Bašwa ba botlhokwa thata mo go rona

vukuzenzele unnamed

Ka Seetebosigo 16 1976, bašwa ba kwa Soweto le mafelo a mangwe ka fa nageng ba ne ba duba merusu go ipelaetsa kgatlhanong le Thuto ya Bathobantsho e e neng e sa tshwane le ya merafe e mengwe.
Ka letsatsi leo le mo matsatsing a a tla latelang, batho ba bantsi ba ne ba latlhegelwa ke matshelo a bona. Ba ne ba bolawa ke puso e e neng e sena sepe le botshelo jwa mothomotsho e bile go ne go se sepe se ba boneng e le phoso fa ba ne ba budulela dikolo mo mebeleng ya bana ba sekolo ba ba neng ba apere diaparo tsa sekolo e bile ba sa tlhomela.Ditiro tsa mothale ono di ne tsa gagamatsa maikutlo a dinaga tsa boditšhabatšhaba kgatlhanong le puso ya tlhaolele mme seno se ne sa naya maatla kgaratlhelo ya kgololesego.Bašwa ka gale ke bona ba gogang kwa pele ditshupetso mo mererong ya loago, go tlo-ga mo ditshupetsong tsa kwa Latin America ka dingwaga tsa bo 1950, go tsenyeletsa le ditshupetso tse di neng di diragala go ralala le Aforika kwa bokhutlhong jwa dingwaga tsa bo 1960.Hisetori e rekotile ka botswapelo seabe seo bašwa ba 1976 ba nnileng le sona mo megwantong ya boditšhabatšhaba ya baithuti le dikgato tsa bona tsa go ema kgatlhanong le go tshwarwa makgwakgwa.Tiragalo eno ya hisetori e e diragetseng mo dingwageng di le 45 tse di fetileng e santse e ketikiwa mo kontinenteng ya Aforika le mo lefatsheng ka bophara.Ka jalo go a gagamatsa gore kitso ka ga ditiragalo tsa June 16 e a nyelela mo bašweng ba naga ya Aforika Borwa. Seno se diragala bogolosegolo mo bašweng ba ba ipitsang gore ke Generation Z, bano ke bašwa ba ba belegweng magareng ga dingwaga tsa 1997 le 2015.Dipatlisiso tsa Aforika Borwa  tsa Kitso le Maitsholo mo Mererong ya Loago tsa ngwa-ga wa matlole wa 2019/2020 tse di phasaladitsweng ke Lekgotla la Dipatlisiso tsa Saense le Batho (HSRC) di ribolotse gore mo bašweng bano, 40% ya bona ga e itse sepe ka ditiragalo tseno e bile ga ba ise ba utlwele sepe fela ka ga tsona. Ba bangwe gape ba phesente e e tshwanang le yona eo ba utlwetse ka tsona mme ba na le kitso e e potlana thata ka ga tsona.Le fa go le jalo, dipatlisiso tseno gape di ribolotse gore bašwa bano ga ba kgatlha-nong le go ithuta ka kitso e e botlhokwa ya hisetori e bile ba dumela gore e botlhokwa e bile e tla tswelela go nna botlhokwa.Re le naga re tshwanetse go tsaya matsapa go netefatsa gore molaetsa wa ditiragalo tsa 1976 o fetisetswa kwa bathong ba bangwe ka botswapelo.Ano ke maikarabelo a rona rotlhe re le puso, dikolo, ditheo tsa thuto e kgolwane, batsadi, malapa le masika, baopedi, badiragatsi le botlhe mo setšhabeng.Bašwa ba ba belegweng morago ga go phutlhama ga puso ya tlhaolele ba iphitlhetse ba le ka fa gare ga puso ya temokerasi e e nang le Molaotheo mo ditshwanelo tse di botlhokwa di tsewang tsia.Ditšhono tse bašwa ba mmala wa sebilo ba gompi-eno ba nang le tsona di farologane thata le tsa ba mo nakong e efetileng e bile di tokafaditswe thata. Go tswelela go ruta bašwa ka ditiragalo tseno tsa June 16 ke segopotso mo bašweng ba gompieno gore bašwa ba mo malobeng ba ikentshitse setlhabelo go le kanakang gore bašwa ba gompieno ba utlwe monate wa kgololesego.Letsatsi la go Keteka Mosola wa Bašwa ke segopotso sa gore bašwa ba na le maatla a le mantsi bokanakang le gore ba mo lebelong le le kanakang fa go tla mo go direng gore bokamoso jwa bona bo tokafale.Dikgwetlho tse bašwa ba tobaneng le tsona mo nageng ya Aforika Borwa di thiba letsatsi. Bašwa ga ba bolo go gapa kwa pele dikgato tsa go lwela ditshwanelo, go sa kgathalesege gore di mabapi le go lwela thuto ya mahala kgotsa go ema kgatlhanong le maitshwaro a a bodileng a tirisodikgoka e e totileng batho ba bong jo bo rileng (GBV).Gompieno ntwa e kgolo eo bašwa ba tobaneng le yona e kgatlhanong le botlhokatiro, jo ga jaanong bo tswileng mo taolong fa e sale leroborobo leno la COVID-19 le runya ka fa nageng.Tiro e e kwa setlhoeng mo pusong eno ke go tlholela bašwa ditšhono tse dintsi tsa ditiro le go dira gore bašwa bano ba fitlhelele ditšhono tseo.Sengwe le sengwe se re se dirang re le puso se na le seabe mo go tokafatseng matshelo a bašwa. Gore re kgone go samagana le botlhokatiro mo bašweng re tlhoka go godisa ikonomi ka lebelo, bogolo jang mo ditirong tse di tlhokang batho ba bantsi, mmogo le go aga bokgoni mo pusong gore e kgone go diragatsa maikarabelo a yona a go tlisa tlhabololo.Re samagane le ntlha eno ka go ipeela dipeelo. Tsone di tsenyeletsa Letsholo la Ma-ditshegetso a go Tlhola Ditiro la Moporesitente, le ga jaana le setseng le tlametse bašwa ba le bantsi ka ditšhono tsa ditiro le go tshegetsa le ka fao ba iphedisang ka teng.Re thankgolotse dikgato di le dintsinyana tse di farologaneng tsa go tlhola ditšhono, ra tlhabolola katiso ya bokgoni, ra ema nokeng baitlhamedikgwebo ba bašwa le go kgontsha bašwa go nna le seabe ka botlalo mo ikonoming.Dikgato tseno di tsenyeletsa tsa go tsenya tirisong Thu-laganyo ya Naga ya Taolo ya Dithulaganyo mmogo le Letsholo la Bašwa ba Aforika Borwa e leng se se tla nolofatsang dikgato tsa bašwa tsa go bona le go iponela ditšhono le go iponela tshegetso e e maleba ya go ka iponela ditiro.Tseno ke tse dingwe tsa dintlha tse di botlhokwa mo Letsholong la Moporesitente la go Bulela Bašwa Ditiro, leo le thankgolotsweng dibeke di se kae fela pele re welwa ke leru la go sekega nakwana ditiro tsa ka fa nageng mo ngwageng o o fetileng mme ga jaanong letsholo leno le diragadiwa ka botlalo.Letsholo la Moporesi-tente la go Bulela Bašwa Ditiro le dirilwe go lebeletswe gore go samaganwe le matsapa a botlhokatiro ao bašwa ba tobaneng le ona. Go tla tlhoka gore go diragadiwe megopolo e e iseng e bonwe mmogo le go dirisana le badi-risanimmogo ba ba ikgonang mo setšhabeng.Maitlhomomagolo a letsho-lo leno ke go tlhagisa dithula-ganyo tse di nang le mosolo, e ka tswa e le tsa tlhabololo ya bokgoni kgotsa tsa dipholisi tsa ditiro, mmogo le go dira-gatsa seno ka lebelo gore di thuse bašwa ka bontsi jo go ka kgonagalang.Sa botlhokwa go gaisa ke gore letsholo leno la re bašwa e tshwanetse e nne bona ba ba tseelwang kwa godimo mo dikgatong tsotlhe tsa go thapa bašwa. Bašwa ba botlhokwa thata e bile gape ke bona ba ba mosola thata mo go lwantshaneng le matsapa ano.Re akgola kakatlelo ya mošwa yo mongwe le yo mongwe ka go nna le seabe mo go ageng le mo go tlhabo-loleng naga ya rona.Bano ke bašwa ba ba ithao-pang go thusa mo metseng ya rona, ke bona ba ba agang naga ya rona ka go nna le seabe mo Letsholong la Ma-ditshegetso a go Tlhola Ditiro la Moporesitente, ke bona ba ba itshimoletseng dikgwebo le bao ba yang dikolong go oketsa kitso ya bona.Bano ke bašwa ba ba ikagelang bokamoso jwa bona mmogo le jwa ba malapa a bona.Re akgola bašwa ba ba tsweletseng go nna mo diti-rong tseo ba di dirang gore ba kgone go tokafatsa matshelo a bona. Bašwa ba diragatsa tiro ya bona; go setse puso le setšhaba ka bophara gore le tsona di tsenye letsogo.Naga ya rona e rwele boima, fela re dira bosigo le motshe-gare gore re tlise tsholofelo mo baaging ba naga ya rona.Re bona kgolo e e iketlileng mo ikonoming ya rona, e bile re itse sentle gore seno se tla tlisa ditšhono tse di botoka tse di tla tswelang botlhe molemo. Tiro ya rona ga jaana ke go netefatsa gore bašwa ba ithulagantse e bile ba na le bokgoni jwa go iponela ditšhono tseno le go itirela ditšhono tseno ka bobona.
 