
Ditoro tsa baagi ba Tafelkop di a diragadiwa

Vukuzenzele unnamed

Setlhopha sa balemirui ba kwa Tafelkop kwa Groblersdal, Li mpopo,ke beng ba le fatshe la diheketara di le 189, leo ba ntseng ba lema mo go lona sebaka sa dingwaga di le 25.
Moporesitente Cyril Rama phosa o neetse balemirui bano ba le 30 makwalobopaki a gore ke bona beng ba lefatshe leno morago ga gore Lefapha la Ditiro tsa Puso le Mafaratlhatlha a Setšhaba le abelane ka lona gore le busediwe mo diatleng tsa baagi.Lefatshe leno le na le boleng jwa madi a a fetang  R25.5 milione mme ba le neetse balemirui bano ntle le gore ba le duelele le fa e le sente yo montsho.“Gompieno e tota e le letsatsi le le itumedisang mo baaging ba Tafelkop, mo baaging ba Limpopo, le mo baaging botlhe ba Aforika Borwa.“Gompieno re iponela ka matlho a rona ditoro tsa baagi di diragala. Ke toro e baagi bano ba e diretseng dingwaga di le 25 tse di fetileng go e bona e diragala,” ga rialo Moporesitente mo moletlong wa go neela baagi naga eno.Balemirui bano ba ntse ba lema mo lefatsheng leno fa e sale go tloga ka ngwaga wa 1996.Ba ne ba kwadisa mokgatlho wa bona wa balemirui ba bagwebi ka bo ma1990 ka leina la Tafelkop Farmers Association mme morago ba bolotsa letsholo la go simolola go atlhaatlha ntlha eno le puso.Ka ngwaga wa 2000, Lefapha la Temothuo la naga la nako eo le ne la tsena mo ditumelanong le Tafelkop Farmers Association go ya ka Lenaane la Pusetsodinaga go Beng ba Tsona gore Baagi ba le Dirisetse Temothuo.Ka ngwaga wa 2009, Lefapha la Temothuo la Poro fense ya Limpopo le ne la eletsa Lefapha la Ditiro tsa Puso gore lefatshe leno le neelwe balemirui ba lona.Makwalobopaki ano a ne a kwadisiwa ka maina a balemirui bano sešweng jaana monongwaga.Naga eno ga jaana mo go yona go jadilwe matlhare a motsoko, ditlhatshana tsa letseta mmogo le maungo le merogo.Malapa a le 32 a itshedisa ka lefatshe leno mme e bile gape batho ba ka nna 128 ba neetswe ditiro tsa temothuo tsa go ya go ile mme ba ba ngwe gape ba ba ka fitlhang go 320 ke ba ba thapiwang nakwana.Baagi ba bona phimolakelediMoporesitente o rile baagi bano ba kile ba ketefalediwa botshelo mo dinwageng tse di fetileng mme "ma kwalobopaki ano a madulo a tla phimolakeledi ya baagi bano ba ba iphotlhereng".“Re santse re gakologelwa sentle setlhogo se batho ba motse ono, mmogo le ba bangwe go ralala le naga ya rona, ba se dirilweng fa ba ne ba siiwa ba iphotlhere, ba utswediwa lefatshe le go ntshiwa ka dikgoka mo dinageng tsa bobona.“Re santse re gakologelwa setlhogo se se neng se diriwa mo dipolaseng tseno tsa mono Limpopo, mo baagi ba mo dipolaseng ba neng ba gapelediwa go duelela bonno jwa bona mo dipolaseng ka go direla mong wa polasa ntšwa lefatshe leo e le la bo ntatemogolokhukhu ba bona, mme e bile gape ba kganediwa go ka nna beng ba mafatshe, ke raya gona le go kganediwa go fudisa le diphologolo tsa bona mo mafatsheng ao.”O ne a tlaleletsa gape le ka gore badiri ba kwa dipolaseng ba bathobatsho ba ne ba boga le go jewa ntshu mo porofenseng eno e mo nakong e e fetileng e neng e bidiwa Northern Transvaal.“Re santse re gakologelwa le ka fao puso ya tlhaolele e neng e eme nokeng balemiru ba yona ka go ba tlamela ka ditlhokwa tsa temothuo, thuso ya setegeniki le go ba bulela mejako ya gore go nne bonolo gore ba adime madi gore ba kgone go aga dikgwebo tsa bona, fa balemirui ba ba potlana ba bathoba ntsho bona ba ne ba tlogelwa go wela mo molelong.”Go fetola intaseteri ya temothuoMoporesitente a re kgato eno ya go neela baagi naga e re naya tsholofelo ka  ntlha ya gore e bontsha sentle gore intaseteri ya temothuo e ka fetolwa fa fela go na le tshegetso le ditšhono tse di lekaneng go tswela naga molemo.“Re itumedisiwa ke kgatelopele e re e bonang gonne letsatsi le lengwe le le lengwe Letsholo la rona la Pusetso ya Dinaga le tswelela go gola.“Go fitlha mo motsing ono, puso e setse e buseditse beng ba dinaga dinaga tsa bona tsa bogolo jwa diheketara di le dimilione di le tlhano, e leng bogolo jo bo dirang palogo tlhe ya dipolasa di le 5 500 tseo di buseditsweng mo diatleng tsa bajalefa ba le 300 000.”Go fitlha mo motsing ono, dithulaganyo tsa pusetso ya naga di tswetse molemo badiradikopo tsa pusetso ya naga ba feta dimilione di le pedi mme seno se buseditse beng dinaga di ka dira dihe ketara di le dimilione di le 2.7.“Pusetso ya dinaga ga e diriwe go lebeletswe fela gore re baakanye tlhakantsuke e puso ya mo malobeng e e tlhodileng, re phimole baagi 'keledi le go dira gore re nne seoposengwe. Pusetso eno ya dinaga e tshwanetse gape e tlhabolole ikonomi. Lephata la temothuo le dikgwebo tsa temothuo di tshwanetse go fetola seemo sa ikonomi mo metseselegae,” ga rialo Moporesitente Ramaphosa.Puso e logana le maano a go tlhoma setheo sa go samagana le merero pusetso ya mafatshe le masimo gore se sale morago kgang ya pusetso ya dinaga.“Re sekasekana le dipholisi tsa rona tsa mo malobeng go bona gore di nnile mosola go le kanakang. Ntlha eno ya pusetso ya dinaga re tla e rarabolola ka bonako.”Go siamisa diphoso tse di dirilweng mo malobengMoporesitente o rile puso e semeletse go siamisa diphoso tse di dirilweng ke puso ya tlhaolele le tseo di dirilweng fa puso ya temokerasi e ne e simolola.“Re dira seno go supa tlotla ya rona mo bathong bao ba neng ba tshela le rona; mo go bao e neng e le baagi ba lefelo leno.”Pusetso ya dinaga e bo tlhokwa thata mo go direng gore naga ya rona e se tlhaele dijo go fepa batho ba yona, mo go direng gore botlhe ba nne le seabe mo go ageng ikonomi, le mo go direng gore maAforika Borwa a nne le bokamoso jo bo botoka, Moporesitente o tlaleleditse ka go rialo.Moporesitente o ikuetse mo balemiruing ba kwa Tafelkop gore ba sole lefatshe la bona mosola gore le tswele baagi botlhe molemo.“La gono letsatsi le tlisa boitumelo jo bo seng kana ka sepe mo go nna mo tirong ya me; go bo ke tlile fano ke na le lona go bona dijalo tsa lona.“Ga ke na pelaelo epe mo go nna gore boineelo le matsapa a botlhe ba ba nnileng le seabe e tla nna tsona tse di thusang go dira gore porojeke eno e tswelele go atlela,” o tlhalositse jalo.Monnasetulo wa Tafelkop Farmers Association Jerry Sefoloshe o ne a leboga puso jaaka e dirile gore balemirui ba ba ntseng ba lema lefelo leno sebaka sa dingwaga some tse di fetileng e feletse e le bona beng ba polasa  eno. 
Moporesitente Cyril Ramaphosa o na le balemirui ba kwa Tafelkop, Limpopo, bao sešweng jaana ba sa tswang go abelwa makwalobopaki a gore ke bona beng ba dipolasa tseno tseo ba nang le sebaka ba ntse ba lema mo go tsona.