Mo marigeng ano dirang bonnete jwa gore ga le fisiwe ke molelo

Allison Cooper

Jaaka mariga a tsena batho ba tlhoka go ikomosa, mme seno se tlhola dikotsi tsa go fisiwa ke dikerese, melelo, ditofo, dihitara le metsi a a belang.  “Dipalo tsa batho ba ba fisiwang ke molelo mo marigeng di tlhatloga ka bontsi ka jalo batsadi le ba tlhokomedi ba bana ba tlhoka go ntsha matlho dinameng go netefatsa gore bona le bana ba bona ba babalesegile,” ga rialo Ngaka Gary Dos Passos.Ngaka Dos Passos ke Tlho go ya Yuniti ya Dikgobalo tsa Molelo mo bookelong jwa Red Cross War Memorial Children’s Hospital (RCWMCH) mme e bile gape ke tokololo ya Komitikhuduthamaga ya Mokga tlho wa Aforika Borwa wa Dikgobalo tsa Molelo.Le fa tota dikotsi tsa molelo go sena gore re ka di tshabela, go na le ditsela di le dintsi tse re ka tilang dikgobalo tseno ka tsona mme tsona ke go ntsha matlho dinameng, batsadi ba nne le tlhokomelo e e tlhokegang le ka go itlho komela.“Dikgobalo tsa go fisiwa ke molelo di tlhola matsapa a a seng kana ka sepe mme mabadi a dikgobalo tseno mo mmeleng le mo tlhaloganyong a nnela ruri mo bathong ba ba fetileng mo dikgobalong tseno le mo go ba malapa a bona,” ga rialo Ngaka Dos Passos.
Go thibela go fisiwa ke moleloKa fa ntlong o ka thibela dikgobalo tsa molelo. Buisa dikgato tse di latelang tsa go go tlhaba botlhale ka ga seno:
• Beela kgakala mokgwaro le matlhokwana, dilaetara, ditlhotlhi tsa molelo tse di jaaka peterole le parafene, dikerese, gase mmogo le lebone le hitara tse di tlhotlhiwang ka pa rafene. • O seke wa latlhela ditlho tlhi tsa molelo mo kgabo ng ya molelo. Seno se ka tlhola kotsi e kgolo thata. • O se tlogele bana go tsha mekela gaufi le lebone  kgotsa hitara tse di dirisa ng parafene kgotsa gase. • O seke wa apaya o kukile ngwana kgotsa wa tlogela bana ba le bang mo phaposiboapeelong.• Netefatsa gore ketlele e beetswe kgakala mo bana ba ka se e fitlheleleng. Fa go kgonagala dirisa ketlele e e senang mogala.• O seke wa kukana le kane ya go bedisa metsi kgotsa pitsa e e nang le metsi a a bedileng gaufi le bana.• Fa o baya dipitsa mo isong netefatsa gore megokgo ya tsona e furaletse bokwantle jwa setofo.• Tlhomela kerese mo galaseng e e tshetsweng mmu gore fa go ka diragala gore e we mmu oo o kgotholele mo go yona mme o e time.• O seke wa tima kgabo ya molelo ka mmu. Molelo o kgona go batalala ka fa gare ga mmu sebaka sa diura di le dintsi. • Fa o tshela metsi a go tlha pa mo bateng simolola ka go tshela a a tsididi mme morago o a tswake ka a a bolelo. Ka gale utlwe lela bothitho jwa metsi a go tlhapa ka go tsenya sejabana mo go ona pele o ka tsenya dikarolo tse dingwe tsa mmele.Fa o ka iphitlhela o aparetswe ke kgabo ya molelo mo mmeleng, o seke wa taboga, itatlhele fa fatshe mme o pitikoge gore molelo o time.“Fa o ka fisiwa ke kgabo ya molelo, metsi a a belang kgotsa motlakase mme wa kgona go tima molelo oo, mogote wa molelo ona o tla tswelela go fisa dithišu tsa mmele wa gago mo di nthong tse di go tswileng. “Tima mogote ono ka go itshela ka metsi a a tsididi mo dinthong tseno sebaka sa metsotso e le 20. O seke wa ipaya di-ice, wa itshela ka metsi a di-ice, wa itlotsa ka botoro kgotsa ditlotsi tse di nang le mafura mo nthong ya molelo,” ga rialo Ngaka Dos Passos.
