseng mme se thusa  fela balwetse ba ba nang le COVID-19.
Pele ba ka rwala marapo, masole ano a entilwe pele gore ba kgone go emelana le bolwetse jono fa ba tsweletse go thusa balwetse ba ba oketsegang le ba ba amoge lwang mo sepetleleng seno.
Molaodi wa masole ano, Mokolonele Fezeka Mabona, yo e leng mooki, a re le ena o thulana ka tlhogo le mogare ono fela jaaka batlhankedi ba bangwe ba sesole seno.
 “Mo masoleng ano go na le baoki, dingaka, baitseanape ba malwetse mmogo le botlhogo putswa ba pabalesego le boitekanelo kwa tirong,” o tlhalositse jalo.
Bontsi jwa baoki bano ba na le makwalo a dithuto tsa baoki a ditekerii, a ditiro tse di farolo ganeng, go tsenyeletsa le tsa  ditiro tse di botlhokwa tsa tlhokomelo ya boitekanelo.
 “Ba bangwe ba baoki bano ba katiseditswe go samagana le dikaro. Rona rotlhe re setse re kile ra dira jaaka baoki ba kalafo, baoki ba pelegiso, baoki ba batlhatlheledi mmogo le  jaaka baoki ba taolo ya thula ganyo ya booki mo maoke long a sesole le a puso,” o tlale leditse jalo.
Masole ano a tshwarisane tiro eno le badiredi ba sepetlele seno ka go tsena ka dinako tse di rulagantsweng, go ya ka dipalo tse  ba itemogelang tsona mo sepetleleng seno. Ga jaa nong masole ano a thusa mo diwa teng di le thataro ka ditirelo tsa tlhokomelo ya boitekanelo.
 “Baoki ba ba leng teng ga jaana mo sepetleleng seno palo ya bona e kwa tlase thata go ka kgona go samagana le dipalo  tse di leng teng ga jaana tsa  batho ba ba lwalang. Go botlho kwa thata gore re dire ka fao re ka kgonang go ba thusa gore re  seke ra nna le mathata a ba lwetse ba ba tlalang mo e bileng ba tshologang kwa mao kelong,” Mabona o tlhalosi tse jalo.
Otlaleleditse ka gore go fitlha  ga jaana tirisanommogo e e leng teng magareng ga baoki ba SANDF mmogo le ba bookelo jono jwa puso e ntse e le e e itumedisang.
Ka ntlha ya dipalo tse di oketsegang tsa batho ba ba  tshwarwang ke COVID-19, go solofetswe gore le malao a bookelo le ona a tla okediwa  go oketsa a le 96 a ga jaana a  leng teng mo sepetleleng seno go se kgontsha go thusa balwetse ba le bantsinyana. 

