Go ema nokeng dikgwebo le badiri

vukuzenzele unnamed

Go simolola le go aga kgwebo go fela jaaka go tlhokomela lelapa.
Go tsaya nako, go tlhoka pelote lele, go tlhoka kemonokeng e  e sa kgaotseng mme e bile gape go tlhoka tlhokomelo e e tse tsepetseng gore e gole e ikemele.
Mo go beng ba dikgwebo ba le bantsi go bona kgwebo e ba e simolotseng e goga boima kgotsa e gapeletsega gore e phutlhame, ke selo se se hutsafatsang thata.
Eno ka bomadimabe ke kgwetlho e dikgwebo ka bontsi tse dinnye le tse dikgolo di  iphitlhelang di tobane le yona, e seng fela ka fa nageng ya rona mme le mo lefatsheng ka bophara, fa e sale re aparelwa ke leroborobo la COVID-19.
Leroborobo leno mmogo le  dikgato tse re di tsereng go thibela go anama ga mogare ono ka bobedi di nnile le seabe se  se sa itumediseng mo di kgwebong.
Mo go samaganeng le leroborobo leno re tsere tshweetso ya go dirisa dikgato tse di nang le bopaki mo dipholi sing le mo seo re se dirang, ka go tseela tlhogong dipatlisiso tsa lephata la saense, go tseela tlhogong kitso le bokgoni mo le phateng la maokelo mmogo le seabe seo leroborobo leno le nnang le sona mo makaleng otlhe a setšhaba. Re tsere tshweetso ya gore re batla go boloka matshelo le ditselatseo batho ba iphedisang ka tsona.
Re ne ra tshwanela ke go lekola seabe seo dikgato tse re di tsereng ka tlhomagano tsa go sekega  nakwana ditiro tsa ka fa na geng se tla nnang le sona mo  ditseleng tseo batho ba iphedisang ka tsona, gonne fa re sa dire jalo re tla iphitlhela re wetswe ke leroborobo la bobedi le le setlhogo go gaisa e leng la khumanego le tlala  mo isagong.
Kwa tshimologong mo ngwageng yo o fetileng re ne ra diragatsa dikgato tsa go sama gana le matsadi a COVID-19 tsa Sekema sa Nakwana sa go Thusa Bathapi/Bathapiwa (TERS), Sekema sa Madikadimo a Dibanka se se Engweng No keng ke Puso mmogo le dikgato tse dingwe di le dintsinyana go ema nokeng dikgwebopotlana go di thusa ka thuso ya ka gang le ya nakwana go rwalola badiri le beng ba dikgwebo boima jo ba neng ba bo jarile.
Mo godimo ga tsona, dikgato tsa  Madithuso a a Itlhophi leng a COVID-19 go Thusa ba ba  leng mo Tlalelong mmogo le go oketsa megolo ya loago di tswetse batho ba le bantsi molemo mmogo le malapa a le mantsi.
Ka dikgato tseno tsotlhe  re kgonne go thibela ditlamorago tse di sa jeseng diwelang tse di tlang le leroborobo leno ka go thusa gore dikgwebo di le dintsi di se phutlhame le go thusa gore batho ba bangwe gape ba se latlhe gelwe ke ditiro. Dikgato tseno di dirile gore Leano la rona la Itharabologelo le Kagosešwa ya Ikonomi le re le thankgo lotseng ngogola ka kgwedi ya Diphalane le kgone go tsetsepela.
Re ne gape ra diragatsa Letsholo la Maditshegetso a go Tlhola Ditiro la Moporesitente, leo e leng karolo ya leano leno la rona, maitlhomo e le go thusa dimilione tsa bajalefa ba letsholo leno go tswelela go nna le letseno le go ema nokeng ditsela tseo ba iphedisang ka tsona. Ka letsholo leno bašwa ba feta ba le 300 000 ba thapilwe go thusa mo dikolong. Balemirui ba ba potlana ba feta ba le 100 000 ba kwadisitswe mo sefalanatshedimosetsong sa ntlha sa  fa e sale sa motshwananosi mo ba fitlhelelang thuso ya botegeniki teng.Bašwa ba bangwe gape ba feta ba le 30 000 ba neetswe ditšhono mo lekaleng la setso, la botaki le la metshameko. Bašwa ba ditiro tsa seporofešenale bona ba neetswe ditšhono mo leka leng la tlhabololo ya mafara tlhatlha, mo lekaleng la tlhokomelo ya boitekanelo, mo lekaleng la tlhokomelo ya tikologo le mo makaleng a mangwe a le mantsi.
Go na le matshwao a a bo ntshang gore ikonomi ya rona e tsweletse go itharabologelwa, mo re bonang kgolo le ditiro di tlhodiwa mo makaleng a le mantsinyana a a jaaka la tlha gisodikuno le la meepo mmogo le la temothuo.
Mme go ntse go le jalo re a itse gore 'kgangkgolo' ke gore re ema nokeng jang badiri  le beng ba dikgwebo ba ba  nang le sebaka sa ngwaga le halofo ba rwele boima, mme ba ne ba solofetse gore jaanong dilo di tla fetoga ka dilo di ne di bontsha di boela sekeng ka iketlo mo ikono ming.Ka ntlha ya ditshwaetso tse di ragetseng kwa godimo go latela go runya ga mogare wa Delta re ne ra gapeletsega go gaga matsa dikiletso mme gareng ga tse dingwe re gagamaditse tsa metsamao ya batho, ra gagamatsa tse di amang dikgwebong dingwe mmogo le tse di amanang le go bokana ga batho.Ditshweetso tseno di ne di se moroba go tseewa, re ne gape  ra lebelela le ka fao di tla  amang ditsela tseo batho ba iphe disang ka tsona.
Fela jaaka re dirile fa leroborobo leno le ne le simolola, re ne ra nna fatshe le maphata otlhe a a amegang e leng a badirisa nimmogo mo mererong ya loago, a kgwebo, a mekgatlho ya badiri le a mekgatlho ya baagi mme  ra bontshana gore ke dikgato dife tsa matlole tse re ka di dirisang go ema nokeng batho ba ba leng mo tlalelong mmogo le  dikgwebo tse di leng mo  tlalelong.Mo dintlheng tseo di tšhotlhilweng kwa Lekgotleng la Naga la Tlhabololo ya Ikonomi le Ditiro (NEDLAC) kwa bokhutlhong go dumelanwe gore se se ka kgonegang go diragadiwa ka bonako mo dikgatong tsa go thusa ka  matlole go imolola bao ba rweleng boima ka ntlha ya ditlamorago tse di renang ga jaana ke go atolosa nako ya go nna mo tirisong ga sekema sa COVID19 TERS go tswelela go thusa makala a a amilweng ke dikiletso tsa kgato e e lekotsweng sešwa ya bone.
Go ema nokeng dikgwebo tseo dilaesense tsa tsona di feletsweng ke nako magareng ga paka ya Mopitlwe 2020 le Seetebosigo 2021, re atolosa nako ya tsona gore di dumeletswe go tswelela go dira ka dilaesense tseo go fitlha ka la bo 31 Sedimonthole 2022.
Mo godimo ga seno, dilaesense tsotlhe tse di rebolwang ka la bo 1 Phukwi le tsona di tla felelwa ke nako ka la bo 31 Sedimonthole 2022, e bile ba ka se duedisiwe dituelelo tsa dilaesense.
Re na le sebaka sa go feta ngwaga go tloga mo ngwa geng o o fetileng re samagane le dikgato tsa go boloka ditiro tsa badiri ba ditiro tsa bona di sa tshepiseng, bogolo jang mo ditirong tsa makala a a amegi leng tota a a jaaka lekala la mabentlele, dijo le dino mmogo le intaseteri ya tshipi. Ka dithulaganyo tse di dirilweng ke Khomišene ya Thuanyo, Tsereganyo le Katlholelo (CCMA) go kgonnwe go boloka ditiro tse dingwe di ka nna 58 000.
Jaaka go sa bontshe gore lerobo robo leno le tla fela mo na kong e e sa fediseng pelo,  dikgwebo le badiri ba tswelela go nna mo tlalelong.Ke ka ntlha ya tirisanommogo e re nnileng le yona maga reng ga puso, dikgwebo le mekgatlho ya badiri mo re kgo-nneng go fokoletsa badiri le dikgwebo boima jwa mathata a ditšhelete jo ba neng ba bo rwele ka ntlha ya leroborobo leno.
Se se kwa setlhoeng ga  jaanong ke go netefatsa gore  re boloka matshelo a batho  le go ema nokeng ditsela tseo ba iphedisang ka tsona, ka go dira seo re ka se kgonang go thusa gore dikgwebo tse dingwe gape di se phutlhame le batho ba bangwe ba le bantsi ba se fele-lwe ke ditiro.Fela jaaka re dirile ka sekema  sa COVID-19 TERS, puso  e ikemiseditse go tšhotlha kgang eno le lephata la kgwebo  le mekgatlho ya badiri gore go fitlhelelwe ditharabololo mo nakong eno e e boima e re tshwanetseng go boloka matshelo a batho le ditsela tseo ba iphe disang ka tsona. 