Dikgwebo tsa Puso e tshwanetse e nne tsona tse di gogang kwa pele kgolo le phetolothefosano mo ikonoming

vukuzenzele unnamed

E setse e le dingwaga jaanong  Dikgwe bo tsa Puso ya Aforika Borwa (di-SOE) mo setšhabeng di bapanngwa le ditiragalo tsa go goga puso ka nko, tirisobotlha swa ya madi a ditheo tseno le go tlhoka maikarabelo.
Mo godimo ga go tlhoka go inolwa mo dikolotong gangwe le gape ke puso, tse dingwe tsa ditlamo tseno tsa puso tse dikgolo le tse di botlhokwa mo nageng di ntse di goga boima mo go diragatseng maikarabelo a tsona.Dikgwebo tseno tsa puso e tshwanetse gore e nne tsona tse di gogang kwa pele diphetogo mo mererong ya ikonomi le ya loago. Maikara-belo a tsona ke go tlamela ka mafaratlhatlha le ditirelo tseo ikonomi e itshetlegileng ka tsona, go sa kgathalesege gore ke mo lekaleng la tlhagiso ya motlakase, mo le-kaleng la dinamelwa, mo lekaleng la tlamelo ka metsi, mo lekaleng la dijanaga tse di rwalang dithoto kgotsa mo lekaleng la mafaratlhatlha a ditlhaeletsano.Ditsela tse re di dirisang mo taolong ya dikgwebo tsa puso di ikaegile ka go dira gore letlotlo la diintaseteri tse re nang le tsona di nne mosola, tse di jaaka tsa motlakase le tsa kwa mabopong a go tsena le go tswa ka fa nageng, le ka go dira gore ditlhokwa tsa botlhokwa tse maAforika Borwa o tlhe a di tlhokang, bogolosegolo ba ba dikobo dikhutshwane, ba a di fitlhelela.Re dumela ka botlalo gore ke selo se se botlhokwa go dira gore puso e nne le dithoto tseo e leng tsa yona mo makaleng a a botlhokwa a ikonomi le gore mo nageng re tlhoka go nna le dikgwebo tsa puso tse di bogatlhamelamasisi gore di tle di fetole batsholateu mo ikonoming le go e godisa.Seno se botlhokwa thata mo ditlhagisiweng tsa setšhaba tse di jaaka metsi le motlakase, mo dikgwebo tsa puso di salang morago mai-karabelo a go tlisa tlhabologo mo baaging go na le a go batla go dira kgwebo fela.Ka ntlha ya seno puso e beile kwa setlhoeng dikgato tsa go fetola ka fao ditlamo tseno di ntseng di dira ka gone gore e utolle bonweenwee, e tokafatse ka fao di busiwang le go di kgontsha gore di kgone go diragatsa maikarabelo a tsona a go godisa ikonomi le go tlhola ditiro.Mo go diragatseng seno, re setse re simolotse go diragatsa dikgato di le dintsinyana tsa go fetola batsholateu tse di tla gagamatsang dikgwebo tseno tsa puso gore di tle di diragatse seo naga eno e se solofetseng mo go tsona. Tse dingwe tsa diphetogo tseno di diriwa mo lekaleng le le botlhokwa la motlakase. Re setse re simolotse go fetola setheo sa Eskom go se arola go nna dikgwebo tse di farologaneng di le tharo tsa puso mo setlamo sengwe se tla nnang sa phetlho ya motlakase, se sengwe ya nna sa tsamaiso ya motlakase fa sa boraro e tla nna sa kabelano ya motlakase. Seno ke ka ntlha ya gore setlamo sa mo malobeng sa Eskom se ne se rulagantswe ka tsela e e sa kgoneng go emelana le diphetogo mo lephateng la motlakase. Se ne se sa tlhole se le mosola e bile se ne se tlhoka madi a a boitshegang go se laola e bile se ne se tletse lehunelo.Fa re bua fela ka go tlhoma setlamo sa tsamaiso ya motlakase se le esi go tla raya gore Eskom e tla kgona go ithekela motlakase mo batlhagising ba bangwe ba le bantsi ba ba farologaneng mo makaleng ka bobedi e leng a poraefete le a puso. Seno se tla dira gore lekala leno le tlhoke lehunelo, mo lekaleng leno go nne le botswapelo le matsetseleko le go rotloetsa gore setlamo seno se reke motlakase o o sa bitseng go le kalo mo pataneng. Ka Letsholo la Batlhagisi ba ba Ikemetseng ba Motlakase o o Ntšhwafaditsweng, lekala la poraefete le setse le dirile dipeeletso tse di boitshegang mo lephateng la phetlho ya motlakase. Kantlha ya dikarolo tsa ga jaana tse di tshitshinyang gore batho kgotsa ditlamo di se gapelediwe go nna le dilaesense tsa go itlhagisetsa motlakase o o kana ka mekawate o le mongwe go fitlha ka dime-kawate di le lekgolo, jaanong re ka solofela gore dipeeletso mo makaleng a poraefete a go tlhagisa motlakase di tla oketsega. Ntlha eno e botlhokwa thata jaaka naga e santse e retelelwa ke go tlamela ka motlakase o o sa tshabeng le jaaka Eskom le puso ba santse ba palelwa ke go beeletsa mo matsholong a mašwa a phetlho ya motlakase.Se se botlhokwa go gaisa ke gore diphetogo tseno di tla thusa Eskom gore e kgone go samagana le dikgwetlho tse di leng teng mo matloleng a yona le mo taolong ya yona.Diphetogo tse dingwe gape tse di botlhokwa ke mo go tlhomeng Bothati jwa Maemelakepe a Bosetšhaba jo bo tla ikemelang jo bo tla nnang ka fa tlase ga taolo ya Transnet.Diphetogo tseno di botlhokwa mo leanong le legolo la Transnet la go fetola mafaratlhatlha a rona a go rwala di-thoto. Transnet e ikemiseditse go beeletsa madi a le kanaka R100 bilione mo dingwageng tse di tlang di feta di le tlhano go tlhabolola mafaratlhatlha a yona mo mafelong a yona otlhe a boemelakepe a go tsenya le go ntsha dithoto ka fa nageng. Seno se tla thusa mafelo ano gore a kgone go dira ka botswapelo le ka matsetseleko le go unngwela ikonomi ya rona yotlhe.Seno se tla tswela moreki molemo ka se tla dira gore ditlhwatlhwa tsa dilo tse di rekisiwang di rekisiwe ka tlhwatlhwa e e kwa tlase mo nakong e e tlang. Mme barekisi ba ditlhagisiwa tsa ka fa nageng kwa dinageng tsa boditšhaba bona ba tla iponela molemo ka seno se tla ba naya ditšhono tsa go rekisetsa mebaraka e megolo mo lefatsheng ka bophara.Fa ditlhagisiwa tsa naga ya rona tse di rekisediwang dinaga tsa boditšhaba di tswelela go gola, ikonomi ya rona le yona e tla kgona go gola le go tlhagisa ditšhono tse dingwe tsa ditiro. Fa re ka kgona go oketsa mafelo a rona a boemelakepe ikonomi yotlhe ya naga ya rona le yona e tla re tswela mosola – mme fa ditirgalo mo boemelakepeng jwa rona di tswelela go oketsega, ditiro le tsona mo mafelong ano le tsona di tla tswelela go tlhodiwa.Dikgato tsa go tlhoma Bothati jwa Maemelakepe a Bosetšhaba ka fa tlase ga taolo ya Transnet jo le bona bo nang le boto ya jona, gareng ga tse dingwe, di tla dira gore matlole a a diriwang ke mae-melakepe ano a dirisediwe go reka didirisiwa tse dintšhwa go tsena mo legatong la tse di robegang le go tlhabolola le go oketsa mafelo ano, e leng tiro e e sa bolong go salela morago thata ka sebaka sa dingwaga di le lesome tse di fetileng. Gareng ga tse dingwe di le dintsi, diphetogo tseno di tla tlhotlheletsa lekala la poraefete go beeletsa ka makatlanamane mo mafaratlhatlheng a ikonomi ya naga. Batho ba bangwe ba ngongoregile gore dikgato tseno di tla tseela puso maatla kana go nyeletsa mosola wa dikgwebo tsa puso. Boammaruri ke gore seno ga se nnete.Diphetogo tseno di tla netefatsa gore mafaratlhatlha a a botlhokwa a tswelela go nna mo diatleng tsa puso ka botlalo, dikgwebo tsa puso ya naga ya rona di tla nna le mosola thata mo go emeng nokeng diintaseteri tseo di di tlamelang ka tshegetso gore di kgone go dira ka botswapelo le ka matsetseleko. Mme fela jalo ka go lekana diphetogo tseno di tshwanetse go tswela dikgwebo tseno tsa puso mosola gore di kgone go dira-gatsa maikarabelo a tsona a magolo a go tlisa tlhabologo ka go ema nokeng baagi botlhe ka fa nageng mmogo le ikonomi ya rona.Lefoko le re santseng re eme ka lona ke gore dikgwebo tsa puso di tshwanetse go nna le seabe se segolo mo go tliseng tlhabologo e e tla emang nokeng kgolo ya ikonomi ya rona. Tiro ya rona ke go dira gore dikgwebo tseno di nne mo maemong a a ikemetseng gore di tle di tswele mosola batho bao di tshwanetseng go ba tswa thuso e leng batho ba naga ya rona ya Aforika Borwa.
