Go thibela bogodu jwa makwaloitshupo 

Kgaogelo Letsebe

Shenki Mabitsela, wa dingwaga di le 28, o itse sentle bogodu jwa makwaloitshupo le bosenyi jo magodu ano ba bo dirang ka makwalo ano, ka le ene a kile a wela mo mathateng ano.
Mabitsela, wa kwa mo tseng wa Modimolle kwa Limpopo, o ne a adima madi kwa bankeng nngwe ka Ngwanaitseele 2020, mme o ne a gagamadiwa ke fa ba mo raya ba re o tsene ka tlhogo mo dikolotong e bile ba ka se kgone go mo thusa. “Ke ne ke etse go dira kopo ya thuso ya nakwana ka madi gore ke kgone go iphepa ka ke ne ke feletswe ke tiro ka Seetebosigo 2020. Ke ne ka gakgamala thata fa ba ne ba re ba ka se kgone go nthusa. “Kwa tshimologong ke ne ke ithaya ke re gongwe ke ka ntlha ya gore mogolo wa me o ne o sa tsene ka tlhomamo, mme go ne go se jalo. Ke ne ke itse gore ke na le sekoloto se le sengwe fela sa diaparo, ka jalo ke ne ka ba kopa go nnela kgatiso ya setlankana sa dintlha tse ba nang le tsona ka ga nna,” o ne a tlhalosa jalo.Mo setlankaneng seno Mabitsela o ne a bona gore o na le dikoloto di le pedi tsa megala ya seatla, sekoloto sa banka sa go adima madi a le kanaka R65 000 mmogo le dikoloto tse dingwe mo mabentleleng a le mmalwa. Dikoloto tsotlhe tsa gagwe di ne di ka dira R100 000. “Mo pakeng ya pele re tsena mo maemong a botlhano a dikgato tsa go seke ga nakwana ditiro tsa ka fa nageng, ke ne ka latlhegelwa ke lekwaloitshupo la me. Ke ne ke ithaa ke re le felo gongwe kwa ntlong mme ka jalo ke ne ka sa tshwenyege go le kalo ka ke ne ke dirisa karata ya boitshupo,” o tlhalosa jalo.Morago ga go elelwa gore go mongwe yo a bulang dikoloto ka leina la gagwe, Mabitsela o ne a tlhatlhela kgetse ya bogodu jwa ma kwaloitshupo kwa Tirelong ya Sepodisi sa Aforika Borwa (SAPS). O ne a tshwanelwa ke go tlatsa afidabiti mo a tlhalosang gore o latlhegetswe ke lekwaloitshupo la gagwe mme morago a le isa kwa mabentleleng otlhe a go dirilweng dikoloto mo go ona ka leina la gagwe gore a se mo senye leina. Se Mabitsela a fetileng mo go sona ga se motlholo. Go ya ka Pegelo ya Ditirelo tsa Thibelo ya Bogodu mo Aforika Borwa (SAFPS) ya ngwaga wa 2020, mo ngwageng o o fetileng bogodu bo tlhatlo gile ka 161% mo porofenseng ya Kapa Botlhaba le ka 120% mo porofenseng ya Gauteng. Manie van Schalkwyk, Mokaedikhuduthamaga wa SAFPS, a re: “Bogodu jo bo tlhobaetsang ke jwa batho ba ba itirang batho ba bangwe – bogodu jo bo itsegeng thata ka gore ke jwa ma kwaloitshupo – ka bo tlha tlogile ka palo e e tshosang e e kanaka 337%.” Van Schalkwyk a re motho yo a latlhegetsweng kgotsa yo a utsweditsweng lekwaloitshupo kgotsa lekwalo la mosepele o tshwanetse go begela sepodisi ka ga seno ka ponyo ya leitlho. “Go begela SAFPS le SAPS fa o latlhegetswe kgotsa o utsweditswe tokomane ya mothale ono go tla re thusa go tsenya dintlha tseno ka bonako mo sefalanatshedimosong sa rona le go loma badirisi ba sefalana seno tsebe. Seno se tla ba thusa go nne kelotlhoko fa ba tlho tlhomisa boammaruri jwa ditokomane tsa motho.”  

